Poresidente wa Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti

Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti e golanganya maloko a Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti botshelo jotlhe jwa bone, gore ba solegelane molemo le Yunibesiti, maloko a yone a mo isagweng a Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti.

Boikaelelobogolo jwa Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti ke go tlhoma dikamano tse go solegelana molemo fa gare ga Yunibesiti le baithuti ba yone ba maloba gore dilo di tsamaele Yunibesiti sentle mmogo le maloko a mo isagweng a Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti.   Maikaelelomagolo a mangwe ke:

(a)

Go tlhopha maloko a lekgotla tumalanong le serapa 38.

(b)

Go dira gaufi le mafapha a Yunibesiti le go a ema nokeng ka boikaelelo jwa go rotloetsa tsela ya seporofeshenale ya go dira dilo, ya thuto, dikamano tsa loago le tse dingwe fa gare ga baithuti ba maloba le Yunibesiti, le fa gare ga ditlhopha tsa baithuti ba maloba ka bobone;

(c)

go kopana le go tlotla ka kgang epe fela e e lalebana le bokgoni jwa go dirwa ga tiro ya Yunibesiti  lego fetisetsa maikano ape kwa balaoding ba Yunibesiti kgotsa kwa baaging;

(d)

Go nna le bobolokelo jwa tshedimosetso jwa maloko go tokafatsa puisano le go abelana tshedimosetso fa gare ga maloko le Yunibesiti, le go dira pampiri ya go bouta ya ditlhopho tsa maloko a lekgotla.

 

Updated by Irma van Niekerk on 4 November 2014