Kamogelo mo NWU

NWU tour

 

NWU e ikaeletse go dira e le seoposengwe, e le yunibesiti ya dikhamphase tse di kopaneng e e tla tlisang tekatekano, go baakanya diphoso tsa nako e e fetileng le go gaisana le ditheo tse dingwe mo lefatsheng lotlhe ka go ruta le go dira patlisiso mo dikhamphaseng tsotlhe. Ditiro tsa rona tsa konokono, go ruta le go ithuta le go dira patlisiso, di dirwa mmogo le tiro ya go nna le seabe mo baaging le tlhamosešwa mo magorong a rona a a robedi, a bontsi jwa one e leng a baithuti ba ba ithutang ba le kgakala le setheo sa thuto kgotsa ba ba ithutelang mo setheong sa thuto.

NWU ga e tlamele fela ka thuto: re dira gore batho ba nne le bonno mo lefatsheng. Mo dithutong tsa akatemi, baithuti ba solegelwa molemo ke go itirela ditlhopho tse di siameng le go fetofetoga le maemo, go ba thusa gore ba fitlhelele bokgoni jwa bone ka botlalo le go simolola go ipaakanyetsa mekgele ya bone ya botshelo. 

Ka go dirisana mmogo le diyunibesiti le ditheo tse dingwe tsa dinaga di sele, re karolo ya ba ba ithutelang thutogodimo mo lefatsheng lotlhe. Ditiro tsa rona tsa go tlisa dilo tsotlhe ka fa tlase ga taolo ya boditšhabatšhaba di akaretsa go dirisana mmogo ga baithuti le badiri le tirisanommogo mo dithutong, mo patlisisong, mo setsong le mo dikgannyeng tsa metshameko.

Jaaka re rata go opela mo teng ga  Pina ya Bosetšhaba ya Yunibesiti: “Koo ditlhare tsa modubunoka di golang gone le koo tsa mookana di anamisang moriti wa tsone gone, ke koo o tla golang ka kitso…”

 

 

O ka ithuta kae?


Leina le re tlhaolwang ka lone

Kopana le popae ya rona

Rona jaaka NWU, re motlotlo go bo re na le mananeothuto a boleng jo bo kwa godimo a akatemi le a botshelo jo bo tlhagafetseng jwa baithuti. Re akantse ka seo, ga go na letshwao le le botoka la seo go gaisa popae ya rona, e leng Eagi, e e emelang mainakgwebo a NWU e e seoposengwe. Ntsu e na le bokao jo bo siameng mo ditsong tse dintsi. E emela mekgwa e e siameng e e nyalanang sentle le togamaano ya NWU le mekgele ya yone. Togamaano eo e akaretsa katlego, go fitlhelela ditoro tsa rona, bopelokgale, katoloso, ntšhafatso ya botshelo, boeteledipele le kgololesego. Eagi o tshwantshetsa boikemisetso jwa rona jwa go tshela botshelo ka botlhale le go gaisa ba bangwe botlhe. O bontsha talente e re nang le yone ya go bona ditšhono tse di ntšha tsa go di goga kwa pele le go tswelela pele re tokafatsa maemo a rona. Gape Eagi o tshwantshetsa botlhokwa jwa go tsenya tirisong mekgwa e e siameng mo go sengwe le sengwe se re se dirang, le go bontsha gore NWU e rotloediwa ke mekgwa e e siameng.

20

 


Mekgwa-Mentle ya NWU le Maitshwaro a a Rotloediwang ke Mekgwa-Mentle

Go fitlhelela ditoro tsa rona mo NWU, re ruta badiri le baithuti ba rona ka tlhagafalo mowa wa go amogela botlhe, o o sa kgapheleng ope kwa ntle le o o ba nayang bokgoni, o o tsamaisanang le boikemisetso jwa go tlisa tshiamiso mo loagong, go amogela batho ka dipharologano tsa bone le go amega ka batho ba bangwe. Buisa go ya pele

Matshwao-Kgwebo

Boleng-Godimo jwa Thuto
Ke jwa boleng, jwa tlhamosešwa ya go ruta le go ithuta, jwa patlisiso e e maleba, ya boleng jo bo kwa godimo, e e amanang le mekgele ya tiro, go akanyetsa kwa pele, jj.

Baalogi ba ba tshwanelegang
Ba ba nang le dikgono tsa tiro, ba ba nang le matswela a a molemo mo mmarakeng wa tiro (ba ba thusang ka tsa ikonomi), mo go tsa tlhamosešwa, ba ba katiseditsweng maemo a ba tlileng go kopana le one, ba ba dirang le ditlhopha, baeteledipele ba ba nang le bokgoni, baithuti ba maloba ba ba itsegeng kwa dinageng di sele, jj.

Baithuti ba ba tlhagafetseng
Tshitshinyo ya boleng e e dirilweng ke baithuti, botshelo jwa baithuti, baithuti mo setheong sa thuto, ba ba ithutang ka tsela e e tseneletseng, ba ba nang le maitemogelo a botshelo, ba ba tlisang pharologano, ba tlhamosešwa, jj.

Go rotloediwa ke mekgwa e e siameng
Go nna le maitshwaro a a siameng mo go sotlhe se re se dirang, go ikanyega mo dithutong, kgololesego ya thuto le kgololesego ya patlisiso ka tsa saense, go diragatsa maikarabelo a rona, go sikara maikarabelo a ditiro tse re di dirileng, go se gobelele le go dira dilo kwa ntle ga bofitlha bope, go amogela batho ka dipharologano tsa bone.

Tsibogo ya go thusa baagi
Baithuti ba ba dirang ditiro tse di nang le matswela mo baaging le tse di tshwarelelang, baithuti ba ba ithutang ka natla le badiri, go amega ka ba bangwe, ba ba solegelang setšhaba molemo ka kitso, ka go akaretsa botlhe, ba ba rotloetsang bopuontsi, le go kwala rešio ya badiri le baithuti (bong le lotso) jj.

Hisitori ya NWU

NWU e nnile teng semmuso ka di 1 Ferikgong 2004 e le nngwe ya ditsela tsa puso ya Aforikaborwa ya go fetola thutogodimo. Yunibesiti ya Bokone Bophirima ya pele e ne ya kopanngwa le Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thutogodimo ya Sekeresete. Ya boraro e e neng ya amega mo go seno e ne e le Khamphase ya Sebokeng e e neng e le yunibesiti e e nang le bantsho ba bantsi, ya Vista, e badiri le baithuti ba yone ba neng ba kopanngwa mmogo.

Go kopana ga bone go bopa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) e ne e le kgato e e nonofileng e e tshwantshetsang go letlana le go aga setšhaba – se se nang le matswela fela thata. Phetogo ya go nna NWU e e kopaneng e ne ya bakwa gore ke kopanyo e e atlegileng go di feta tsotlhe le ya maemo a a ritibetseng, ya go kopanya ditheo tsa thutogodimo mo Aforikaborwa. Fa e sale di kopanngwa, ngwaga mongwe le mongwe, NWU e kgonne go nna le madi a e salang ka one a mantsi ka mo go lekaneng, maduo a a tokafetseng fela thata a go falola ditlhatlhobo ga baithuti, dipholo tse di oketsegileng tsa go dira patlisiso le go tlhatloga ga maemo a taolo ya tsa kgwebo mo diyunibesiting tsa Aforikaborwa.

Go ritibala ga maemo a yone go bontsha mokgwa wa kgakololano kwa NWU, mokgele wa rona, mekgwa ya rona ya go dira dilo le boikemisetso jwa rona, taolo ya rona le boeteledipele tse di atlegileng, le dithulaganyo tse di tlhalositsweng sentle tsa ditogamaano tsa rona le tsa tiro tse re di dirileng go tsweledisetsa pele NWU go ya mo isagweng.