Dikomiti

Dikomiti tsotlhe tsa Lekgotla di dira kwa tlase ga boikarabelo kgotsa botlhokwa jwa ditshelete jwa YBB. Badulasetulo ba tsone ke batho ba ba nang le kitso e e tlhokegang, bokgoni ke maitemogelo, le go dira go ya ka melao e e beilweng e e utlwalang sentle.

 

 

Mokaedi Khuduthamaga

Komiti-Khuduthamaga e dira ka dilo tsa bolaodi fa gare ga dikokoano tsa Lekgotla le ipego ka dilo tseno mo kokoanong e e latelang. Gape e tlhomamisa gore maloko a Lekgotla a tshela go ya ka Mokgwa wa Boitshwaro, e bile o dira ditshwetso tsa bofelo ka dilo tse e di romeletsweng ke Lekgotla.

Maloko:
1. Modulasetulo wa Lekgotla:  Adv TJ Kruger SC
2. Mothusa-Modulasetulo wa Lekgotla:  Ngk J Tshifularo
3. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Rre I Klynsmith
4. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Mop D Meyer
5. Motlatsamokanseliri:
6. Motlatsa-Mogokgo: Mop L du Plessis
7. Mokwadisi wa mo Setheong: Mop MM Verhoef (maemo a bokwaledi)

Komiti ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong le Go Tshwarwa ka Tekatekano mo Tirong (Human Capital and Employment Equity HCEE)

Boikarabelo jwa Tlhabololo ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong le go Tshwarwa ka Tekatekano mo Tirong ke go ela tlhoko gore go na le dipholisi le dithulaganyo tse di lekaneng tse le baya leitlho go tsenngwa tirisong ga dipholisi tseno le dithulaganyo tse teng tumalanong le mekgwa le dikgato tse di beilweng. Komiti e ikarabela ka bokgoni jotlhe jwa badiri le dilo tse di amang le go tshwarwa ka tekatekano mo tirong, go akaretsa le dituelo le ditirelo tse e seng tsa Komiti ya Dituelo.  Komiti, jaaka setlhopha se se laolang, e amogela dipego le go di sekaseka go tswa go setlhopha sa botsamaisi tse di leng ka ga dikgang ka ga dikgono tsa badiri, go akaretsa le go dirwa ga dilo tumalanong le dipatlafalo, e bile e tlhomamisa gore setlhopha sa botsamaisi se sikarisiwa boikarabelo jwa go tsenya tirisong dithulaganyo le dipholosi tse di amanang le dikgono tsa badiri.

Maloko:
1. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Ngk J Tshifularo (modulasetulo)
2. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Mop D Meyer
3. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Rev SA Musa
4. Leloko la mo Teng la Lekgotla:  Mop JJ Janse van Rensburg
5. Leloko la mo Teng la Lekgotla:  Phatlhatiro e e lolea
6. Motlatsamokanseliri: 
7. Mokwadisi wa mo Setheong:  Mop MM Verhoef (maemo a bokwaledi)
8. Mokaedi-Khuduthamaga:  Tlhabololo ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong: Mme R Nel

Komiti ya Diphetogo e e Okamelang (Transformation Oversight Committee TOC)

Komiti ya Diphetogo e e Okamelang go tsenngwa tirisong ga go fetolwa ga dikarolo dingwe tsa Thulaganyo ya Setheo.

Maloko:
1. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Phatlhatiro e e lolea (modulasetulo)                                     
2. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Rre A Mashilo                   
3. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Ngk D Hermann
4. Leloko la mo Teng la Lekgotla:  Mop E Ebenso
5. Leloko la mo Teng la Lekgotla:  Ngk LB Mzini
6. Motlatsamokanseliri: 
7. Mokwadisi wa mo Setheong:  Mop MM Verhoef (maemo a bokwaledi)
8. Mokaedi-Khuduthamaga:  Tlhabololo ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong:  Mme R Nel
9. Motlhankedimogolo wa ditogamaano: Rre R Kettles

Komiti ya Boruni le Go Laola Kgonagalo ya Ditatlhegelo Tsa Madi

Komiti eno e ikarabelela go Lekgotla ka tsela e e dirang tiro ya yone ka gone, e leng tiro ya go sireletsa matlotlo a YBB, go boloka direkoto tse di siameng tsa bobalamatlotlo, go tlhama le go boloka tsamaiso e e mosola ya go laola dilo mo teng ga setheo, go okamela seabse sa setlhopha sa botsamaisi mo go tlhameng thulaganyo e e siameng ya go laola kgonagalo ya ditatlhegelo le go e boloka e tsweletse sentle, le go ntsha tetla ya tuediso ya go tlhatlhojwa ga diakhaonto ya go baruni ba ba kwa ntle ga setheo.   Komiti e tlhomile mokgwa puisano fa gare ga Lekgotla, setlhopha sa botsamaisi, tiro ya go tlhatlhobiwa ga diakhaonto mo teng ga setheo le baruni ba kwa ntle. E kgona go bua ka kgololosegeo fela le Modulasetulo wa Lekgotla (yo e seng leloko la Komiti ya Boruni  Dithelete le Dikago, le baruni ba mo teng ga setheo le ba kwa ntle.

Maloko:
1. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Ms M Classens (modulasetulo)
2. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Rre T Plaatjie
3. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Phatlhatiro e e lolea
4. Ngk K van der Walt
5. Ms HS Fourie
6. Mokwadisi wa mo Setheong:  Mop MM Verhoef (maemo a bokwaledi)
7. Motlatsamokanseliri:
8. Mokaedi-Khuduthamaga: Ditshelete le Dikago:  Ms E de Beer

Komiti ya Ditshelete

Boikarabelo jo bo rwesitsweng Komiti ya Dithelete ke go gakolola Lekgotla ka tsa dithelete le ka tsa dipeeletso malebana le tlhabololo ya ditirelo tsa lobaka lo lo leele tsa YBB. Gore Komiti e diragatse seabe seno, e neilwe tiro ya go nonotsha taolo ya Lekgotla malebana le go nna le thulaganyo e e siameng le e e nang le maikarabelo ya go tsa dithelete, botsamaisi jwa tsa dithelete, taolo ya tsa dithelete le go ntsha pego e e tshwanetseng ka tsa dithelete.  Gore Komiti ya Dithelete e diragates boikarabelo jwa yone, e dirirsa dikomiti-potlana di le tharo, e leng Komiti ya Dithendara, Komiti ya Dipeeletso le Komiti ya Matlotlo.

Maloko:
1. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Phatlhatiro e e lolea (modulasetulo)
2. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Rre I Klynsmith
3. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Adv TJ Kruger SC
4. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Adv M Kruger
5. Mokwadisi wa mo Setheong: Mop MM Verhoef (maemo a bokwaledi)
6. Motlatsamokanseliri:  
7. Mokaedi-Khuduthamaga: Ditshelete le Dikago:  Ms E de Beer

Komiti ya Dithendara

Seabe se Komiti eno ke go amogela semmuso dipholoisi tsa dithendara le mekgwa-tsamaiso e e baakantsweng ke setlhopha sa botsamaisi, go bona gore di dumalana le molaong wa o Matlafadiwa ga Bantsho Seikonomi mo go Akaretsang Bontsi wa 2003, go tlhomamisa gore dipholisi tsa dithendara di tsenngwa tirisong, le go sekaseka dithendara le go di amogela semmuso, tsa dikonteraka tsa boleng jwa R2 millone le R15 milione. Fa go batliwa dikonteraka tsa R15 milione, Komiti e sekaseka boleng jwa dithendara trse di amogetswe e bo e romela ditshitshinyo tsa yone kwa Lekgotleng.

Maloko:
1. External Independent Auditor:  Rre DA Foster (modulasetulo)
2. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Adv M Kruger                                     
3. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Rre F Strydom
4. Motlatsamokanseliri:
5. Mokwadisi wa mo Setheong: Mop MM Verhoef (maemo a bokwaledi)
6. Mokaedi-Khuduthamaga: Ditshelete le Dikago:  Ms E de Beer

Komiti ya Dipeeletso

Tiro ya konokono ya komiti eno ke go tlhoma dikgato gore YBB e kgone go nna le dipoelotso tse dintsi ka moo go ka kgonegang ka gone mo dipeeletsong, ka go nna mo maemong a a tshwanelang a a amanag le kgonagalo ya ditatlhegelo tsa madi. Boikarabelo jwa yone ke go tlhoma photefolio ya dimmenejara le go sekaseka boleng jwa dipeeletso, ka fa dipeeletso di dirang ka gone tsa diphotefolio tsa dimmnenejara le dithulaganyo tsa dikoloto tse mmenejara wa dimmaraka a kgonang go dira ka tsone.

Maloko:
1. Mmeeletsi wa kwa ntle:  Rre J van den Berg (modulasetulo)
2. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Phatlhatiro e e lolea
3. Mmeeletsi wa kwa ntle:  Rre A Smit 
4. Mmeeletsi wa kwa ntle: Rre P Cook
5. Motlatsamokanseliri:
6. Mokwadisi wa mo Setheong: Mop MM Verhoef (maemo a bokwaledi)
7. Mokaedi-Khuduthamaga :  Ditshelete le Dikago:  Ms E de Beer

Komiti ya Matlotlo

Boikarabelo jwa konokono jwa komiti eno ke go tlhomamisa gore go nna le tlhabololo ya lobaka lo lo leele ya dikago tsa Yunibesiti le go di tlhokomela.

Maloko:
1. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Rre I Klynsmith (modulasetulo)
2. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla:  Rre TJ Kgomo
3. Motlatsamokanseliri: 
4. Mokwadisi wa mo Setheong:  Mop MM Verhoef (maemo a bokwaledi)                   
5. Mokaedi-Khuduthamaga: Ditshelete le Dikago:  Ms E de Beer

Komiti ya Diawat Tsa Kakgolo

Komiti ya Diawate Tsa Kakgolo e sekaseka maina a a ntshitsweng a mo go one go tla tlhophiwang ba ba tla newang Awate ya Bongaka ya Tlotlo le Diawate Tse Dingwe Tsa Tlotlo e bile e na le Motlatsamokhanseliri, Modulasetulo wa Lekgotla, Maloko a mararo a Lekgotla a gape e leng Maloko a Senate, le modini wa legoro le le maleba la bogakolodi, le Mokwadisi wa mo Setheong.

Komiti ya Tlhokomelo ya Baithuti

Ka kakaretso, komiti e dira tiro ya tlhokomelo ya go lebelela le go gakolola Balaodi ba YBB ka ga mabaka a a amanang le merero ya baithuti mo Yunibesiting.

Maloko:
1. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla: Phatlhatiro e e lolea (modulasetulo)
2. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla: Adv TJ Kruger SC
3. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla: Rre T Plaatjie
4. Leloko la Kwa Ntle la Lekgotla: Adv M Kruger
5. Leloko la mo Teng la Lekgotla: Prof F Janse van Rensburg
6. Motlatsamokanseliri:
7. Mokwadisi wa mo Setheong: Mop MM Verhoef (maemo a bokwaledi)


Irma van Niekerk: 2014-11-24