Go tswa go Motlatsamokanseliri

From the VC

Kitsiso ya NWU e e ntsheditsweng Babegadikgang

Tobetsa fa go buisa tshedimosetso go feta ka tlhaeletsano ya Motlatsamokanseliri.

Setswana 2023

Ditshwanelo tsa Batho: Maikarabelo le go ikarabelela ga rona

21 Mopitlwe 2023

Gompieno ke Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho mo nageng ya rona e re e ratang. Letsatsi leno le bontsha gore re amogela nako e e botlhoko e e fetileng le tsholofelo ya tshepo le tshepo ya naga e e theilweng ka tlhomamo mo go nneng le merafe e e farologaneng, ditso tse di farologaneng, bodumedi jo bo farologaneng, go se nne le tlhaolele ya bong le go tlotla ditshwanelo tsa batho ka botlalo. E re gakolola gore go kile ga bo go na le nako e ka yone batho bangwe ba Aforika Borwa ba neng ba tlhoka tetla ya go fuduga mo metseng ba ya kwa ditoropong, tetla ya go bereka, go nna le dithoto, go reka dithoto le ditirelo le go tsena mo dikamanong tsa lorato.

Ka 21 Mopitlwe 1960, kwa Sharpeville, batho bangwe ba ba neng ba le mo mogwantong wa kagiso kgatlhanong le ditlankana tseno le melao ya dipasa ba ne ba latlhegelwa ke matshelo a bona mme ba bangwe ba ne ba gobala fa mapodisi a ne a thuntsha badiraditshupetso. Polao e e setlhogo ya kwa Sharpeville e diragetse dingwaga di le 20 morago ga gore lekgotla la Ditšhabakopano (United Nations) le amogele Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho (Universal Declaration of Human Rights), a a simolotseng ditshwanelo tsa batho tsa lefatshe ka bophara tse di theilweng go ya ka botho, kgololesego, tshiamiso le kagiso. Ke ka ntlha ya ditiragalo tsa 21 Mopitlwe 1960 le ditiragalo tse dingwe tse di diragetseng mo dingwageng tse di fetileng mo nageng ya rona gore Molaotheo wa rona o na le Molaotlhomo wa Ditshwanelo, o o tlhomamisang seriti sa motho, tekatekano le kgololesego.

Ka jalo, re keteka Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho go akanya ka nako e e fetileng le go keteka ditshwanelo tse rona jaaka maAforika Borwa re di itumelelang gompieno. Jaaka maloko a setšhaba se segolo sa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU), re tshwanetse go supa setso sa rona sa ditshwanelo tsa botho le mekgwa ya temokerasi letsatsi le letsatsi. Gape re tshwanetse go itse gore ditshwanelo tsa rona tsa botho di dirisiwa ka fa gare ga letlhomeso la maikarabelo le go ikarabelela. Seno se raya gore, nako le nako fa baithuti kgotsa badiri ba sa itumelele kgotsa ba sa kgotsofala ka tirelo nngwe kgotsa ka kgang nngwe, ba tshwanetse gape go amogela le go tlotla ditshwanelo tsa baithuti ba bangwe le badiri. Mo godimo ga moo, rotlhe re tshwanetse go lwela go nna bagaka ba ditshwanelo tsa batho. Mongwe wa barwa bagolo ba naga ya rona, Mobishopo Desmond Tutu, o kile a bolela gore fa o sa tseye letlhakore mo maemong a go tlhoka tshiamiso, o tla bo o tlhophile letlhakore la mogateledi. Fa tlou e ka baya lonao mo mogatleng wa peba, mme wa bo o re ga o tseye letlhakore, peba ga e kitla e anaanela go se tseye letlhakore ga gago. A re direng gore lentswe la rona le utlwagale nako nngwe le nngwe fa re bona tshiamololo mme re dire mmogo go tsweletsa ditshwanelo tsa batho pele.

Maikemisetso a NWU a go rotloetsa setso sa ditshwanelo tsa botho a tsentswe mo togomaanong ya rona ya puo - ya go fetola le go baya NWU jaaka setheo sa seoposengwe sa maemo a a kwa godimo a borutegi, se se ineetseng mo tshiamong ya loago. Thitokgang ya Kgwedi ya Ditshwanelo Tsa Batho ya monongwaga ke #LeaveNoOneBehind – tsamaya ka ditshwanelo tsa gago. Se se tlhoka letsholo la rona go dirisa mekgwa e e akaretsang le mekgwa ya go ralala dikarolo tsotlhe tsa ditiro tsa rona. Batsayakarolo ba ba botlhokwa ba NWU, go akaretsa badiri le baithuti, ga jaana ba amega mo porojekeng ya rona ya tomagano ya tshekatsheko - Go isa NWU kwa Pele. Re dirile tuelelopele ya baithuti ba FTEN ba ba santseng ba emetse matlole a NSFAS mme re dirile gore go nne le matlole a mangwe a a tla thusang baithuti ba ba nang le bokgoni jwa go ithuta go ikwadisa. Re atolositse nako ya go ikwadisa mme re rulagantse gore magoro a dire dithulaganyo tse di kgethegileng go tlhokomela baithuti ba ba ikwadisitseng ka nakwana. Re dira tsotlhe tse go tlhomamisa gore, ka fa go ka kgonegang ka teng, mongwe le mongwe a akarediwe mme go se nne le ope yo o tlogelwang kwa morago.  

Ka di 10 Mopitlwe 2023, re ne ra saena memorantamo wa tirisanommogo ( (MoU) le Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforikaborwa. Tshwaraganelo e e tla re kgontsha go thatafatsa maiteko a rona go rotloetsa setso sa ditshwanelo tsa botho mo NWU le mo ditšhabeng tse di e dikologileng. Tshedimosetso eno e akaretsa go batlisisa le go tsenya tirisong dikgang tse di farologaneng, go akaretsa go aga bokgoni, patlisiso, go tlhama dipholisi, go abelana tshedimosetso le mananeo a poelelo. Re lebile pele go tiragatso ya ka pele ya Tumalano eno ya Tirisanommogo (MoU) go tokafatsa kgodiso ya setso sa ditshwanelo tsa botho mo ditokologong tsa baithuti le badiri ba rona. Tshwaraganelo eno e tla thatafatsa maikemisetso a rona a go fedisa ditiragalo tsa tirisodikgoka e e theilweng mo bong le mefuta yotlhe ya kgethololo le go tlhaolwa e e leng kgatako ya theo ya ditshwanelo tsa botho.

Jaaka lelapa la NWU le maAforika Borwa, re tshwanetse go gakologelwa ka gale gore re tswa kae mme re ipofe gore ga re kitla re tlhola re boeletsa ditlolo molao tse di tshwanang. Tsweetswee ntumelele gore ke go gakolole ka matseno a Molaotheo wa rona:
Rona, re le batho ba Aforika Borwa,
Re itse ditshiamololo tsa rona tse di fetileng;
Re tlotla ba ba bogetseng tshiamo le kgololosego mo lefatsheng la rona;
Re tlotla ba ba diretseng go aga le go tlhabolola naga ya rona; mme
Re dumela gore Aforika Borwa ke ya botlhe ba ba tshelang mo go yona, re tshwaragane mo go farologaneng ga rona.
Rona ka jalo, ka baemedi ba re ba itlhophetseng ka kgololosego, re amogela Molaotheo o jaaka Molaomogolo wa Rephaboliki gore re –

  • Alafe dikgogakgogano tse di fetileng mme re age Setšhaba se se thailweng mo meetlong ya temokerasi, bosiamisi jwa boago le ditshwanelo tse di botlhokwa tsa botho;
  • Tlhome motheo wa setšhaba se se nang le temokerasi le se se bulegileng o mo go sona puso e theilweng mo thatong ya batho e bile moagi mongwe le mongwe a sireleditsweng ka go lekana ke molao.
  • Tokafatse matshelo a baagi botlhe le go golola neo ya mongwe le mongwe le;
  • Age Aforika Borwa e kopaneng ya temokerasi e e kgonang go tsaya maemo a yona a a e siametseng jaaka naga e e ipusang mo tshikeng ya mafatshe.

A Modimo a sireletse Setšhaba sa rona.
Morena boloka setjhaba sa heso.
God seën Suid-Afrika. God bless South Africa.
Mudzimu fhatutshedza Afurika. Hosi katekisa Afrika

Mop Bismark Tyobeka
Mogokgo le Motlatsamokanseliri

 

Go isa NWU kwa pele

31 Firikgong 2023

Amogelesegang mo ngwageng ya akatemi ya 2023

Ke tshepa gore lo itapolotse mme lo siame go ka lebana le dikgwetlho tsa monongwaga le go dirisa ditšhono tse di kwa pele. Dipuisano le ditirwana tse kantoro ya me e nnileng le seabe mo go tsone fa e sale ngwaga o simologa di bontsha gore e tlile go nna ngwaga o o batlang go le gontsi mme fela e le o o itumedisang le o o kgotsofatsang. Ke itumelela go bona gore bontsi jwa baithuti ba ba solofetsweng ba ba dirileng kopo ya go ithuta mo NWU ba simolola go amogela dikopo tsa rona e bile ba semeletse ka ikwadiso ya bone. Re etse tlhoko ka mathata a tsa madi le a mangwe a a amanang le one a bangwe ba baithuti ba ba solofetsweng ba lebanang nao, mme re tla tswelela go dirisana le batsayakarolo ba ba maleba go rarabolola mathata ano. Re ntse re ikemiseditse go dira botswerere jwa dithuto le botshelo jo bo matlhagatlhaga jwa baithuti go ralala dikhamphase tsa rona. Ka jalo, re tla netefatsa gore re ema baithuti botlhe ba ba tshwanelegang nokeng, le go nolofatsa phitlhelelo ya bone le katlego ya bone mo NWU.

Gape ke itumedisiwa ke tiro e setlhopha sa batsamaisi ba bagolo ba NWU se simolotseng go se rulaganyetsa isago. Botsamaisi bogolo le batlhankedi bangwe ba ba maleba ba ne ba nna le seabe mo kopanong ya togamaano ya malatsi a mabedi – bosberaad/lekgotla – ka kgwedi ya Ngwanatsele/Sedimonthole 2022. Kopano e ne ya buisana le go rarabolola mefutafuta ya dintlha tsa tlhobaboroko tse di amang leano le ditiragatso tsa NWU. Botsamaisi bo tla simolola thulaganyo ya ditherisano le batsayakarolo ba ba maleba go akaretsa le maphata a taolo ya NWU le badiri mabapi le dikatlanegiso le ditshitshinyo tseno. Dintlha tse thulaganyo ya therisano e tla tsepamisang maikutlo mo go tsone di akaretsa gareng ga tse dingwe:

 

  1. Mokgwa wa ga jaana wa tiriso wa NWU: Sekolo sa Kgwebo sa NWU se neilwe boikarabelo jwa go sekaseka mokgwa wa ga jaana wa tiriso. Tsamaiso eno e tla akaretsa thadiso le tshekatsheko ya diphitlhelelo le dikgwetlho tsa mokgwa wa ga jaana wa ditiragatso o o tsepameng mo bokgoning le bononofi. Go fitlhelela seno, baagi ba yunibesiti ba tla nna karolo ya tsamaiso ya ditherisano. Ke rotloetsa batsayakarolo botlhe ba ba ka nnang ba lalediwa go nna le seabe mo thulaganyong eno go dira jalo, go netefatsa gore re na le thulaganyo e e akaretsang botlhe e e tla tlisang dipoelo tse di emelang megopolo le maitemogelo a a kopanetsweng. Go ka tswa go na le dikarolo tse di dirang sentle jaanong mme di na le seabe se segolo mo go tokafatseng tlhagiso; le fa go ntse jalo, ka go lekana, ka mo go tshwanang, go ka nna le dikarolo tse di sa itekanelang, mme di kgoreletsa tlhagiso le kopano e e nang le matswela. Maitemogelo a o a tshetseng a botlhokwa mo go rona ka a tla re thusa go tlhaloganya ka fa re ka tokafatsang bokgoni mme re nonofe go feta.
  2. Yunibesiti e e tlwaelegileng o e bapisa le e e botlalo: Batsamaisi ba ne ba swetsa ka gore NWU ke yunibesiti e e tlwaelegileng mme e nne e ntse jalo. Maphata a rona a a maleba a a jaaka go Ruta le go Ithuta a tshwanetse go netefatsa gore ditsereganyo tse di tlhokegang di teng go lepalepanya dineelo tsa rona le maitlamo ano.
  3. Thuto ya Bokgakala: Batsamaisi ba ne ba swetsa ka gore seno se tla nna neelo e e botlhokwa thata mo NWU le gore lephata la go Ruta le go Ithuta mmogo le ditheo tse dingwe tse di maleba mo gare ga NWU di tshwanetse go kopanya dipuisano tse di neng tsa nna gone le magoro le go bega kwa ditheong tse di maleba tse di jaaka Komiti ya Botsamaisi ya Yunibesiti le Senete.
  4. Go ikakanya seša bogare jwa baithuti mo NWU: Bosberaad/Lekgotla e ne ya swetsa ka gore e simolole mokgwa wa go tokafatsa tshitsinyo ya boleng jwa baithuti. Porojeke ya Tsamaiso ya Tshedimosetso ya Baithuti (SIS) e tla nna motheo wa ditsereganyo mo karolong e.
  5. Sekolo sa Kgwebo sa NWU: Sekolo sa Kgwebo sa NWU ke se sengwe sa dipotefolio tsa rona tsa maemo a a kwa godimo. Ka jalo, e tlhoka go fiwa didirisiwa tse di maleba le go diragatsa maano le thulaganyo ya yone kwa ntle ga dithulaganyo tse di sa tlhokegeng le tse di gagametseng. Seno se botlhokwa go netefatsa gore Sekolo sa Kgwebo sa NWU se na le bogaisanyi le bokgonitswelelopele. Botsamaisi bo tla latelela ditsereganyo tsotlhe tse di tlhokegang go bula nonofo le bokgoni jwa sekolo sa kgwebo; le
  6. NWU Enterprise (Pty) Limited: Pharologanyo ya ditsela tsa lotseno tsa NWU ke selo se se tlhokegang. Go fitlhelela seno, botsamaisi bo ikaeletse go tsweledisa go tlhoma NWU Enterprises (Pty) Limited go tokafatsa nonofo ya rona ya go dirisa lotseno lwa boraro.

Mo godimo ga go samagana le dintlha tsa togamaano tsa ga jaana, Bosberaad e ne ya akanya go utulola tse di latelang go ya ka puo ya me ya go tlhomiwa:

  1. Go thewa ga sekolo sa bongaka jwa diphologolo;
  2. Tirisanommogo le Dikholetšhe tsa Temothuo mo porofenseng ya Bokone-Bophirima;
  3. Go thewa ga tikwatikwe ya meepo e e tswelelang;
  4. Lenaneo la go oketsa bokgoni jwa puso ya mmasepala le ya porofense;
  5. Go thewa ga sekolo sa tsa kalafi;
  6. Katoloso e e maatla tota ya NWU mo boditšhabatšhabeng ka tirisanommogo ya togamaano, tirisanommogo le go amogela baithuti ba boditšhabatšhaba;
  7. Go itebaganya le matlole go baithuti ba morago ga kalogo le ba ba tlhaelang mo gare;
  8. Natlafatsa bokgoni jwa rona jwa go kokoanya matlole; le
  9. Diragatsa lenaneo la Katoloso ya Ditshenyegelo tsa Badiri.

Tsena ke maikemisetso a magolo, tse dingwe tsa tsone di setseng di tsweletse ka maano a a farologaneng mo magorong a a maleba le mo mafapheng a kemonokeng. Go tla na le thulaganyo ya go baya ditlapele go netefatsa tiragatso e e maleba le go tsenngwa tirisong mo go tseno tsotlhe.  
Se se tlhokegang mo nakong eno ke mokgwa wa “tshwara ka natla" go netefatsa gore re dira gore toro ya yunibesiti ya rona e fitlhelelwe. A re dirisaneng mmogo go netefatsa gore re nna re le nngwe ya ditheo tsa thuto e e kgolwane tse di eteletseng pele mo kontinenteng ya Aforika.
Ke lebeletse ka tlhoafalo go refosana ka kopanelo le ka bongwe ka bongwe go netefatsa ponelopele e e tlhakanetsweng mo tiragatsong ya maano le maikaelo a rona.
Keletso masego a ngwaga o moša
Thank you!
Baie dankie!
Ndiyabulela!
Ke a leboga!

2022

Prof Bismark's end-of-year message 2022

"I would like to take this opportunity to thank all of you for the hard work and effort to make this a very successful year for the University...", watch the full message.

Ke go eletsa masego mabapi le ditlhatlhobo tsa bofelo jwa ngwaga

1 Ngwanatsele 2022

Ka paka e ya ditlhatlhobo, go botlhokwa gore o neele ka tsotlhe tse o nang natso go inetefaletsa dipholo tsa katlego.   Go ka tswa go na le dinako mo o ikutlwang o imelesegile. Se, se a tlhaloganyega. Ke karolo ya leeto. Tsweetswee iphe nako ya go iketla le go batla ditsela le mekgwa ya go intlafatsa gape. Ee, ditlhatlhobo di botlhokwa mo katlegong ya gago. Le fa go ntse jalo, botsogo jwa gago bo botlhokwa. Ka jalo, ke lo kgothaletsa go dirisa ditirelo tsotlhe tsa tshegetso tse di leng teng kwa yunibesiting fa go ka nna le tlhokego. Ke na le tshepo ya gore o na le maemo le bokgoni jwa go atlega le go baakanya tsela ya gago ya isago.

Mo boemong jwa Komiti ya Taolo ya Yunibesiti, ke a go lebogisa mmogo le badiri botlhe ba baakatemi le ba kemo nokeng go netefatsa gore go nna le ngwaga o o atlegileng wa dithuto. Ngwaga ono wa dithuto o ka bo o sa fitlha mo seemong se, kwa ntle ga maitlamo le maikemisetso a mongwe le mongwe yo o amegang. Re a itse gore go itlwaetsa go ruta le go ithuta morago ga maitemogelo a dingwaga tse pedi tse di fetileng ke kgato e e tswelelang pele. Ke lo leboga ka bopelotelele le boitshoko jwa lona.  

Masego le dikeletso tse di molemo.
Dr Mzubanzi Bismark Tyobeka
Mogokgo le Motlatsamokanseliri 

Re lemoga le go keteka ngwaoboswa ya rona

Ngwaga le ngwaga, Aforikaborwa o itumelela malatsi a boikhutso a semmuso a le 12 a bosetšhaba, a otlhe a na le bokao jo bogolo mo bosuping jwa rona jwa botho le bosetšhaba.
24 Lwetse ke Letsatsi la Ngwaoboswa la Bosetšhaba, letsatsi leo mo go lona re lemogang le go keteka diabe tse di humileng mme di le mebalabala tsa dingwao tsa setso tse di farologaneng. Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) ke legae go badirammogo le baithuti ba ba tswang mo ditsong le maitshetlego a a farologaneng. Ka jalo, go na le tlhokego e e kgolo go rona rotlhe go leka go tlhaloganya le go anaanela dipharologano tse. Re neelana ka ditšhono go badirammogo le baithuti go phaphathisa dikutlopono tsa bona mabapi le setso, puo le dintlha tse dingwe tse di amanang natso. Mo godimo ga boitlamo jwa rona go tolamo ya loago le maitshwaro a tlhokomelo, re tshotse pharologano le boakaretsi jaaka nngwe ya mesola ya NWU ya rona tse di diragatswang mo ditikologong tsa badirammogo le baithuti.  Re gwetlhwa go ka tshela ka mesola e le go netefatsa gore mongwe le mongwe mogare ga lelwapa la NWU ka bophara a ikutlwe a anaanelwa, a amogelesega le go lebosega.  

A re ketekeng Letsatsi la Ngwaoboswa le mme re le dirise jaaka tšhono go gotetsa tlotlo ya ngwao ya setso sa yo mongwe le yo mongwe le dipharologano. Re seka ra nyatsa itlhokomoloso le kgobelelo ya botlhokakitso eo go yona dinako dingwe re fetogang batswasetlhabelo. Ka jalo, ke morwalatiro mo maruding a rona go amogela gore re tshwanetse go ithuta ka gale le go ithuta ka ga badirammogo ba rona le baithuti ka rona, bogolosegolo bao ba tswang kwa maitshetlegong a setso le ngwao a a farologaneng. Go lebilwe kwa re tswang gona jaaka yunibesiti, re tsere dikgato tse di botlhokwa go lebisa kwa go ageng morafe wa nnete wa NWU tse di arolelanang mesola le ponelopele e le nngwe. Ke ya itse gore go tlile go nna le ditlhaelo le dikgoreletsi mo tsamaong ya leeto la rona, fela re tshwanetse go nna re tsepame rotlhe mo ponelopeleng ya rona mme re kgale sengwe le sengwe le mongwe le mongwe yo maitlhomo a gagwe e leng go faposa leeto le.

Ke etse tlhoko ka ga mananeo a setso le pharologano ao badirammogo mo Batho le Setso le Maphelo a Baithuti (People and Culture and Student Life) ba a tsenyang tirisong jaaka karolo ya Porojeke ya Mesola ya NWU ya rona. Ke rotloetsa botlhe go tsaya karolo mo mananeong a a botlhokwa tota go anaanela ka botlalo leeto la rona la diphetogo le metswampello ya setso.  

Re tshwanetse go keteka Letsatsi la Ngwaoboswa ka thefosano e e itekanetseng ya dikakanyo, ka maitlhomo a go tlhaloganya le go anaanela ngwao le setso le maitshetlego a mongwe le mongwe. Se ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe yo o tshelang mo nageng ya ditso di le dintsi jaaka ya rona. Se se re humisa tota mabapi le setso le tebo ya lefatshe.  

Ke le eleletsa Letsatsi la Ngwaoboswa le le tletseng boitumelo.

Enkosi
Baie dankie
Ke a leboga

Ng Bismark Tyobeka
Mogokgo le Motlatsa-Mokanseliri

Letsatsi la Basadi: letsatsi la kakgolo, la go akanya, le la boikemisetso jo bosha

9 Phatwe 2022

Kgwedi ya Phatwe ke ya basadi mo nageng ya rona. Ke nako ya go akgola basadi ba ba fetang 20 000 ba ba neng ba gwantela kwa Union Buildings ka di 9 Phatwe 1956, go ya go dira ditshupetso kgatlhanong le melawana ya dipasa le tsamaiso ya bogateledi e e neng e tshola basadi jaaka ditshedi tsa maemo a a kwa tlase tse di neng di tlhoka go laolwa le go ganelwa ka dilwana tsa botlhokwa le ditiro tsa teng. Gape ke nako ya go akgola le go keteka seabe se se botlhokwa se basadi ba tswelelang pele go nna le sone mo dikarolong tsotlhe tsa setšhaba.

Rona, Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU), re kopanela mo go akgoleng le mo go ketekeng basadi ba ba tlhomologileng bano mo nageng ya rona, segolobogolo ba Setlhopha sa NWU, ba ba nang le seabe se se botlhokwa thata mo katlegong ya rona le ba ba tlhomamisang gore re nna re tsepile mogopolo mo go fitlheleleng ditoro tsa rona – tsa go nna yunibesiti mo Aforika e e itsegeng thata kwa dinageng di sele, e e tlhomololwang ke mokgwa wa yone wa go ithuta ka natla, e e tsibogelang maemo mo loagong, le boitshwaro jwa yone jwa go amega ka ba bangwe.

Re motlotlo ka kgatelopele e re e dirileng go tla go fitlha jaanong go tlhomamisa gore re nne le tikologo e mo go yone go buelelwang e bile go nonotshiwang go tshwarwa ka tekatekano ga badiri le baithuti ba rona. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na tiro e ntsi go e dira.  Ka jalo, re ikemisetsa gape go tlhabolola dipholisi tsotlhe tsa rona tse di maleba, melao le mekgwa-tiro, go tlhomamisa gore re akofisa kgatelopele ya  rona le go ntsifatsa matswela a rona.

Ka maswabi, re tswelela pele go buisa/go utlwa ka bosenyi e bile re a bo bona jo gantsi bo dirwang mo basading. Go ya ka dipalopalo tsa bosenyi go tswa go lefapha la Ditirelo tsa Sepodisi la Aforika Borwa tsa kotara ya ntlha ya 2021/2022, polao mo nageng ya rona e tlhatlogetse go 66,2 % mme tlolomolao ya thobalano yone e tlhatlogetse go 74,1%, fa di bapisiwa le tsa ngwaga o o fetileng. Boemo jo bo maswe jono ga bo amogelesege gotlhelele e bile bo tshwanetse go emisiwa. Jaaka NWU, re ikemiseditse go fedisa gotlhelele tirisodikgoka mo basading mo gare ga baithuti le badiri.

Le fa re itumelela dipego tsa gore dikhamphase tsa rona di neilwe maemo a go bo e le tse di sireletsegileng go di feta tsotlhe mo Aforikaborwa, re a itse gore letsatsi lengwe le lengwe le na le bothata jwa tshireletsego mo mmeleng le mo maikutlong e bile le bakela badiri le baithuti ba rona mathata, segolobogolo basadi. Ke rotloetsa banna botlhe ba e leng badiri ba rona le ditsala tsa NWU gore ba tseye karolo ka tlhagafalo go rotloetsa tshireletsego ya basadi le basetsana. A re amogeleng gore tirisodikgoka mo basading e ama basadi le basetsana thata, mme re tlogeleng dipuonyana tse di buelelang mabaka a go bo go dirilwe se se dirilweng le go bapisa maemo.

Mo Letsatsing leno la Basadi, a re ipheng nako ya go akanya le go ineela go fedisa maitsholo ape a boikaelelo jwa one e leng go bontsha tlhaolele mo bathong ba bangwe le go ba utlwisa botlhoko – bommaarona, bokgaitsadiarona, le bomorwadiarona – boitshwaro joo jwa ka tlhamalalo kgotsa jwa tsela e e seng ya ka tlhamalalo fela ka gore e le basadi.  

Ke eleletsa basadi botlhe ba NWU Kgwedi ya Basadi e e sireletsegileng ya boitumelo, le Letsatsi la Basadi le le segofetseng la boipelo. Ke lebile pele go tshwara ditherisano le badiri le baithuti ka ditsela le mekgwa e ka yone re ka tswelelang pele go aga tikologo e e botsalano e e sireletsegileng mo diyunibesiting tsa rona.

Enkosi
Baie dankie
Ke a leboga

Jaaka fa re keteka Letsatsi la Badiri, go santse go tla tlhokega mofuta o mosha wa badiri

1 Motsheganong 2022

Mo gare ga malatsi otlhe a boikhutso a a ketekwang mo Aforikaborwa, botlhokwa jwa Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Badiri, le le ketekwang gompieno jaana, gongwe ke lone le go ngangisanwang thata ka lone.

Mo gare ga dipono tse dintsintsi tse di sa tshwaneng ka lone, nngwe ya tsone ke ya gore a maemo ao badiri ba direlang mo go one a fetogile go nna a a botoka kgotsa a ga a ise a fetoge. Gantsi ngangisano eno e dirwa ke ditlhopha tsa batho ba ba leng kgatlhanong le melawana ya temokerasi ba ba tlhagisitseng dipelaelo tsa bone le go tswelela pele ba di tlhagisa ka ga dipoelo tse badiri ba nnang le tsone. Go sa kgathalesege dipono tse di farologaneng, tse di amogelesegang mo pusong ya temokerasi jaaka ya rona, seabe sa badiri mo lefatsheng lotlhe le tsela e ba thusang ka yone se a amogelesega.

Melao ya badiri e e dirisiwang kwa bontsing jwa dinaga tse di tlhabologang ga e tlhole e na le kgatelelo e e neng e le teng mo nakong e e fetileng – go akaretsa le mono mo Aforikaborwa.

Dingwaga di le pedi le halofo tse di fetileng di dirile gore modiri mongwe le mongwe a itlwaelanye le tsela e ntšha ya go dira ka ntlha ya ditlamorago tse di sa itumediseng tsa Covid-19. Le fa go ne go se motlhofo go itlwaelana le tsone , setlhopha sa badiri se ne sa bontsha gape gore go sa kgathalesege mathata ano a a masisi, re ka kgona go fitlhelela go le gontsi fa re dira mmogo. Mme kwa seno se neng sa bonala sentle gone e ne e se gope fa e se kwa Yunibesiting ya Bokone-Bophirima (NWU).

Go sa kgathalesege go latlhegelwa ke ditiro ga bangwe mo ditheong tse di farologaneng mo nageng ya rona, ga go na le fa e le leloko le le lengwe la badiri ba NWU le le neng la kgaolwa mo tirong ka ntlha ya leroborobo. Le fa go le botlhokwa go keteka phitlhelelo eno ya ka fa setlhopha sa botsamaisi sa YBB se kgonneng go boloka maemo a ritibetse ka gone ka nako ya leroborobo, ga re a tshwanela go tsaya maemo ao motlhofo le go se itshwenye ka one. Go santse go na le namane e tona ya tiro e e tshwanetseng go dirwa!

YBB e dirile kgatelopele e e seng kana ka sepe ya go newa maduo fa gare ga ditheo tse di di gaisang tsotlhe tsa thutogodimo mo lefatsheng lotlhe. Re tswelela pele go atolosa mefuta ya mananeothuto a rona e bile yunibesiti e na le boemo jo bo siameng jwa ditšhelete. Dipalo tsa go ikwadisa ga baithuti ba rona di tlhatlogile, e bile re tswelela pele go tsenya tirisong togamaano ya rona ya kgwebo ya dijethale jaaka fa re ntse re ipaakanyetsa dikgwetlho tse re sa di itseng tsa mo isagweng.

Mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng, rotlhe re ne re ipelela keteko moletlo ka ntlha ya meletlo ya rona ya kalogo.  Go atlega ga baithuti ba rona gape ke go atlega ga rona. Ka jalo, mo Letsatsing leno la Boditšhabatšhaba la Badiri, NWU e akgola lona maloko a rona a badiri, ka ntlha ya go thusa ga lona ka kgolo le katlego ya rona.

Leloko la badiri, dikgwetlho tse re lebaneng le tsone di tla tlhoka modiri yo mosha, yo o ikemiseditseng, yo o kgotlhelelang le yo o nang le matswela thata mo tirong go ka kgona go lebana le dikgoreletsi dipe le gone tsotlhe tse YBB e lebaneng le tsone. Kent Sanders, moporofesa kwa St Louis Christian College kwa Florissant, kwa Missouri, a re dikgwetlho tse disha di na le mesola e le mentsi: Kgwetlho e ntšha e ka nna ya go tlhoka gore o ithute dikgono-tiro tse disha tse di akaretsang go katisiwa gape. Mo godimo ga moo, go oketsa go nna mosola ga gago mo setheong. “Go tlhatloga ga lekhubu mo lewatleng go tlhatlosa dikepe mo boemakepeng.” Selekanyo se tiro ya gago e kgotsofatsang ka sone le sone se ka nna sa tlhatlosiwa ke kgwetlho e ntšha. Kente a re go na le mefuta ya batho e mebedi mo tirong: “Ba ba e itshokelang, le ba ba natefelelwang ke yone.”

Ke gone ka moo ke batlang go lo rotloetsa gore lo amogele ditšhono tsa go gola mo tirong, , lo ithute le go itlwaelanya le diphetogo tse di diregang ka bonako mo tirong. Go nna le maikutlo a a siameng go akaretsa halofo ya dilo tsotlhe tse di tla go atlegisang!

Nna o itisitse gongwe le gongwe kwa o tla bong o keteka letsatsi leno gone.

Ke lo eleletsa masego

 

Mop Linda du Plessis

Mogokgo le Motlatsamokanseliri wa nama o tshwere

NWU e keteka Letsatsi la Kgololosego

27 Moranang 2022


Gompieno ke letsatsi la go keteka le go gopola Letsatsi la Kgololosego mme ke motlha wa go akanya thata le go itumelela kgololesego e re e jang monate rotlhe.

Le fa go le jalo, go ka se ganelwe gore le fa rona, rotlhe ba re leng baagi ba Aforikaborwa, re dirile ka maatla go bona kgololesego ya rona, go santse go na le didikadike tsa baagi ba ba santseng ba gapetswe kwa thoko ga morafe, ba na le mathata a mantsi a botlhokatiro, malwetsi le mowa wa boitlhobogo ka kakaretso.

Ka kgololosego go tla le boikarabelo. Go tsamaisana le Molaotheo re tshwanetse go direla go tokafatsa boleng jwa maphelo a baagi botlhe mme re golole bokgoni jwa motho mongwe le mongwe. 

Naga e tlhageletswe ke masetlapelo a magolo beke e e fetileng ka dipula tse di kgolo le manyobonyobo, thata kwa KwaZulu-Natal. Mongwe le mongwe wa rona a ka diragatsa pharologano go nna teng le go thusa batho ba bangwe. Ke tlotla tiro e mongwe le mongwe a e dirileng go thusa le go ama maphelo a baagi-mmogo ba banna le ba basadi go diragatsa pharologano mo morafeng wa gago. Se ke boswa jo re bo eletsang yunibesiti ya rona le batho ba yone: setso sa go tlhokomela le go abelana, setso se se tla tswelelang sebaka morago ga gore re tloge mona mo lefelong le legolo le.

Le mo ditikologong tse dinnye le tsotlhe, Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(NWU) tsweleditse temoso ya tikologo e mo go yone batho ba yone, baithuti le badiri ka bobedi ba itumelela kgololosego ya bone - kwa ntle ga tshwenyego.

Re le setheo, re dirile thata mmogo le batsayakarolo botlhe go tlhomamisa gore re diragatsa kgololesego le go ja monate wa kgololesego ya rona. Mefutafuta ya dipholisi di dumeletswe ka ga kgang e go tlhomamisa gore re phalola selaga sa go bua fela kwa ntle ga go direla mabaka a a botlhokwa a a amang thata dikarolo tse di farologaneng tsa setšhaba sa rona sa yunibesiti.

Baaforikaborwa ba fitlheletse kgololosego ya bone ka ditlhabelo tsa didikadike tsa baagi - ba bangwe ba bone ba sa utlwang maungo a kgololosego mo maphelong a bone. Mme se se latelang jaanong ke fa rona mo NWU, le Baaforikaborwa ka kakaretso, re bona kgololosego e se botlhokwa, re tlabo re oka dikgakologelo tsa ba ba ileng ba bona ditlhabelo mo maphelong a bone gore rona rotlhe re bone kgololosego.

Fa re keteka Letsatsi la Kgololesego, a re gopole nopolo e e latelang ya ga Moporesidente wa pele, Mopr. Nelson Mandela: "Motho yo a tseelang motho yo mongwe kgololosego ke mogolegwa wa kilo, o lotleletswe mo morago ga ditshipi tsa kgolegelo tsa go nyatsa le tsa dikakanyonyana.”

Ke rotloetsa mongwe le mongwe wa rona, maloko a setšhaba sa NWU, go itumelela le go gopola Letsatsi la Kgololesego le go tsaya nakwana go akanya le go ineela sešwa go itse le go tlhaloganya ditshwanelo tsa botho le bosiamisi jwa boago mo nageng ya rona.

Madume ka masego

Mop Linda du Plessis

Mogokgo le Motlatsamokanseliri wa nama o tshwere

 

Sesotho 2023

Ditokelo tsa botho: ho ikarabella le boikarabelo ba rona

21 March 2023

Kajeno ke Letsatsi la Ditokelo tsa Botho naheng ena ya rona e ratehang. Letsatsi lena le ananela tsa rona tse bohloko tse fetileng ebile ke tshepiso ya tshepo le ho ba le tshepo bakeng sa naha e itsheheditseng ka hara batho ba merabe e mengata, botjhaba bo fapafapaneng, bodumedi bo bongata, ho se kgetholle ho ya ka bong le hlompho e phethahetseng bakeng sa ditokelo tsa botho. Ke sehopotso hore ena e ne e le nako eo ka yona Maafrika Borwa a itseng a neng a hloka diphemiti ho tsamaya ho tloha motseng ho leba metsetoropong, diphemiti tsa ho sebetsa, thepa eo e leng ya bona, ho reka thepa le ditshebeletso le ho kena dikamanong tsa lerato.

Ka la 21 Hlakubele 1960, mane Sharpeville, batho ba bang bao e neng e le karolo ya boipelaetso/mohwanto kgahlano le diphemiti tsena le ho melao ya dipase ba lahlehetswe ke maphelo a bona mme ba bang ba ile ba lemala ha maponesa a ne a thunyetsa ho baipelaetsi. Polao ya batho ba bangata ya Sharpeville e etsahetse dilemo tse 20 ka mora hore Matjhaba a Kopaneng a ananele Phatlalatso ya Lefatshe ka Bophara ya Ditokelo tsa Botho, e ileng ya theha ditokelo tsa botho tsa lefatshe ka bophara tse itshetlehileng ho botho, tokoloho, toka le kgotso. Ke ka lebaka la diketsahalo tsena tsa 21 Hlakubele 1960 le diketsahalo tse ding tse etsahetseng nakong ya dilemo ho phatlalla le naha ya rona hore Molaotheo wa rona o na le Bili ya Ditokelo, e netefaletsang seriti sa botho, tekano le tokoloho.

Ka hoo, re hopola Letsatsi la Ditokelo tsa Botho ho bontsha tsa rona tsa nako e fetileng le ho keteka ditokelo tseo rona jwalo ka Maafrika Borwa re natefelwang ke tsona kajeno. Jwalo ka ditho tsa setjhaba sa Yunivesithi ya Leboya-Bophirima (NWU) ka bophara, re tlameha ho bontsha botjhaba ba rona ba ditokelo tsa botho le mekgwa ya boitshwaro ya demokrasi. Re tlameha ho boela re tseba hore ditokelo tsa rona tsa botho di phethahaditswe ka hara moralo wa ho ikarabella le boikarabelo. Sena se bolela hore, ha feela baithuti kapa basebetsi ba sa thaba kapa ba sa kgotsofallang tshebeletso kapa taba e itseng, ba tlameha hape ho ananela le ho hlompha ditokelo tsa baithuti ba bang le basebetsi. Ho feta moo, kaofela ha rona re tlameha ho tsitlallela ho ba bomampodi ba ditokelo tsa botho. E mong wa bara ba babatsehang ba naha ya rona, Mobishopo Desmond Tutu, o kile a re haeba o le mahareng boemong bo se nang toka, o se o ikgethetse lehlakore la mohatelli. Haeba tlou e beile leoto la yona hodimo ha mohatla wa tweba, mme o re wena o mahareng, tweba e keke ya ananela ho ba mahareng ha hao. Ha re etseng hore mantswe a rona a utlwahale ha feela re bona ho se be le toka mme re kopanye diatla ho kgothaletsa ditokelo tsa botho.

Boitlamo ba NWU bo atamelang ho botjhaba ba ditokelo tsa botho bo kenyelleditswe setatemente sa rona sa mawa - ho fetola le ho beha NWU jwalo ka institushene ya bonngweng ya bokgabane bo hodimo ba thuto, e nang le boitlamo ho toka setjhabeng. Mokotaba wa Kgwedi ya Ditokelo tsa Botho ya selemo sena ke #LeaveNoOneBehind - phethahatsa ditokelo tsa hao. Sena se hoa ho rona ho ananela mawa a kenyelletsang mmoho le ditlwaelo ho phatlalla le dibaka tsohle tsa tshebetso ya rona. Batho ba amehang ba bohlokwa haholo ba NWU, ho kenyelletsa basebetsi le baithuti, ha jwale ba na le seabo ho projeke ya rona ya ho hlahlobisa mawa - Ho Isa NWU Pele. Re entse ditefello tsa pele ho nako bakeng sa baithuti ba FTEN ba sa ntseng ba emetse thuso ya ditjhelete ya NSFAS mme re lefile ditjhelete tsa tlatsetso tse fumanehang ho thusa baithuti ba tshwanelwang ke thuto hore ba ngodise. Re ekeditse nako ya ngodiso le ho hlophisa bakeng sa difakhalthi ho etsa ditlhophiso tse ikgethang ho lokisetsa baithuti ba nang le ngodiso ya nakwana. Re etsa tsena tsohle e le ho netefatsa hore, kamoo ho kgonahalang ka teng, bohle ba kenyelleditswe, mme ha ho na ya salletseng morao.  

Ka la 10 Hlakubele 2023 re saenne memorandamo wa kutlwisiso (MoU) le Khomishene ya Ditokelo tsa Botho ya Afrika Borwa. Bohatammoho bona bo tla re neha bokgoni ba ho matlafatsa boikitlahetso ba rona ho kgothaletsa botjhaba ba ditokelo tsa botho ka hara NWU le matjhabeng a re potapotileng. Bohatammoho bona bo kenyelletsa ho ithuta le ho kenngwa tshebetsong ha ditaba tse ngata, ho kenyelletsa mananeo a kaho ya mothamo, diphuputso, ho etswa ha maano, ho arolelana ka tlhahisoleseding le a boemedi. Re lebelletse ho kenngwa tshebetsong hanghang ha MoU ho ntlafatsa kgothaletso ya botjhaba ba ditokelo tsa botho ditokoloho tsa baithuti le basebetsi ba rona. Bohatammoho bona bo tla matlafatsa qeto ya rona ya ho fedisa diketsahalo tsa dikgoka tsa bong le mefuta yohle ya kgethollo esitana le ho qhelelwa ka thoko ke ditlolo tsa molao tsa ditokelo tsa botho tsa motheo.

Jwalo ka lelapa la NWU le Maafrika Borwa, re tlameha hore ka mehla re hopole moo re tswang teng le ho etsa boitlamo ba ho se hlole re pheta ditlolo tseo tsa molao. Ka kopo ntumelle ho o hopotsa ka ketapele ya Molaotheo wa rona:

Rona, batho ba Afrika Borwa,
Re elellwa ho se be le toka ha nako e fetileng ya rona;
Ho tlotla ba sotlehileng ka lebaka la toka le tokoloho ya lefatshe la rona;
Re hlompha ba sebeditseng ho aha le ho ntshetsa pele naha ya rona; le
Ho dumela hore Afrika Borwa ke ya bohle ba phelang ka hara yona, re kopane ka hara ho se tshwane ha rona.
Ka hoo, ka tshebediso ya baemedi ba rona ba kgethilweng ka bolokolohi, re ananela Molaotheo ona jwalo ka molao o phahameng ka ho fetisisa wa Rephaboliki e le ho-

  • Re fodisa dikarohano tsa nako e fetileng le ho theha setjhaba se itshetlehileng ho mekgwa ya boitshwaro ya demokrasi, toka setjhabeng le ditokelo tsa botho tsa motheo;
  • Re etsa motheo bakeng sa setjhaba sa demokrasi se bulehileng seo ho sona mmuso o itshetlehileng ho thato ya batho mme moahi e mong le e mong a sireleditswe ka ho lekana ke molao.
  • Ntlafatsa boleng ba bophelo ba baahi bohle le ho lokolla bokgoni ba motho e mong le e mong; le
  • Ho aha Afrika Borwa e kopaneng ya demokrasi e kgonang ho nka sebaka sa yona se nepahetseng jwalo ka mmuso wa tokoloho lelapeng la matjhaba.

Morena boloka setjhaba sa heso.
Nkosi Sikelel’ iAfrika. Morena boloka setjhaba sa heso.
God seën Suid-Afrika. Morena a hlohonolofatse Afrika Borwa.
Mudzimu fhatutshedza Afurika. Hosi katekisa Afrika

Profesa Bismark Tyobeka
Mosuwehlooho le Motlatsi wa Mokanseliri

Ke le lakaletsa tse molemo ka ho fetisisa bakeng sa ditlhahlobo tsa mafelong a selemo

1 November 2022

Seithuti se ratehang sa NWU

Ke le lakaletsa tse molemo ka ho fetisisa bakeng sa ditlhahlobo tsa mafelong a selemo. 

Nakong ena ya tekolo, ho bohlokwa hore o fane ka sohle seo o nang le sona ho netefatsa sephetho se atlehileng bakeng sa hao.  Ho ka na ha e ba le dinako tseo o ikutlwang u tsielehile. Seo sea utlwahala. Ke karolo ya leeto. Ka kopo iphe nako ya ho phomola me o fumane ditsela le mekgwa ya ho intlafatsa. Ee, ditlhahlobo di bohlokwa bakeng sa katleho ya hao. Leha ho le joalo, bophelo ba hao bo bohlokwa. Ka hona, ke le khothaletsa ho sebedisa ditshebeletso tsohle tse teng tsa tshehetso yunivesithing haeba ho ka hlaha tlhoko. Ke kgodisehile hore o na le matla le bokgoni ba ho atleha le ho betla tsela ya hao bakeng sa bokamoso. 

Lebitsong la Komiti ya Tsamaiso ya Yunivesithi, ke lebohela wena le basebetsi bohle ba thuto le tshehetso bakeng sa ho netefatsa selemo se atlehileng sa thuto. Selemo sena sa thuto se ka be se sa fihla boemong bona ntle le boitlamo le boikemisetso ba bohle ba amehang. Rea tseba hore ho ikamahanya le maemo a ho ruta le ho ithuta ka mora diphihlelo tsa dilemo tse pedi tse fetileng ke tshebetso e tsoelang pele. Ke leboha se fele pelo ha lona le mamello ya lona.  

Mahlohonolo le ditakatso tse molemo.

Ng Mzubanzi Bismark Tyobeka
Mosuwehlooho le Motlatsi oa Mokhanseliri 

Re elelloa le ho keteka letlotlo la rona

Selemo se seng le se seng, Aforika Borwa e thabela matsatsi a phomolo a naha a 12, ao kaofela a nang le bohlokwa bo boholo ho motho ka mong le ho boitshupo ba rona ba naha.

24 Loetse ke Letsatsi la Letlotlo la Naha, letsatsi leo ka lona re ananelang le ho keteka ditlatsetso tse ruileng le tse mebalabala tsa letlotlo la rona le fapaneng la setso. Yunivesithi ya Leboya Bophirima (NWU) ke lehae la basebetsi le baithuti ba Ditso le dimelo tse fapaneng. Ka hona, ho na le tlhokahalo e kholo ea hore kaofela ha rona re lwanele ho utlwisisa le ho ananela diphapang tsena. Re fana ka menyetla ea hore basebetsi le baithuti ba atolose maikutlo a bona mabapi le setso, puo le ditaba tse ding tse amanang le tsona. Ho phaella boitlamong ba rona ba toka ea setjhaba le melao ea boitshwaro ea tlhokomelo, re amohetse mefutafuta le kenyeletso e le e nngwe ea rona NWU ditekanyetso tse sebetsang maemong a basebetsi le baithuti. Re qholotswa ho phela ka ditekanyetso tsena le ho etsa bonnete ba hore e mong le e mong ka hara lelapa le pharaletseng la NWU o ikutlwa a ananetswe, a amohelehile mme a ananelwa.

Ha re ketekeng Letsatsi lena la Letlotlo mme re le sebedise e le monyetla oa ho hlohlelletsa ho hlompha letlotlo la setso le diphapang tsa ba bang. Le ka mohla ha rea lokela ho nyenyefatsa ho hloka tsebo le leeme la ho se tsebe seo ka dinako tse ding re welang ho sona. Ka hona, ho tlamehile ho rona ho amohela hore re tlameha ho dula re ithuta le ho ithuta ka basebetsimmoho le rona le baithutimmoho le rona, haholoholo ba tswang ditsong tse fapaneng tsa setso le lefa. Ha re nahana hore na re tswa hokae re le yunivesithi, re hatetse pele haholo mabapi le ho aha setjhaba sa nnete sa NWU se nang le ditekanyetso tse arolelanwang le pono e le nngwe. Kea tseba hore ho tla ba le dikhaello le ditshitiso tse itseng leetong la rona, empa ka kopanelo re tlameha ho dula re tsepamisitse maikutlo ponong ea rona le ho nyatsa eng kapa eng le mang kapa mang eo sepheo sa hae e leng ho senya leeto lena.

Ke tseba ka mananeo a setso le mefutafuta ao basebetsi mmoho le Batho le Setso le Bophelo ba Baithuti ba a phethahatsang e le karolo ya Projeke ya rona ya Ditekanyetso tsa NWU. Ke khothalletsa bohle ho kenya letsoho mananeong ana a bohlokwa haholo ho ananela ka botlalo leeto la rona la phetoho le mekhoa ea setso.

E se eka re ka keteka Letsatsi lena la Letlotlo ka phapanyetsano e ntle ea maikutlo, e reretsweng ho utlwisisa le ho ananela lefa la setso le semelo sa e mong. Ona ke boikarabello ba motho e mong le e mong ea phelang naheng e nang le ditso tse ngata joaloka ea rona. Ke yona e etsang hore re rue ho latela setso le pono ea lefatshe.  

Ke le lakaletsa Letsatsi la Letlotlo le tletseng monate.


Kea leboha
Baie dankie
Ke a leboga

Ng Bismark Tyobeka
Mosuwehlooho le Motlatsi wa Mokanseliri

Letsatsi la Basadi: letsatsi la tlhompho, ho thuisa le boitlamo

9 Phato 2022

Phato ke Kgwedi ya Basadi naheng ya rona. Ke kananelo le tlotlo ho basadi ba fetang 20 000 ba ileng ba hwantela Union Buildings ka la 9 Phato 1956 ho ipelaetsa kgahlanong le melao ya dipasa le tsamaiso ya kgahello e neng e nka basadi jwalo ka dibopuwa tse tlase tse hlokang ho laolwa le ho hanelwa ho fihlella disebediswa le mesebetsi e itseng. Hape ke kananelo le keteko ya karolo ya bohlokwa eo basadi ba tswelang pele ho e bapala dikarolong tsohle tsa setjhaba.

Rona, Yunivesithi ya Leboya-Bophirima (NWU), re eketsa ka lentswe la rona ketekong ya basadi ba makatsang naheng ya rona, haholoholo basadi ba Sehlopha sa NWU ba bapalang karolo ya bohlokwa katlehong ya rona le ho netefatsa hore re dula re tsepamisitse maikutlo ho phethahatseng toro ya rona – ho ba yunivesithi e tsebahalang lefatsheng ka bophara Afrika, e ikgethang bakeng sa boithuto bo kopanetsweng, ho arabela setjhabeng, le boitshwaro ba tlhokomelo.

Re motlotlo ka kgatelopele eo re e entseng ho fihlela jwale ho netefatsa maemo a matle a dumellang ho phahamisa le ho matlafatsa tekano le tekatekanyo hara basebetsi le baithuti ba rona. Leha ho le jwalo, ho sa ntse ho e na le ho hongata ho lokelang ho etswa. Ka hona, re itlama hape ho lekola maano, melao le ditlwaelo tsohle tse amehang ho netefatsa hore re potlakisa tswelopele ya rona le ho atisa melemo ya rona.

Ka maswabi, re tswela pele ho bala/ho utlwa le ho bona ditlolo tsa molao tse tobisitsweng haholo ho basadi. Ho ya ka dipalopalo tsa botlokotsebe tsa Ditshebeletso tsa Sepolesa sa Afrika Borwa bakeng sa kotara ya pele ya 2021/2022, ditlolo tsa molao tsa polao le tsa thobalano naheng ya rona di ile tsa phahama ka 66,2 % le 74,1% ka tatellano, selemo le selemo. Boemo bona bo bobe ha bo amohelehe mme bo hloka ho emisa. Re le NWU, re itlamme hore re tla fedisa diketso leha e le dife tsa tlhekefetso ya bong hara baithuti le basebetsi.

Leha re amohela diphuputso le ditlaleho tse behang hore dikhamphase tsa rona ke tse bolokehileng ka ho fetisisa Afrika Borwa, re a tseba hore letsatsi le leng le le leng le hlahisa mathata a polokeho ya mmele le maikutlo le mathata ho basebetsi le baithuti ba rona, haholoholo basadi. Ke kgothalletsa banna bohle bao e leng basebetsi le metswalle ya NWU ho kenya letsoho ka maholoholo ho kgothaletseng dibaka tse sireletsehileng bakeng sa basadi le banana. Ha re amoheleng hore tlhekefetso ya bong e ama basadi le banana ka mokgwa o sa lekanyetswang, mme re qobe mabaka a se nang thuso le papiso.

Ka Letsatsi lena la Basadi, ha re nkeng monyetla wa ho nahanisisa le ho inehela ho fedisweng ha boitshwaro bofe kapa bofe bo reretsweng ho kgetholla le ho utlwisa batho bohloko – bomme ba rona, dikgaitsedi tsa rona le baradi ba rona - ka mokgwa o pepenene kapa ka lekunutu hobane ke basadi.

Ke lakaletsa basadi bohle ba NWU Kgwedi e bolokehileng le e monate ya Basadi, le Letsatsi la Basadi le lehloonolo le monate. Ke labalabela ho buisana le basebetsi le baithuti mabapi le mekgwa le mekutu eo ka yona re ka thehang le ho boloka dibaka tse nang le botsoalle le tse sireletsehileng ka hara yunivesithi ya rona.

Enkosi
Baie dankie
Ke a leboha

Ngk Bismark Tyobeka
Mosuwehlooho le Motlatsa-Mokanseliri

Ha re keteka Letsatsi la Basebetsi, ho tla dula ho hlokahala mofuta o motjha wa basebetsi

1 Motsheganong 2022

Matsatsing a phomolo a setjhaba a ketekwang Afrika Borwa, bohlokwa ba Letsatsi la Matjhaba la Basebetsi, le ketekwang kajeno, mohlomong ke lona leo ho phehisanwang ka lona ho fetisisa.

Bohareng ba maikutlo a mangata ke hore na maemo a basebetsi a fetohile hore a be betere kapa tjhe. Kgang e atisa ho bakwa ke matla a kgahlanong le demokrasi a nnileng a belaella mme a tswela pele ho belaella melemo e entsweng ke basebetsi. Leha ho na le maikutlo a fapaneng, a amohelehang pusong ya demokrasi e kang ya rona, seabo le nyehelo ya basebetsi lefatsheng ka bophara e ntse e le ntho e ke keng ya hanyetswa.

Melao ya basebetsi e laolang boholo ba lefatshe le tswetseng pele tlohile dimaele ka ho hlaka hole le merero ya bahatelli e neng e tsebahala lefatsheng nakong e fetileng – ho kenyeletswa le mona Afrika Borwa.

Dilemo tse pedi le halefo tse fetileng di ile tsa tlama mosebeletsi e mong le e mong ho ikamahanya le mokgwa o motjha wa mosebetsi ka lebaka la tshusumetso ya Covid-19. Le hoja ditlwaelo tsena di ne di le bohloko, sehlopha sa basebetsi se bontshitse kamoo, ho sa tsotellehe mathata, re ka finyellang ho hongata ka ho sebetsa mmoho. Mme ha ho kae kapa kae moo sena se neng se hlakile ho feta Yunivesithing ya Leboya-Bophirima (North-West University (NWU)).

Ho sa tsotellehe tahlehelo ya mesebetsi makaleng a fapafapaneng ka hara naha, ha ho le ya mong wa basebetsi ba NWU ya ileng a nyaolwa nakong ya sewa sena. Le hoja ho le bohlokwa ho keteka katleho ena e bontshintseng kamoo boetapele ba NWU bo atlehileng ho tsitsisa sekepe nakong ya sewa sena, ha re a lokela ho iketla le ho se tsotelle ka sona. Ho sa ntse ho tla etswa ho hongata haholo!

NWU e hatetse pele ka ho tswella ho ba ditheong tse fetang tsohle tsa thuto e phahameng lefatshe ka bophara. Re ntse re tswela pele ho atolosa lenane la mananeo a rona mme yunivesithi e boemong bo tsitsitseng ba ditjhelete. Dipalopalo tsa rona tsa ngodiso ya baithuti di nyolohile, mme re tswela pele ka botebo ka ho kenya tshebetsong leano la rona la dijithale ha re ntse re itokisetsa diphephetso tse sa tsejweng tsa kamoso.

Dibekeng tse mmalwa tse fetileng bohle re utlwile moya wa ho keteka o tlisitsweng ke mekete ya rona ya dikapeso. Katleho ya baithuti ba rona le yona ke katleho ya rona. Ka hona, Letsatsing lena la Matjhaba la Basebetsi, NWU e ya le tlotla, lona basebeletsi ba rona, bakeng sa nyehelo ya lona kgolong le katlehong ya rona.

Leha ho le jwalo, iphephetso tseo re tobaneng le tsona di tla hloka mofuta o motjha wa mosebetsi, ya ikemiseditseng, ya phehellang le ya hlahisang ditholwana ka ho lekaneng ho tobana le ditshitiso leha e le dife tseo NWU e tla tobana le tsona. Kent Sanders, moprofesa wa St Louis Christian College e Florissant, Missouri, o re diphephetso tse ntjha di na le melemo e mengata: Phephetso e ntjha e ka nna ya hloka hore o fumane tsebo e ntjha e akarelletsang kwetliso ya tlatsetso. Ho feta moo, e phahamisa boleng ba hao setheong. “Leqhubu le ntseng le phahama le phahamisa dikepe tsohle boemakepe.” Boemo ba hao ba ho kgotsofala mosebetsing le bona bo ka nna ba phahamiswa ke phephetso e ntjha. Kent o re ho na le feuta e mmedi ya batho mosebetsing: “Ba e mamellang, le ba e thabelang.”

Ke ka hona ke ratang ho le kgothaletsa ho amohela menyetla ya ho hola, ho ithuta le ho ikamahanya le ditlhoko tse fetohang ka potlako tsa sebaka sa mosebetsi. Boikutlo bo botle ke halefo ya lekunutu la katleho!

Le bolokehe hohle moo le ka iphumanang le keteka letsatsi lena.

Ke le lakaletsa mahlohonolo

 

Prof Linda du Plessis

Mosuwehlooho le Motlatsa Mokanseliri ya tshwereng mokobobo

 

2021

Molaetsa o o tswang go Motlatsa-mokanseliri Letsatsi la Ngwaoboswa la 2021

24 Letsatsi 2021

 

Letsatsi la di 24 Lwetse ke Letsatsi la Ngwaoboswa mo nageng ya rona. Jaaka fa re tla bo re keteka letsatsi leno, re gopotswa ka dipharologano tsa rona tsa methalethale le ngwaoboswa e re e tlhakanetseng jaaka Maaforikaborwa. Seno ke sengwe sa dilo tse di nonotshang bomorafe jwa rona le go re rotloetsa go gagamalela isagwe e e itumedisang.

Letsatsi la Ngwaoboswa le re naya tšhono ya go akanya ka seno, go lemoga le go tlotla khumo ya boswa jo re neng le jone.  Ke paka e e tshwanetseng ya go anaanela le go keteka hisitori mmogo le dingwao tsa rona jaaka fa re ntse re tswelela pele go bopa boitshupo jwa naga ya rona.

Go farologana ga rona ka ditso le maitemogelo a re nang le one go dira gore mongwe le mongwe wa rona a ithute mo go yo mongwe, le go batlana le mokgwa o o tshwanang wa go tlhama le go tokafatsa momagano ya rona ya setšhaba. 

Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) e na le batho ba ba tswang mo ditlhopheng tsa ditso tse di farologaneng, maemo a botshelo le ditšhaba tse di farologaneng. Jaaka fa re ntse re lekela pele kwa setsong sa rona se re se rulagantseng ka go se tlhakanela, re nna le maitemogelo le diphitlhelelo mo nageng ya rona, go sa kgathalesege dikgwetlho tse re kopanang le tsone.

Yunibesiti ya rona e na le hisitori e e humileng e e nonotshiwang ke dipharologano, go akarediwa ga batho botlhe le go tlhokomelana ga rona. Re tswelela pele go gola le go gatela pele mo go gagamaleleng maemo a a kwa godimo le go itsetsepela ga setso sa rona, jaaka fa seno se bontshiwa ke maduo a re a neilweng a bošeng jaana a boditšhabatšhaba.

Re motlotlo ka kgatelopele e re e dirileng ya go akaretsa batho ba ditso tsotlhe, dipharologano le go momagana ga setšhaba sa rona. Le fa go ntse jalo, re a lemoga gore go sa ntse go na le mo gontsi go go dira, mo teng ga NWU le mo nageng ya rona. Gore re kgone go dira seo, ke rotloetsa maloko otlhe a NWU go diragatsa seabe sa bone sa go dira gore re nne le setheo se se leng seoposengwe. Mo godimo ga moo, a re tsweleleng pele go diragatsa seabe sa rona sa go tlisa tshiamiso ya loago mo nageng ya rona le mo lefatsheng lotlhe jaaka motho ka bongwe le fa re le setlhopha. 

A re ketekeng Letsatsi la Ngwaoboswa la di 24 Lwetse mmogo le go tswelela pele ka go humisa ngwaoboswa ya rona le dipharologano tsa rona go ya dikokomaneng tse di tlang.

Itlhokomeleng tsweetswee.

Mop Dan Kgwadi             

Mogokgo le Motlatsa-Mokanseliri

A rotlhe re emeng basadi nokeng

Fa re gopola Letsatsi la Basadi, Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) e tlotla mme e rolela hutse bomme ba ba direlang kwa gae, ba ba mo ditseleng le ba ba bulang ditsela mo magaeng, mo balosikeng, mo yunibesiting le mo merafeng ya rona.

NWU e motlotlo ka baakatemi, badirammogo ba kemonokeng le baithuti ba bomme ba ba dinatla ba ba itlhaolang ba ba diragaditseng diphetogo mme ba dira le dikabelo tse di kgolo mo ditikologong tsa bone tse di farologaneng. Pharologano ya bone e bophara mme e botlhokwa mo dikgaolong tse ba direlang kwa go tsone mme re tswelela go ba lebelela gore re amiwe ke bone ka kgothatso le ka kgakololo.

Ka letlha la 9 Phatwe 1956, palo ka katametso ya bomme ba le 20 000 ba ne ba gwantela kwa Dikagong tsa Mmuso tsa Union go dira kganano kgatlhanong le melao e e sa siamang ya dipase e e neng ya gatelelwa mo basading ba mo Aforikaborwa. Bomme ba ba ne ba le dinaledi tsa dikao tsa kutlwalo e bomme ba ka e tlisang le ditiro tse di botlhokwa ba di tlatsang go fetola setšhaba gore se tokafale.

Fa re keteka Letsatsi la Bomme, a re gopole ka keledi gore leroborobo le nako ya totlelelo e bontshitse tlhatloso ya kgokgontsho go ikaega ka bong e e diriwang kgatlhanong le basadi le basetsana ba mo Aforikaborwa. Ke ka lebaka le re tshwanetseng go kopanya rotlhe jaaka bomme ba Aforikaborwa ba dingwaga tse 65 tse di fetileng go lwantsha tlhatloso e ya kgobelelo e e diriwang kgatlhanong le bomme le bokgaitsedi ba setšhaba sa rona.

NWU ga se fela gore e garaswanya ditiro tsa kgokgontsho e e diriwang go bomme le bana mme e na le mokgwa le molao wa go se amogele gotlhelele kgatako ya ditshwanelo tsa botho. Yunibesiti e itlotla ka go bopa tikologo ya polokelo e e letlelelang ditšhono tse di lekalekanang gore badiri le baithuti botlhe ba rona ba otologe ka dithuto tsa bone, maiphediso a a farologaneng le maphelo a bone a sebele. 

NWU e tlaa tswelela go ruta badiri le baithuti ba yone ka matsholo a temogo le go nna e fana batswasetlhabelong kemonokeng ya mmele le maikutlo. Ke rotloetsa badiri le baithuti ba ba ikutlwang gore ba direlwa leswe mme ba direlwa ditiro tsa kgokgontsho go bega tse ka potlako. Fa se se diriwa re ka kgona go batlisisa le go tlhotlhomisa kgetsi. 

A re gatele pele gompieno le letsatsi le lenngwe le le lenngwe la ngwaga gore re bonwe re le babueledi le baemela tekatekano le phetogo.

Bomme, batlotlegi ba YBB, ba ditšhaba le naga ya rona, NWU e a le tlotla mme e le rolela hutse!

#NWUcares #IAMNWU #GreaterThan

Madume

Mop Dan Kgwadi

Mogokgo le Motlatsamokanseliri

SEGOPOTSO: LETSATSI LA BAŠWA 2021

16 Seetebosigo 2021

Fa re keteka Letsatsi la Bašwa, re gopola gape ba ba neng ba dira ditiro tsa boitebalo mme ka go dira jalo ba fetola tsela ya hisitori ya setšhaba sa rona fa ba ema mme ba emisa mantswe a bone. Go ba tlotla bašwa ba gompieno le bone ba tshwanetse go tsholetsa mantswe a bone go lwela Aforikaborwa, Aforika le lefatshe le le botoka go feta.

Ka letsatsi la 16 Seetebosigo 1976, dingwaga di le 45 pele ga jaanong, bašwa ba bangwe mo nageng ya rona ba ne ba emelela mme ba tsholetsa mantswe a bone mme ba nna batlisaphetogo mme ditlamorago ga ditiro tsa bone di sa tswelela le gompieno. Bone ba agetse bašwa ba gompieno motheo o ba agelang mo godimo ga lone gore ba nne baeteledipele le babulatsela ba phetogo le tlhabololo.

Bašwa ba 1976 ba tsere karolo e kgolo mo go simololeng ga ditirego go tlisa pakatsamaiso ya temokerasi le Molaotheo o o tshegetsang ditshwanelo tsa moagi mongwe le mongwe. Ba bontshitse gore motho ga a nke a nna mošwa thata go feta gore o tlise phetogo, mme o lwantshe kgobelelo mme o fekeetse mathata.

Bašwa ba gompieno, fela jaaka balekane ba bone ba 1976, ba na le dikgwetlho tsa lefatshe tse dintsi. Tsone gape ke tsa loago, tsa ikonomi mme mo godimo ga moo go na le dikgwetlho tsa tlholego le tsa bokgonitswelelopele.

Gompieno, Aforikaborwa e lebile matlhong mathata a bolayang a kutlwalo ya loago ya ikonomi ya leroborobo la Covid-19 le le tswelelang go tshosetsa maphelo le mekgwa ya go phela. Go na le ditiro tse dintsi tsa go dira go aga sešwa tshenyo e e diragalang mo mafelong a mantsi. Go aga sešwa go ka tlhoka baeteledipele ba ba phetakapejana le maitseo go ka isetsa pele naga gore re bone tlhabololo ya ikonomi le kgolo e e akaretsang botlhe. Bašwa ba tshwanetse go ema mo nakong e mme ba tseye karolo mo dikarolong tse di farologaneng tsa morafe.

Ga go na pelaelo epe gore lebelo la diphetogo le bosiamisi jwa boago mo nageng ya rona di tshwanetse thata go oketswa lebelo gore re kgone go bona tirisanommogo ya nnete. Ke fela ka kanaanelo le ka go bontsha kamogelano le go akaretsa botlhe, le phedisano le go amogela pharologano, re ka bonang tirisanommogo ya boago gore naga ya rona le NWU e nne maatla go feta mme e lwantshe mathata a a tswelelang a loago le a ikonomi a a neng a le teng le pele ga 1994. 

Go gotela ga lefatshepharephare le go fetola ga tlelaemete go tswelela go nna matshosetsi a rona rotlhe, a re tshwanetseng go tshwenngwa ke one mme re tshwanetse go tsaya karolo mme re kgone go bona ditharabololo tsa one. Bašwa ba ka kgone mme ba tshwanetse go tsaya karolo e kgolo e e botlhokwa go tlhomamisa polanete ka boitekanelo e e kgonang go tswelela pele. Dikarabo le ditharabololo tsa mathata le tsa dikgwetlho tsa rona ga se tse di bonolo. Le fa go le jalo, mowa o o ineelang kwa ntle ga go lapa le maikemisetso a bašwa a ka dira kabelo e e bonagalang e e tlisang kutlwalo mo go fitlheleleng ga ditharabololo tsa bokamoso. Bašwa ba tshwanetse go tsaya karolo mme ba dire dikabelo mo Maikaelelong a Tlhabololo e e Tswelelang a Ditšhabakopano.

NWU e dula e ikemiseditse go kgontsha le go ema nokeng bašwa ba rona ka thuto ya boleng go thatafatsa mantswe a bone mo go boneng ga ditharabololo tsa mathata tse di ka tswelelang go arabela dikgwetlho tse re di bonang mo gae le mo ditšhabatšhabeng. Re tlaa tswelela go baakanya bašwa go nna baagi ba ba matlhagatlhaga ka sekolašipi e e tseneletseng, e e arabelang ditlhokego tsa boago mme e na le mowa wa tlhokomelo.

Jaaka mantswe a bašwa ba ba pelokgale ba Aforikaborwa ba 1976 a sa utlwala mo dipelong le ditlhaloganyong tsa rona fa re gopola Letsatsi la Bašwa, le rona re gopotswa gore rona baagi ba ba matlhagatlhaga re ka dira phetogo mongwe le mongwe.

Ke kgothatsa baithuti botlhe ba rona go tsaya karolo mo mananeong a go tsaya karolo mo merafeng le mo diporojekeng tse dingwe tsa mo merafeng.

A re gopole Letsatsi la Bašwa ka boikarabelo le ka tlotlo.

Ka kopo dula o bolokesegile.

Mop Dan Kgwadi             

Mogokgo le Motlatsamokanseliri

 

Go tlhokafala ga Mop Marilyn Setlalentoa, Mothusa Motlatsamokanseliri: Tirisano le Morafe le Ditiragatso tsa Khamphase ya Mahikeng

20 Motsheganong 2021

Ke ka kutlwelobotlhoko e kgolo ke lo itsiseng ka go tlhokafala ga Mop Marilyn Setlalentoa, Mothusa Motlatsamokanseliri wa Tirisano le Morafe le Ditiragatso tsa Khamphase ya Mahikeng.  O re tlogetse gompieno, ka la 20 Motsheganong 2021 mme e le ka lebaka la dithatafatsi tse di tsamaisanang le COVID-19.
 
Megopolo le dithapelo tsa rona di na le lona, balosika, ditsala le badirammogo botlhe ba gagwe. Ruri re latlhegetswe ke pinagare e kgolo mo morafeng wa rona wa YBB. 
 
Re tsweleletse go tlhaeletsana le balosika mme re tlaa lo itsise ka nako ya tirelosegopotso le dithulaganyo tsa phitlho fa dithulaganyo di weditswe.
Madume ka khutsafalo
 
Mop Dan Kgwadi
Mogokgo le Motlatsamokanseliri 

Letsatsi la Badiri le bontsha karolo e kgolo ya ba bathapiwa

Letsatsi la Badiri la Boditšhabatšhaba e tlhatloswa maemo ke Mokgatlho wa Badiri ba Boditšhabatšhaba ka e le letsatsi le le ketekang dikabelo le diphitlhelelo tsa badiri mo lefatsheng lotlhe. Mo Aforikaborwa, letsatsi la 1 Motsheganong 2021, le tla nna ngwaga ya bomasomepedisupa go tloga mo Letsatsi la Badiri le le ileng la amogelwa semmuso mme la simololwa go ketekwa. Gape ke letsatsi le re amogelang tiro e e tswelelwang go dirwa ke mekgatlho ya go gatelela pele mabaka a badiri le badiri ka kakaretso mo nageng ya rona.

Ngwaga e, Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e keteka badiri botlhe ba yone ka boineelo jwa bone e ba e bontshitseng ka nako e e neng e tletse mathata le go sa itse bokamoso. Mo ngwageng e e fetileng lo ne la dira ka maatla mme la itirela le go itlwaedisa mokgwa o mošwa wa go dira le bophelo bo boswa.

Boineelo le tiro e kgolo ya lona di dirile gore mo gare ga Diphitlhelelo tsa kgato tse dingwe, re kgone go fitlhelela mme re tswe mampodi mo peong ya kemo e e diriwang ke Senthara ya Kemo ya Diyunibesiti tsa Lefatshe (Center for World University Rankings (CWUR)).  Ba atlhotswe kemo ya NWU mo diyunibesiting tse di kwa godimo di le 4,7% ka kemo mo kgatisong ya 2021/2022 mo lenaneng la bone la Lefatshepharephare 2000. Mo peong ya maemo a CWUR YBB e beiwa mo maemong a borobongwe mo Aforika mme mo maemong a bosupa mo Aforikaborwa. Phitlhêlêlô e e atlhamisang molomo e e ne e ka se fitlhelelwe fa go ne go se na boineelo le tiro e kgolo ya lona. Lona lo tswelela go dira kabelo e kgolo e e botlhokwa thata mo katlegong ya NWU. Ka mo boemong jwa baokamedi, ke ka rata go gatelela kgang gore re dira ka maatla go aga setso se se bontshang popego ya ponatshego, tlotlo, tshepo le tirisano. Se se botlhokwa thata mo katlegong le mo bokgonitswelelopeleng jwa rona re le setheo sa setšhaba sa thutogodimo.

Le fa go le jalo, badiri ba gompieno ba lebagantshitswe ke dikgwetlho tse dintšhwa. Leroborobo le totlelelo di tlisitse botlhokwa jwa gore re tlhokomele boitekanelo jwa rona jwa tlhaloganyo le jwa maikutlo. Re tlhaloganya gore, gore badiri ba dire sentle le ka tshwanelo go feta, ba tshwanetse go nna mo maemong a a siameng ka tlhaloganyo le ka maikutlo. Pheletso jaanong, ke gore re tla tswelela ka ditiro tsa go aga tikologo ya mo tirong e e arabelang ditlhokego tse tsa badiri ba rona. Gape re ka tswelela ka tiriso ya ditsenogare tse di ilweng tsa tlisiwa go tloga ka leroborobo go ema nokeng badiri ka boitekanelo jwa tlhaloganyo le jwa maikutlo le ka malwetsi a a tsamaisanang.

Ke ka rata go rotloetsa badiri botlhe go dira tsotlhe tse di ka kgonagalang go tlhomamisa gore boitekanelo jwa bone jwa tlhaloganyo le jwa maikutlo bo dule bo siame mme bo se boele morago fa re ntse re tswelela go dira ka mekgwa e e farologaneng gore re bone tekatekano mo tirong le mo bophelong. Ba ba itemogelang mathata ba ka ikgolaganya le lefapha la Boitekanelo jwa Batho le Setso go ka bona thuso le kemonokeng.

Jaaka jaanong fa re keteka Letsatsi la Badiri ka la 1 Motsheganong, a re tseyeng nakwana go gopola badirammogo ba rona ba ba ileng ba latlhegelwa ke maphelo ka ntlha ya Covid-19 le malwetsi a mangwe. A re tsweleleng go fana ka thuso le kemonokeng ya mefutafuta e e ka tlhokegang mo balosikeng le mo ditsaleng tsa bone. Dikakanyo tsa rona gape di tshwanetse go ya kwa didikadikeng tsa batho mo Aforikaborwa le mo lefatsheng ka bophara ba ba latlhegetsweng ke bophelo.

Tlotlo go badiri botlhe ba rona ka tswelelopele ya boineelo le maikemisetso a bone gore ba dire NWU legae le le amogelang batho botlhe mo legaeng le la bone. Go santse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go diriwa. Ka jalo, jaaka Moporesidente wa pele Moporesidente Mandela a buile, " ga go reye gore wena o alola malao kgotsa o rokela ditemalo, kgotsa o apaya dijo, kgotsa o kwadisa melemo, go mo diatleng tsa gago gore o age tirelo ya batho e e tlotlang botlhe ba ba neetseng maphelo a bone go bona toro ya temokerasi e nna nnete." A re tswelele go dira mmogo go bona Aforikaborwa le Aforika le lefatshe le le botoka go feta mme se se botlhokwa go feta, re netefatse toro ya rona gore  - go nna Yunibesiti ya mo Aforika e e amogelwang ke ditšhabatšhaba, e e itlhaolang ka sekolašipi e e tseneletseng, e e arabelang ditlhokego tsa boago mme e na le mowa wa tlhokomelo".

Ke le eleletsa Letsatsi la Badiri le sa yeng go lebalwa.

Mop Dan Kgwadi

Mogokgo le Motlatsamokanseliri

A re keteke mme re kgatlhegele dikgololosego tsa rona! 

Fa re keteka Letsatsi la Kgololo ka la 27 Moranang re gopola gape ditlhabelo tse dintsi tse di sa feleng le ditlamego tse di sa feleng tse di dirilweng ke ba ba lwetseng kgololosego ya rona. Letsatsi la Kgololo le re gopotsa gore re itumelele boleng jwa kgololosego thata jaanong ka nako ya Leroborobo la Covid-19 le le tswelelang go tlhakantsha maphelo a rona mme le tshosetsa kgololosego ya rona ya letsatsi le letsatsi e bangwe ba sa e ele tlhoko.

Ka 27 Moranang e tlabo e le dingwaga di le 27 go tloga ka nako ya ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi mo Aforikaborwa tse di re tsentseng mo tseleng ya go bona kgololosego ya sepolotiki. Le fa Aforikaborwa e tsweletse pele kgakala go tloga nako eo, re santse re na le dikgoreletsi tse dintsi gore re kgone go bona tshiamiso ya nnete ya boago le ikonomi mo bontsing jwa baagi ba mo Aforika ya Borwa.

Palo ya 27 e botlhokwa thata gape go re gopotsa dingwaga di le 27 tse Moporesidente wa pele, Nelson Mandela le ba bangwe ba bantsi ba e jetseng kwa kgolegong go lwela kgololosego ya rona. Mafoko a ga Moporesidente Mandela a santse a utlwala gompieno fela jaaka e rile a a bua pele fa a ne a re "go nna motho yo o nang le kgololesego ga se fela go latlhela fatshe dikeetane tsa gago mme ke go phela ka mokgwa o o tlotlang o o oketsang kgololosego ya ba bangwe."

Ke ka lebaka la tlotlo ya kgololosego ya rona le ya batho ba bangwe Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e tswelelang go ineela go diragatsa le go bona tekatekano le paakanyo le go maatlafatsa le go tsholetsa Baaforikaborwa ka go dirisa diporokerama tsa akatemi le diitshimololelo tse dingwe tse di lebeletseng go merafe. Ka go kaelwa tsela ke mokgwa wa rona wa go tlhokomelana, re ineela sešwa go dirisana go feta le batsayakarolo ba rona mo ditikologong tse dintsi tsa morafe gore re fane ka diporokerama tsa thuto le go ithuta le tsa patlisiso gore re tsholetse maemo a batho le a merafe mme re ba maatlafatse go itumelela dikgololesego tsa bone.

Re a itse gore ga go bonolo fela mme re tshwanetse go buisana ka maatla ka dikgwetlho tse di tswelelang mo nageng ya rona mme re dirisane go direla bokamoso jo banna le basadi ba bantsi ba mo nageng ba duetseng ka maphelo a bone. Ka Letsatsi la Kgololo le, a re gopole gore bangwe ba Baaforikaborwa ba rona ba ditso tse di farologaneng le ba maitshetlego a mangwe ba ile ba latlhegelwa ke maphelo a bone fa ba lwela naga e mo go yone go nne le baagi ba ba ka bonang dilo ka go farologana mme ba buisane ka maatla mme ba ntse ba tlotlana ditshwanelo tse di farologaneng le mekgwa e e farologaneng ka mekgwa e mentsi. Re tshwanetse go kgatlhegela baagi-ka-rona ba Maaforikaborwa mme re katise ditshwanelo tsa rona tsa temokerasi tsa mongwe le mongwe.

Fa go na le sengwe se le nosi se leroborobo la COVID-19 e re rutileng sone go fitlhela jaanong jaana ke gore kgololosego e botlhokwa mme e ka busetswa morago gape ka pele. Ka jalo, re tshwanetse go kgatlhegela le go itumelela kgololosego ya rona letsatsi le letsatsi mme re ntse re itse thata ntlha ya gore Molaotheo wa Aforikaborwa ke one o o emelang, o o sireletsang kgololosego ya rone rotlhe ba re leng Baaforikaborwa.

Ke rotloetsa mongwe le mongwe wa rona, maloko a morafe wa YBB, go itumelela Letsatsi la Kgololo ka la 27 Moranang mme tsaya nakwana go akanya le go ineela sešwa go itse le go tlhaloganya ditshwanelo tsa botho le bosiamisi jwa boago mo nageng ya rona.  

 

Madume ka masego

Mop Dan Kgwadi
Mogokgo le Motlatsamokanseliri

North-West University students expelled

4 April 2021

Three North-West University (NWU) students have been expelled from the university during the past two weeks because of their illegal actions in two separate incidents recently.

Read more

Molaetsa wa Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho

21 Mopitlwe 2021

Puso ya temokerasi ya Aforikaborwa e na le dingwaga di le 27, mme mo letsatsing leno la Ditshwanelo tsa Batho le re le ketekang ka di 21 Mopitlwe, re tswelela pele go gopodiwa kgakala kwa re tswang teng jaaka naga.

Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho ke segopotso sa batho ba le 69 ba ba neng bolawa le ba le 180 ba ba neng ba gobala ka nako ya Kgailo ya Polao ya Sharpville ka 1960, e morago ga yone go neng ga nna le mogwanto wa batho ba ba tlwaelegileng fela ba dira ditshupetso kgatlhanong le melao e e sa siamang ya dipasa, e e neng e kgoreletsana le tshwanelo ya bone ya go itsamaela fela ka kgololesego.

Dingwaga di le 51 morago ga masetlapelo ano, baagi botlhe ba Maaforikaborwa le banni ba naga e ntle eno ba na le ditshwanelo tsa batho le maikarabelo ka go lekalekana.

Tumalanong le Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho, YBB e leka go nna le ngwaga wa boseoposengwe le tsholofelo.

Re solofela gore mo isagweng, YBB e tlile go nna setheo se se akaretsang botlhe, se se tlotlomatsang le go amogela badiri le baithuti go tswa mo ditsong tse di farologaneng tsa botshelo le maemo otlhe a botshelo.

Malebana le seriti, kgololesego le ditshwanelo tsa badiri le baithuti, re nna re ikemiseditse go dira gore di se gatakelwe, ke gone ka moo re tlhamileng dipholisi gore mongwe le mongwe a kgone go itlhalosa ka kgololesego ka tsela e e nang le maikarabelo gore ene ke mang le go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tsa loago tsa go ruta, go ithuta, le go dira.

Mo Letsatsing leno la Ditshwanelo tsa Batho, tsaya motsotswana o bone gore o ka tswelela pele jang go bontsha go amega ka batho ba bangwe le go tshegetsa ditshwanelo tsa batho botlhe.

Jaaka fa manokonoko a Covid-19 a tswelela pele go ama batho lefapha ka bophara, a re gakologelweng gore re na le ditshwanelo, mme ditshwanelo tseo di na le maikarabelo a re sa a diragatseng mo go rona fela mme le mo banneng le mo basading botlhe ba bangwe.

Ke lo rotloetsa lotlhe gore lo ikobele melawana ya yunibesiti e boikaelelo jwa yone e leng go fokotsa go anama ga mogare jaaka fa re leka go nna le ngwaga o o nang le kutlwano le tsholofelo mmogo.

 

Ke a leboga

Mop Dan Kgwadi

Mogokgo le Motlatsa-Mokanseliri

 

 

Ditiragalo kwa Khamphaseng ya rona ya Mahikeng

20 Mopitlwe 2021

Modiri le moithuti yo o rategang wa Khamphase ya Mahikeng

Gompieno jaana, ke lo kwalela go tlhalosa khutsafalo ya me e e tseneletseng le go tsielega ka ntlha ya mokgwa o baithuti ba Khamphase ya Mahikeng ba itshwereng ka one, segolobogolo fa go na le mokgosi wa go emana nokeng le go nna seoposengwe mo dikgannyeng tsa  bosetšhaba.

Ke ile ka gatelela gangwe le gape gore, Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, e tshegetsa le go lebogela matsholo otlhe ao boikaelelo jwa one e leng go tlhomamisa go amogelwa ga baithuti le go atlega ga bone mo setheong sa thutogodimo sa naga ya rona. Baithuti botlhe ba rona mo dikhamphaseng tse tharo le ba ba ithutelang kgakala le setheo sa thuto  ba ba tshwanelegelang thuso eo mo dithutong tsa bone, ba na le tshwanelo ya go tshegediwa tumalanong le mokgosi wa bosetšhaba wa go thusiwa ga bone ka madi le ka thuso e nngwe. Gape baithuti ba gololesegile go ka bolelela setlhopha sa botsamaisi dingongorego tsa bone ka go dirisa mafapha a baithuti a yunibesiti le mekgwa e e amogelesegang.

Go na le mokgwa mongwe o o sa feleng wa go ganelela mo ditirong tsa tirisodikgoka mo Khamphaseng ya Mahikeng, go thujwa le go senngwa ga dikago le go tshosetsa bana-le-seabe ba rona.

Ga go bonale ba anaanela ka gope didirisiwa tse re idirileng ka natla gore re nne le tsone go tlhomamisa gore baithuti mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo ba nna le didirisiwa ka go lekalekana.  Mo bekeng eno, baithuti ba ba ka fa tlase ga 100, mmogo le ba e seng baithuti ba ba sa kgatlhegeleng ka gope  go atlega ga yunibesiti kgotsa ba ba sa eleletseng baithuti ba rona dilo tse di molemo, ba thubile dikago tsa yunibesiti, mme ditiro tsa bone di dirile gore Khamphase ya Mahikeng e tswalwe. Badiri ba ne ba sa kgone go tsena mo khamphaseng mme ka ntlha ya moo ba ne ba sa kgone go thusa baithuti ka ditirelo tsa botlhokwa, go akaretsa le go netefatsa dithuto tse ba tlileng go di ithuta le go ikwadisetsa tsone. Diporojeke tsa rona tsa tlhabololo ya ditirelo le tsone di amegile ka tsela e e sa siamang ka gonne dikonteraka ga di kgone go tsena mo khamphaseng.

Ditshupetso tsa ngwaga ono di direga re le mo gare ga leroborobo la Covid-19 le le ntseng le tswelela go ganyaola matshelo. Re dirisitse dimilione tsa madi go dira gore dikhamphase tsa rona e nne tse go ikobelwang melawana ya Covid-19 mo go tsone, le go tlhomamisa gore baithuti ba rona ba kgone go boela mo dikhamphaseng. Re dirile seno ka gonne re tsaya pholo le tshireletsego ya badiri le ya baithuti e le botlhokwa thata, e bile re batla go tlhama maemo a tikologo a a tla dirang gore lo atlege. Le fa ba le bantsi ba badiri le baithuti ba rona ba nnile le seabe mo ditirong tse di bontshang gore lo seoposengwe le YBB mo go lwantsheng leroborobo, boitshwaro jwa gone jaanong bo kgoreletsa maikaelelo otlhe a rona a a siameng. Dikokoano tseno ke ditiragalo tse di anamisang mogare thata ka gonne ga ba tsenye dimmaseke e bile ga ba a katogana le ba bangwe. Yunibesiti e swabisiwa thata ke ditiro tsa go tlhoka botho tse ga jaanong jaana di dirwang mo Khamphaseng ya Mahikeng.

Re dirisitse madi a mantsi go dira gore go nne le tshireletsego mo Khamphaseng ya Mahikeng go tlhomamisa gore baithuti ba rona ba sireletsegile.  Gangwe le gape re patelesega go dirisa madinyana a re setseng ka one a yunibesiti go baakanya bothubaki le tshenyo e e dirilweng mo yunibesiting ka nako ya dikhuduego tsa tirisodikgoka. Re tshwanetse re gopole gore madi ano ke madi a baduelalekgetho a a ka bong a dirisediwa ditirelo tse dingwe jaaka tlhabololo ya ditlamelwa le go thusa baithuti ba morago ga kalogo ka madi.

Se se gakgamatsang ke gore bone batho ba ba senyang dikago tsa rona ke bone ba ba ipolelelang gore ba lwela baithuti ba ba humanegileng. Ke batla go tlhalosa sentle fano gore bothubaki jo bo tswelelang pele le tshenyo ya dikago tsa rona ga di kitla di rarabolola mathata a rona a loago le ikonomi. Tota e bile, ditiro tseno di tlile go dira gore baithuti ba rona ba palelwe thata mo dithutong tsa bone tsa akatemi.

Setlhopha sa botsamaisi se tshwere metlotlo le tona, USAF le NSFAS go tlotla ka ditharabololo tse di nnelang ruri tsa mathata ano a go tshegetsa baithuti ka madi. Rotlhe re tshwanetse go nna le seabe mo metlotlong e e mosola ya ditharabololo tsa lobaka lo lo leele tsa go tshegetsa thutogodimo ka madi mo nageng ya rona. Seno se botlhokwa gore naga ya rona e tlhabologe le go gola. Ditharabololo tsa lobaka lo lo khutshwane di tla etegetsa mathata a tshegetso ya madi le go dira gore baithuti ba rona ba se ka ba kgona go tsena mo setheong sa thuto le go atlega mo go sone. 

Re dira ka natla go koleka madi le go buelela yunibesiti ya rona go badirisani-mmogo le rona mo ditheong tsa puso le tsa poraefete. Molaetsa wa rona o o sa fetogeng o o yang go badirisanimmogo bano le banaleseabe mo intasetering ke wa gore YBB ke setheo se se leng seoposengwe se modini-mogolo mongwe le mongwe wa sone a ikarabelang ka maitemogelo ao legoro la gagwe le nnang le one mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo. Ka jalo, ga go tlhokege go akanya ka khamphase e baithuti ba leng kwa go yone fa go batlanwa le badiri le ditšhono tsa kgwebo ka gonne baithuti ba tshwanetse go nna le maitemogelo a a tshwanang le kitso.

Ditiragalo tse di diragetseng mo bekeng eno le e e fetileng di senya molaetsa ono e bile di dira gore go nne thata gore re buelele yunibesiti go bana-le-seabe ba ba kwa ntle ga setheo. Re ile ra tshwara metlotlo e mentsi le ditlamo tse di akanyang gore baithuti ba Khamphase ya Mahikeng ga ba na botho le gore ga ba kgone go dira dilo go ya ka mekgwa-tsamaiso ya ditlamo tsa bone le dikgato-kgalemo tsa one ka ntlha ya go bo ba sa tlhomama e bile ba thubakaka khamphase. Re ne re simolola go fetola mogopolo oo wa bone mme dingwe tsa ditlamo tseno tse di neng di tshwere dipontsho tsa mekgele ya tiro kwa Khamphaseng ya Potchefstroom le ya Vanderbijlpark di ne di dirile tumalano ya gore di tla tsoma baithuti go tswa kwa Khamphaseng ya Mahikeng fela. Ditiragalo tseno tsa bosheng jaana di re buseditse morago mme ka maswabi, di tla ama baalogi botlhe ba rona segolobogolo go tswa kwa Khamphaseng ya Mahikeng.

Ke a itse gore go na le baithuti kwa Khamphaseng ya Mahikeng bao, go sa kgathalesege dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone, ba ineetseng mo dithutong tsa bone, mme ba ka rata gore isagwe ya bone e nne e e atlegileng. Mo baithuting ba ba fetang dikete di le 50 ba YBB, go na le baithuti ba le 13 000 mo Khamphaseng ya rona ya Mahikeng, mme ka maswabi, go bonala e kete isagwe ya bone e mo diatleng tsa baithuti ba le mmalwa fela bao bone ba nang le dikgatlhego tsa lobaka lo lo khutshwane fela. Seno se a hutsafatsa e bile se utlwisa botlhoko.

Malebana le dikgwetlho tse di tsositsweng ke Lekgotla la Baithuti la Khamphase (Student Campus Council [SCC]) mo nakong eno ya go ikwadisa, setlhopha sa botsamaisi se ka kgona go netefatsa dintlha tse di latelang:

  • Lobaka lwa go ikwadisa lo atolositswe go fitlha ka di 26 Mopitlwe 2021;
  • Re bone gore bogolo re dirise khešenyana  e re neng re e bolokile e re setseng ka yone ya yunibesiti, e e ka nnang R250 milione go duelela ditshenyegelo tse NSFAS e thusang ka tsone.
  • Go feta 94% ya baithuti ba ba kwa pele ka dithuto tsa bone ba kwadisitswe ka botlalo;
  • Go feta 72% ya baithuti ba ngwaga wa ntlha ba kwadisitswe ka botlalo; Boemo mo Khamphaseng ya Mahikeng bo ama thulaganyo ya go ikwadisa ga baithuti ka tsela e e sa siamang;
  • Baithuti botlhe ba ba ikwadisitseng ba ba bontshitseng gore ba eletsa go boela mo khamphaseng le/kgotsa mo dikagong tsa bonno le/kgotsa kwa maanong a poraefete ba ka dira jalo. Seno se tla direga fa fela khamphase e bulwa;
  • Baithuti ba morago ga kalogo ga ba kitla ba tlhola ba duelelwa ditshenyegelo tsa bone ke NSFAS. Yunibesiti e sa ntse e letetse dikaelo tsa DHET/NSFAS go tlhaloganya boemo jono sentle. Go bonwe baithuti ba ba ntshang ga tshwene mo dithutong tsa bone tsa PGCE le tsa LLB mme YBB e ba naya dibasari;
  • Baithuti botlhe ba ngwaga wa bofelo ba ba tshwanelegelang go newa dibasari ka 2021 mme ba ise ba duele dikoloto dingwe ba tla letlwa go ikwadisa;
  • Ga go na tsela epe e ka yone Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e ka kgonang go phimola dikoloto tsa baithuti tse di iseng di duelwe. Fa re ka dira jalo, re tla tshwanelwa ke go thusiwa ka madi a a seng kana ka sepe go tswa kwa pusong le metswedi e mengwe le go simolola go ipaakanyetsa mathata mangwe a a ka nnang a tsoga ka ntlha ya go tswala dikolo dingwe tsa rona le ditirelo;
  • Melawana ya bosetšhaba le melao ya YBB e boikaelelo jwa yone e leng go fokotsa kanamo ya Covid-19 e santse e le teng; ka jalo, dithibelo tsa dilo dingwe go akaretsa le tsa go sa etelane mo mafelobonnong di santse di eme mo nakong eno;
  • Baithuti ba ba ikwadisitseng  ba ntse ba letlwa go nna le seabe ka botlalo mo lenaneothutong la akatemi la mo inthaneteng, mme 
  • Diwebosaete tsotlhe tsa rona tsa yunibesiti le disaete tsa eFundi ga di duedisiwe go dira gore baithuti ba kgone go tsena mo go tsone.

Khamphase ya Mahikeng e tla tswelela pele e tswetswe go fitlha maemo a tokafala gore badiri ba kgone go tsena mo khamphaseng go ya go dira ditiro tsa bone. Re lebeletse gore lenaneothuto la akatemi le tswelele pele mo inthaneteng, ka ntlha ya moo re batla gore maemo a boele meriting gore baithuti ba ba senang kgokagano ya inthanete kwa gae ba boele mo khamphaseng gore ba kgone go nna le seabe mo mokgweng wa go ruta le go ithuta ka inthanete.

Mokgwa o o utlwisang botlhoko le o o swabisang ono o tshwanetse go ema. Metlotlo e santse e tsweletse pele fa gare ga setlhopha sa botsamaisi le baeteledipele ba baithuti mme ke na le tsholofelo ya gore maemo a tlile go boela meriting, mme khamphase e ka nna ya bulwa beke e e tlang. Go botlhokwa gore baithuti ba Khamphase ya Mahikeng ba feleletse go ikwadisa ga bone mme ba simolole ka lenaneothuto la akatemi.

Salang sentle

Mop Dan Kgwadi

Mogokgo le Motlatsa-Mokanseliri

Thibelo e e tswelelang pele ya Khamphase ya Mahikeng

18 Mopitlwe 2021

Badiri ba ba rategang

Setlhopha sa botsamaisi sa YBB se ne se solofetse gore boemo kwa Khamphaseng ya Mahikeng bo ne bo tla bo bo tokafetse gone jaanong. Ka maswabi, go lebega e kete maloko mangwe a Khansele ya Baithuti ya Khamphase (Student Campus Council [SCC]) a ikemiseditse go tswelela pele go thiba dikgoro tsa botseno mo khamphaseng le go netefatsa gore khamphase ga e dire ka gonne badiri ga ba kgone go tsena mo khamphaseng. Seno se ama thulaganyo ya go ikwadisa le ditirelo tse dingwe tse baithuti ba tshwanelwang ke go di direlwa.

Ka di 16 Mopitlwe, Setlhopha sa botsamaisi sa YBB se ne sa swetsa ka gore se tswale khamphase go fitlha go ntshiwa kitsiso go ya pele ka gone, ka gonne go ne go sa tlhomamisegwe ka tshireletsego ya badiri le ya baithuti ka fa tlase ga maemo ano. Mo godimo ga moo, ga go ikobelwe melawan ya bosetšhaba ya Covid-19 le ya YBB.

Dithuto tsa akatemi tsone di simolotse ka botlalo mme baithuti ba Khamphase ya Mahikeng ba ka nna ba tshwanelwa ke go nna le seabe mo go tsone mo inthaneteng. O rotloediwa go buisana le legoro la gago go dira dithulaganyo tse di tlhokegang.

Khamphase e tla tswelela pele e tswetswe mme baithuti ba ba ka kgonang go tswa mo khamphaseng ba rotloediwa go dira jalo.

Dipalo ke tseno tsa baithuti ba ba kopileng tshedimosetso, makwalo-tetla le dikopo tse dingwe tse di amanang le tseno:

Salang sentle

Mop Dan Kgwadi
Mogokgo le Motlatsa-Mokanseliri

Boemo jwa ga jaanong jwa go dirwa ga ditshupetso kwa khamphase ya Mahikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima

17 Mopitlwe 2021

Fa e sa le ka Mosupologo, wa di 15 Mopitlwe 2021, baithuti le maloko a setšhaba ba ne ba dira ditshupetso ka fa ntle ga botseno jo bogolo jwa Khamphase ya Mahikeng go dumalana le mokgosi wa gore diyunibesiti tsotlhe tsa bosetšhaba di tswalwe. Badiri ba sa ntse ba sa kgone go tsena mo khamphaseng go tla go dira ditirelo tse baithuti ba tshwanelwang ke go di direlwa.

Ka di 16 Mopitlwe, Setlhopha sa botsamaisi sa YBB se ne sa swetsa ka gore se tswale khamphase go fitlha go ntshiwa kitsiso go ya pele ka gone, ka gonne go ne go sa tlhomamisegwe ka tshireletsego ya badiri le baithuti ka fa tlase ga maemo ano. Mo godimo ga moo, ga go ikobelwe melawana ya bosetšhaba ya Covid-19 le ya YBB.    

Ditsela tse di farologaneng tse di yang kwa khamphaseng di tswetswe e bile go tukisiwa dithaere mo go tsone fa e sa le ka Mosupologo, wa di 15 Mopitlwe.  Mo maitseboeng a di 16 Mopitlwe, badira-ditshupetso ba ne ba leka go tsena ka nkane mo khamphaseng ka go roba senotlolo ya heke e kgolo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba thibelwa go tsena mo khamphaseng. Moragonyana mo maitseboeng ao, badira-ditshupetso ba ne ba latlhela bomo ya peterolo mo ntlwaneng ya badisa. Ka lesego, ga ya ka ya thunya mme difensetere tsa ntlo ya badisa di ne tsa thubega. Ba ne ba kgotla-kgotlana le dikhemera tsa CCTV tse di botshang lefelo leo.

Gape go nnile le tiragalo nngwe e go tweng baithuti ba ne ba tlhasela motho mongwe mo go yone go twe ke ene a latlhela bomo ya peterolo le go senya dikhemera tsa CCTV.

Go na le dipelaelo tsa gore badira-ditshupetso bano ga se gore botlhe ke baithuti. Ka ntlha ya moo, setshwantsho sa CCTV se tla dirisiwa fa go tshwarwa dikgetse tsa bosenyi le/kgotsa tsa dikgatokotlhao kgatlhanong le baithuti. Gape go tlhatlhetswe dikgetse tsa tlhaselo le tshenyo ya ka boomo ya thoto kwa Seteišeneng sa Mapodisi sa Mmabatho.

Setlhopha sa botsamaisi sa YBB se kgala go runya ga tirisodikgoka ya bosheng le tshenyo ya thoto ya yunibesiti. Re tla tshwanelwa ke go dirisa madinyana a re setseng ka one go baakanya thoto ya rona e e sentsweng. Re kopa gore baithuti ba tlotle thoto ya yunibesiti le go ngaparela melawana le melao e e tlhokegang. Re nna re ntse re ikemiseditse go tlotla le baeteledipele ba baithuti go tlhomamisa gore mathata otlhe a a iseng a rarabololwe, segolobogolo ao yunibesiti e ka kgonang go a rarabolola, a a rarabololwa. Le fa re ka rata gore mathata otlhe le a a akaretsang tlhaelo ya madi a rarabololwe ka bonako, ka maswabi, re ka se kgone go rarabolola mathata a re sa abelwang go a rarabolola.   

Re gatelela fano gore re ka se kgone go tlhomamisega ka pholo le tshireletsego ya baithuti le badiri mo gare ga dikhuduego tseno le tshenyo ya thoto; ka jalo, baithuti ba kopiwa gore ba tswe mo khamphaseng. Re amogetse dikopo di le mmalwa go tswa go baithuti tsa go ba letla gore ba nne mo khamphaseng ka ntlha ya mathata a go tsaya maeto le dikgwetlho tse dingwe. Baithuti bano ba dire dithulaganyo tse di tlhokegang le dikantoro tsa bone tsa Bonno jwa Botshelo jwa Baithuti.

Badiri ba tswelele pele go direla kwa gae go fitlha go ntshiwa kitsiso go ya pele ka gone - mme seno se busetsa yunibesiti kwa morago segolobogolo baithuti ba ba tlhokang thuso fela thata ya go rarabolola mathata a bone a madi le go ikwadisetsa ngwaga wa dithuto wa 2021. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dira sotlhe re se ka se kgonang gore maloko a YBB a nne le pholo e e siameng le tshireletsego segolobogolo baithuti le badiri.

Salang sentle

Mop Dan Kgwadi
Mogokgo le Motlatsa-Mokanseliri

Go baithuti le badiri ba Khamphase ya Mahikeng

16 Mopitlwe 2021

Baithuti le badiri ba ba rategang ba Khamphase ya Mahikeng ya YBB

Ka ntlha ya go tlhokomologiwa go go tswelelang pele ga melawana le melao ya Covid-19, le go sa kgone go tsena mo khamphaseng ga badiri gore ba direle baithuti ditirelo tse ba tshwanelwang ke go direlwa, setlhopha sa botsamaisi se dirile tshwetso e e seng monate ya go tswala Khamphase ya Mahikeng kwantle ga go senya nako go fitlha go ntshiwa kitsiso go ya pele ka gone.

Jaaka go builwe maabane, go ikwadisa ga baithuti botlhe go okeleditswe nako go fitlha ka di 26 Mopitlwe 2021.

Badiri ba tswelele pele go direla kwa gae go fitlha go ntshiwa kitsiso go ya pele ka gone - mme seno se busetsa yunibesiti kwa morago segolobogolo baithuti ba ba tlhokang thuso fela thata ya go rarabolola mathata a bone a madi le go ikwadisetsa ngwaga wa dithuto wa 2021. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore maloko a YBB a nne le pholo e e siameng le tshireletsego.

Baithuti ba ne ba kopiwa go tswa mo khamphaseng ka 14:00, ka Laboraro wa di 17 Mopitlwe 2021, ka gonne YBB e ne e sa kgone go tlhomamisa gore a ba tla nna ba sireletsegile ka fa tlase ga maemo ano a a sa jeseng di welang, a mo go one tshireletsego ya khamphase e sa nonofang.

Badiri ba kopiwa go buisana le dimmenejara tsa bone le go dira dithulaganyo tse di tlhokegang tsa go direla kwa gae go fitlha go ntshiwa kitsiso go ya pele ka gone.

Ipolokeng lo sireletsegile ka tsweetswee.

Salang sentle

Mop Dan Kgwadi

Mogokgo le Motlatsa-Mokanseliri

Ngwaga ya tirisanommogo le tsholofelo e e tswelelang

3 Tlhakole 2021

Ngwaga ya tirisanommogo le tsholofelo e e tswelelang

Madume go botlhe

Ke tshepa gore gotlhe go apere tshiamo. Amogelesegang mo ngwageng ya akatemi ya 2021. Ke solofela gore lo itapolotse mme le siame go tshwara dikgwetlho le ditšhono ka manaka mo ngwageng e ya akatemi. Ka maswabi re sa le mo teng ga leroborobo le totlelelo mme kwa ntle ga pelaelo go santse go ka tswelela go ama ditiragatso tsa rona ka mokgwa o o sa siamang. Re tswelela go nna yunibesiti ya kamano mo khamphaseng mme re ka rata go bona go boela ga botlhe mo dikhamphaseng, mo diofising le mo diphaposing - ka pele jaaka maemo a ka letlelela. Re tswelela go leka go fana ka bophelo jwa baithuti jo bo farologaneng jwa maitemogelo a boleng a baithuti ka gonne ke se YBB e itsiweng ka bone.  

Jaanong jaana nako e sa le ya maemo a a bolaisang mme ke dinako tsa dikgwetlho le ka tse di sa solofelwang. Mo tlhaeletsanong ya me ya ka la 28 Firikgong 2021, ke itsisitse gore le latlhegetswe ke maloko a mabedi a balosika ba rona ba mo YBB ka ntlha ya COVID-19. Dipalo tsa rona di nna di gola tsa maloko a balosika ba morafe wa rona ba mo YBB ba ba neng ba tshwerwe kgotsa ba ba neng ba amane le COVID-19. A re tswelele go arabela ditaolo le melawana e e tlhokegang.      

Re tlaa tswelela go tlisa dithuto tsa rona le diporokerama ka mokgwa wa go se kopane gotlhelele ka go ruta le go ithuta mo kgweditharong ya ntlha jaaka go tlhaeletsanwe ka la 26 Firikgong 2021: Phetogo ya Go Ruta le Go Ithuta ka Semesetara ya Ntlha ya 2021. A re dirise maitemogelo le dithuto tse re di ithutileng ka 2020 ka ga go ruta mo inthaneteng gore re tlise katlego le mo ngwageng ya 2021.

Khansele e dumeletse Leano la YBB la Go Ruta le Go Ithuta ka mafelo a 2020. Kgang e, go boeletsa Melawana ya Go Ruta le Go Ithuta le Go Tlhatlhobo, le Maano a Magoro a Go Ruta le Go Ithuta go tla diragala ka 2021. Ke eletsa botlhe ba ba tsayang karolo mo poeletsong e go na le tirego e e tsamayang sentle fela ka katlego. Tiro e ke e e botlhokwa thata go tsweledisa pele tiro ya rona ya akatemi.

Ka dikgang tsa patlisiso le poposešwa, go a tlhotlheletsega go bona gore le ka dikgwetlho tsa COVID-19 khumo ya YBB ya Dikgatiso tsa 2020 di gaufi le go tshwana le palo yotlhe ya 2019. Se gape se ka tokafala fa dikgatiso di abelwa ka kgwedi ya Tlhakole mme se se ka tlisa katlego e e oketsegileng ya 2020 go bapisa le ngwaga ya 2019. Ke ka rata go leboga badirammogo le baithuti ka diphitlhelelo tse. A re leke go tokafatsa 2021 le go feta. Ke itse gore ga go ketla go nna botlhofo fela mme ke rotloetsa baithuti botlhe ba banadikerii le badirammogo go bona mekgwa ya poposešwa go tswelela ka patlisiso le poposešwa.

Go fetsa ga le go dirisa DBS(Digital Business Strategy) ya rona go ka tswela pele ka ngwaga e ya akatemi. Go na le ponelopele ya gore tlhomelo e e tletseng ya DBS e ka re fa bokgoni jwa go tlhatlosa thuto ya rona ya diporokerama le ditirelo le go akaretsa tsotlhe tse di kwa godimo.

Karolo ya Thutogodimo e na le mathata a a amang badirammogo le baithuti. Re dirisana le batsayakarolo ba ba farologaneng mo karolong, le Lefapha la Thuto Le Katiso(DHET) le Lefapha la Disaense le Poposešwa(DSI), go bona ditharabololo tse di ka tswelelang go ka arabela mathata a a tlisiwang ke leroborobo.

Re ela tlhoko dikitsiso ka ga maano a phatlalatso ya moento wa COVID-19 mme re ka tswelela go dirisana le batsayakarolo ba ba botlhokwa mme re ka itsisa badirammogo le baithuti ba rona ka tshedimosetso.

Re lebelela pele ka dipelo tse di itumetseng go amogela baithuti ba rona, e bile thata go akaretsa baithuti ba ngwaga ya ntlha. Ela tlhoko ditlha tsa kwadiso kwa

Ba bangwe ba badirammogo le baithuti ba rona ba boela mo khamphaseng go tswelela ka tiro le ka dithuso. Ke rotloetsa botlhe ba ba boelang dikhamphaseng go arabela dikaelo tsa yunibesiti tsa go thibelela kanamiso ya mogare. Yunibesiti e tla tswelela go dira ka tlhokomelo e e kwa godimo e e ka kgonagalang go tlhomamisa boitekanelo le pabalesego ya badirammogo le baithuti ba rona.

Ke ka rata go tsaya tšhono e go leboga batsayakarolo botlhe ba rona, go akaretsa le Khansele, morafe wa baabelamadi, baalumni ba rona le morafe wa balosika ba rona ba YBB, ka tirisanommogo le kemonokeng mo dikarolong tsotlhe tsa Yunibesiti ya rona.

A re tswelele go direla pele go netefatsa toro ya rona, "go nna Yunibesiti ya mo Aforika e e amogelwang ke ditšhabatšhaba, e e itlhaolang ka sekolašipi e e tseneletseng, e e arabelang ditlhokego tsa boago mme e na le mowa wa tlhokomelo."  Go dirisana mmogo, thata ka dinako tse tsa dikgwetlho, re ka tlhomamisa gore YBB e dula e le e nngwe ya diyunibesiti tse di kwa godimo mme e le e e etelelang pele mo nageng ya rona le mo kontinenteng ya rona.

Ke lebelela pele ka boitumelo go tlhaeletsana le go dirisana le lona mo ngwageng e ya akatemi.

Itlhokomele tswee-tswee.

Madume

Mop Dan Kgwadi

Mogokgo le Motlatsamokanseliri

 

View archived messages from 2020