Theuns Eloff | Alumni

 

Ngaka Theuns Eloff o itumeletse go dira mefuta ya ditiro tse di farologaneng tse di akaretsang go nna moruti wa bodumedi, motlhankedi-khuduthamaga mogolo wa ditlamo tsa kgwebo, tlhogo ya tsamaiso ya thulaganyo ya ditherisano tsa bosetšhaba, motlatsa-mokanseliri wa YBB le mokaedi-khuduthamaga wa mokgatlho wa bosetšhaba o tiro ya one e leng go buelela le go sireletsa molaotheo wa Aforikaborwa.

Theuns o ne a simolola mokgele wa gagwe wa akatemi ka 1972 kwa Yunibesiting ya Potchefstroom ya Pele ya Thutogodimo ya Sekeresete ka dikirii ya Dithuto tsa Ikonomi ya BJur. Morago ga moo o ne a oketsa mogopolo mo thutabomodimong mme a iponela dikirii ya Batšhelara le ya masetase (ka bobedi ke tsa cum laude) tsa Thutabomodimo. O ne a konela ka PhD ya Thutabomodimo ka 1989.

O nnile le seabe se se botlhokwa mo dipolotiking. O ne a etelela pele ofisi ya bokwaledi kwa CODESA ka 1991 le ka 1992 mme a nna tlhogo ya tsamaiso ya Thulaganyo ya Ditherisano ya Makoko a a Farologaneng fa gare ga 1993 le 1994.

Fa dikhamphase tsa  YBB tse ne di kopanngwa, o ne a etelela pele ka katlego go kopanngwa ga tsone mme a nna le seabe se se botlhokwa mo go direng gore YBB e itirele leina la go nna Yunibesiti ya Aforikaborwa e e di gogang kwa pele mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele.

Ga jaanong jaana Theuns ke mokaedi-khuduthamaga wa Mokgatlho wa FW de Klerk, o o rotloetsang ditiro tsa kagiso mo dinageng tse di nang le baagi ba ditso tse di farologaneng le o o rotloetsang temokerasi mo Aforikaborwa.

O amogetse diawate di le dintsi, go akaretsa le Awate ya go nna Rrapuso wa Kgwebo wa Ngwaga, Awate ya Moeteledipele wa Lefatshe wa ka Moso le Awate (ya Aforika) ya Motlhaeletsani ka tsa Kgwebo wa Ngwaga.