Komiti ya Ditshwanelo Tsa Botho

Seabe le Maloko

Yunibesiti ya Bokone-Bophrima e lemoga botlhokwa tsa ditshwanelo tse di umakiwang mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo mo Molaotheong wa Repaboliki ya Aforika Borwa wa bo 108 wa 1996, gore mekgwa le ditshwanelo tse di botlhokwa tseno di tshwanetse go tlotlwa le go tshegediwa mo Yunibesiting le gore ga di a tshwanelwa go lejwa e le nngwe ka nako mme di tshwanetse go dirisiwa jaaka karolo e e botlhokwa ya mekgwa le dipholisi tsa mo Yunibesiting.

Komiti ya Ditshwanelo Tsa Botho e ne ya tlhomiwa ke Lekgotla mme e dira e le nosi kwa thoko le kwantle ga kgethololo ep mme e nna le seabe mo ditirong tsa yone ka bokanyegi le kwantle ga poifo, go gobelela, tlhaolele kgotsa kgethololo.

Komiti eno e na le maloko a le 12 a a emelang batho mo Yunibesiting le go emela lotso lwa bone, bong le bogole.

Modulasetulo wa yone ke Mohsina Chenia.

Ikgolaganye le Rona

Maemo a Tiro

Me Irma van Niekerk    

Molala

+27 18 299 4943

Imeili

Irma.VanNiekerk@nwu.ac.za