Mokanseliri

Dr Anna Mokgokong

Khansele ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e thapile Ngaka Anna Mokgokong, moeteledipele wa mo kgwebong yo a itsegeng thata mme a le mogwebisimošwa go nna mokanseliri wa boraro ka kopano ya 20 Seetebosigo 2019.

Ka go nna mokanseliri ene o tla nna tlhogo wa leina wa YBB. Dithuto tsotlhe tse di abelwang ke yunibesiti di abelwa semmuso ke mokanseliri.

Ene o latela dikgato tsa tlotlo le botlhokwa tsa Kgosi Leruo Molotlegi, Kgosi ya Setšhaba sa Bogosi jwa Bafokeng le Ngaka Popo Molefe, Moporemia wa pele wa Porofense ya Bokone Bophirima yo jaanong a leng modulasetulo wa Transnet. Mokanseliri yo a tswang, Kgosi Leruo Molotlegi o diretse dinako tse pedi tse di latelaneng a ntse a le Mokanseliri wa YBB. Nako ya thapo ya gagwe e simolotse ka 2009 mme nako ya bobedi e ne ya simolola ka 2014. Ka nako yotlhe ya gagwe ya bokanseliri, Kgosi Molotlegi a ne a gatelela ntlha ya gore go botlhokwa go tlhomamisa gore go tshwanetse go nne le tirego ya gore go nne le mosola go botlhe ya dithuto magareng a yunibesiti le morafe.

Ngaka Mokgokong, yo a etelelang pele Community Investment Holdings (Pty) Ltd, yo gape a leng modulasetulo wa go e simolodisa, ke mofetoladilo wa loago wa nnete mme a setse a tlisitse kabelo e kgolo le phetogo e kgolo mo dikhampaning tse a diretseng mo dibotong tsa tsone. Ene ke mokaedimogolo wa dikhampani di le tlhano tse di kgolo tse di kwadisitweng kwa Kgwebisanong ya Dithoto ya Gauteng mme ke modulasetulo wa di le tharo mo go tse tlhano.

Mo godimo ga kitso e bophara thata ya kgwebo ya gagwe le kakgolo ya bokgoni jwa gagwe jwa bogwebisimošwa, ene gape o dirile a le Moperesidente wa SA WEN (South African Women Entrepreneurs Network) le wa IWFSA(International Women’s Forum of South Africa). Ngaka Mokgokong o amogetswe mo kgokaganong ya boditšhabatšhaba e e ipusang ya Basadi ba Bapakakgwebo ba Lefatshe, e e leng ya basadi ba ba maatla ba ba leng bapakakgwebo ba katlego ka 1998.

Sekgele se sengwe sa gagwe ke sa go amogela tlotlo ya go nna Mosadi wa Kgwebo wa Aforikaborwa wa Ngwaga ka 1999. Ka 2015, Lefapha la Kgwebisano le Madirelo, ka tshwaraganelo le Proudly South African le Brand South Africa di ile tsa tlotla Ngaka Mokgokong ka Kabelo ya Phitlhelelo ya Botshelo Jotlhe kwa moletlong wa Kgwebo ya Poremia ya Aforikaborwa.

Gape ene ke sebui se se tumileng mme o na le kgatlhego e kgolo mo tlhabololong ya loago go go maatlafatsa basadi.

Ngaka Mokgokong o amogetse BSc go tswa kwa Yunibesiting ya Botswana mme a amogela le MBChB go tswa kwa Yunibesiting ya Bongaka ya Aforikaborwa. Ene ke mosadi wa ntlha wa go amogela dikerii ya tlotlo ya bongaka wa papatso go tswa kwa UNISA.

Ene o ila a tlhomiwa ka la 20 Ngwanaitseele 2019.