Dimmepe le ditsela tsa go ya teng

Dimmepe le ditsela tsa go ya teng

Ofisi ya Setheo
Khamphase ya Mahikeng
Khamphase ya Potchefstroom
Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

 

- Ofisi ya Setheo -

Mmepe tsa tsela: Ofisi ya Setheo

Ditsela tsa go ya teng

GO TSWA GO N12 GO TSWA KWA JOHANNESBURG
Latela tsela ya N12 go tsena mo Potchefstroom.  Fa robotong ya botlhano morago ga go tsena mo Potchefstroom, tšhikela kwa mojeng mo seterateng sa Govan Mbeki(Mooirivier Drive ya pele). Mmolo ya Mooi River e tlabo e le mo mojeng.  Latela tsela eo go feta le Lebenkele la Riverwalk le McDonald's le Kentucky, tsotlhe mo molemeng. Tšhikela kwa molemeng mo seterateng sa Maree mme tswelela ka sone go fitlhela Seterata sa Walter Sisulu. Tšhikela kwa mojeng mme tswelela go fitlhela kwa Seterateng sa Chief Albert Luthuli (Seterata sa Von Wielligh sa pele). Tswelela go fitlhelela kwa makgabaganyong a ditsela morago ga roboto ya Karatšhe ya Shell,  tšhikela kwa mojeng go tsena mo seterateng sa Hoffman. Tlhamalala ka tsela eo go tlola makgabaganyo a mabedi a ditsela.  Mo makgabaganyong a ditsela tšhikela kwa molemeng mo o tsenang kgoro ya pabalesego ya Ofisi ya Setheo(Kago C1). Aterese ya nnete ke 53 Seterata sa Borcherd.
 
N12 GO TSWA KWA KLERKSDORP:
Kwa robotong ya boraro, tsena ka fa molemeng mo tseleng ya Beyers Naude Avenue (Kruger Street), ka bonako fela fa o sena go kgabaganya borogo. Tswelela ka yone tsela eo. Kwa setopong sa bone, Beyers Naude Avenue e fetoga go nna Hoffman Street. Tswelela ka mmila ono. Tsena ka fa molemeng fa o fitlha fa four-way stop ya bone go ela kwa kwa botsenong jo bo nang le badisa jwa Ofisi ya Setheo (Moago wa C1).
 
R53 GO TSWA KWA VENTERSDORP:
Fa o sena go feta artillery school mess ka fa molemeng, tsena ka fa molemeng kwa robotong mo tseleng ya Meyer Street. Tswelela ka tsela eo mme o fete bookelo jwa Medi-Clinic ka fa mojeng wa gago. Kgabaganya di-four-way stop tse pedi o bo o kgabaganye le borogo. Ka bonako fela fa o sena go kgabaganya borogo, tsena ka fa mojeng mo mmileng wa Hoffman Street. Tsena ka fa molemeng fa o fitlha fa four-way stop e e latelang go ela kwa kwa botsenong jo bo nang le badisa jwa Ofisi ya Setheo (Moago wa C1).

Kaelo ya GPS:
Degrees, Minutes, Seconds
26º41´36´´S , 27º05´35´´E

Degrees, Decimal Minutes
26º41.610´S , 27º05.584´E

Decimal Degrees
26.693492ºS , 27.093062ºE

 

- Khamphase ya Mahikeng -

Mmepe wa tsela: Khamphase ya Mahikeng

Mmepe wa khamphase

Ditsela tsa go ya teng

R53 GO TSWA KWA POTCHEFSTROOM:
Tswelela ka R53 go tswa Potchefstroom go ya Ventersdorp. Tswelela ka N14 go tswa Ventersdorp go ya Coligny. Tswelela ka R503 go tswa Potchefstroom go ya Ventersdorp. Tswelela ka R503 go tswa Lichtenburg go fitlha Mahikeng. Tswelela ka N18 go ya Yunibesiting ya Bokone-Bophirima, Khamphase ya Mahikeng.
 
N14 GO TSWA KWA KRUGERSDORP:
Go tswa kwa Johannesburg tsaya tsela e e yang Krugersdorp. Fa o le kwa Krugersdorp, tsena mo tseleng ya N14 go ya Ventersdorp. Tswelela ka N14 go ya Coligny.  Tsamaya ka R503 go tswa Coligny go ya Lichtenburg. Tswelela ka R503 go tswa Lichtenburg go fitlha kwa Mahikeng. Fa o tsena ka Mahikeng o le mo tseleng ya Nelson Mandela Drive, tlhamalala ka yone tsela eo dikilometara di ka nna supa. Fa o sena go feta Karatshe ya Sasol, o tla bona Mmabatho Palms Hotel ka fa mojeng wa gago. Tsena ka fa molemeng fa robotong fa pele ga hotele o tsene mo tseleng ya Albert Luthuli. Tswelela o kgweetse lobaka lwa dikilometara di le 2.5. Kgabaganya seporo mme o ipaakanyetse go bona diroboto tse di go laelang go tlhamalala (o se ka wa thinyela ka fa molemeng). Batla tora ya metsi ka fa molemeng wa gago. Kwa dirobotong tse di latelang, tsena ka fa mojeng mo botsenong jwa Khamphase ya Mahikeng.
 
Kaelo ya GPS:
S25º49´44´´
E25º36´32´´

 

- Khamphase ya Potchefstroom

Mmepe wa tsela: Khamphase ya Potchefstroom

Mmepe wa khamphase

Ditsela tsa go ya teng

Go tswa go N12 go tswa kwa JOHANNESBURG
Ela tlhoko:  Karolo ya Seterata sa Albert Luthuli (mo gare ga Diseterata tsa Walter Sisulu (Church Street ya kgale) le Seterata sa Govan Mbeki (Mooirivierrylaanya kgale) e tlile go tswalwa gore e okediwe bophara go tloga ka letsatsi la 23 Tlhakole 2015 go la  2015 Phatwe  21. Latela dikaelo tsa tsela tse di mo tlase kampo lebelela tsela e nngwe.
 
Latela tsela ya N12 go tsena mo Potchefstroom.
Fa robotong ya botlhano morago ga go tsena mo Potchefstroom, tšhikela kwa mojeng mo seterateng sa Govan Mbeki(Mooirivier Drive ya pele). Mmolo ya Mooi River e tlabo e le mo mojeng.  Latela tsela eo go feta le Lebenkele la Riverwalk le McDonald's le Kentucky, tsotlhe mo molemeng. Tšhikela kwa molemeng mo seterateng sa Maree mme tswelela ka sone go fitlhela Seterata sa Walter Sisulu. Tšhikela kwa mojeng mme tswelela go fitlhela kwa Seterateng sa Chief Albert Luthuli (Seterata sa Von Wielligh sa pele). Tswelela go fitlhelela kwa makgabaganyong a ditsela morago ga roboto ya Karatšhe ya Shell,  tšhikela kwa mojeng go tsena mo seterateng sa Hoffman.  Seterata se felela ka go tsena mo Kgorong e kgolo ya pabalesego ya Khamphase ya Potchefstroom ya YBB.
 
N12 FROM KLERKSDORP:
Kwa robotong ya boraro, tsena ka fa molemeng mo tseleng ya Beyers Naude Avenue (Kruger Street), ka bonako fela fa o sena go kgabaganya borogo. Tswelela ka yone tsela eo. Kwa setopong ya bone, Beyers Naude Avenue e fetoga go nna Hoffman Street. Tswelela ka mmila ono - o felela fa botsenong jo bo nang le badisa kwa Khampaseng ya Potchefstroom.
 
R53 GO TSWA KWA VENTERSDORP:
Fa o sena go feta artillery school mess ka fa molemeng, tsena ka fa molemeng kwa robotong mo tseleng ya Meyer Street. Tswelela ka tsela eo mme o fetse bookelo jwa Medi-Clinic ka fa mojeng wa gago. Kgabaganya di-four-way stop tse pedi o bo o kgabaganye le borogo. Ka bonako fela fa o sena go kgabaganya borogo, tsena ka fa mojeng mo mmileng wa Hoffman Street. Mmila o felela fa botsenong jo bo nang le badisa kwa Khamphaseng ya Potchefstroom.
 
Kaelo ya GPS:
S26º41´26´´
E27º05´36´´

 

-Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

Mmepe wa khampase: Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

Mmepe wa tsela

Ditsela tsa go ya teng

R59 GO TSWA KWA JOHANNESBURG:
Tswelela ka R59 o fete Alberton go ya Vereeniging, kgabaganya Vereeniging mme o tsene ka R42 go ya Vanderbijlpark. Kwa robotong kwa Pick ‘n Pay tsena ka fa molemeng, kgabaganya fourway stop mme o kgabaganye fourway stop e e latelang. Fa o fitlha fa three-way stop (River Spray e le kafa molemeng wa gago), tsena ka fa mojeng, kgabaganya roboto o tsena ka tsela ya Hendrik van Eck Boulevard, khamphase e ka fa molemeng wa gago.
 
N1 (TSELAKGOLO YA SAMENTE) GO TSWA KWA JOHANNESBURG:
Tsamaya ka tselakgolo eno o tsene ka tollgate. Kgabaganya fourway stop, kgabaganya diroboto tse pedi, kgweeletsa go ela kwa Sasolburg o bo o tsena ka tsela e e fapogelang ka fa molemeng, tsena ka fa molemeng o bo o sala morago disaene tse di go kaelang go ya kwa khamphaseng.
 
N12 GO TSWA KWA KLERKSDORP:
Tsamaya ka N12 (Joe Slovo Road) go ela kwa Potchefstroom (N12 - Nelson Mandela Drive). Tsena ka fa mojeng o tsene ka R53 (Parys Avenue) o bo o tlhamalala ka R53, tsela e obegela go sekae ka fa molemeng fa tseleng ya R42. Tlhamalala mme o tsene ka fa mojeng mo tseleng ya R57 (Golden Highway). Tsena ka fa molemeng mo tseleng ya Ravel Street o bo o tlhamalala ka Beethoven Street – o tlhamalele o bo o tsene ka Frikkie Meyer Street, morago ga moo mo tseleng e e fapogang e e tsenang ka Hendrick van Eck Boulevard. Tswelela jalo go fitlha o goroga kwa YBB ya Lekwa ka fa mojeng.
 
Kaelo ya GPS:
S26°43’31.0”
E27°52’ 45.2”