Diawate tsa Baithuti ba Nako e e Fetileng

NWU e tlotla baalumni ba maemo a a kwa godimo 

NWU e tlotla baalumni ba yone mme ke ka lebaka le e tsereng tshweetso go ba leboga le go ba tlotla ka sebele le ka maiphediso le diphitlhelelo tsa bone ka ba le dikao tsa setšhaba ka dikabelo tsa bone. 
Ngwaga ya 2019 ke ngwaga ya borataro mo Baalumni ba NWU ba ba itlhaotseng- e seng fela mo Aforikaborwa mme le mo ditšhabatšhabeng - mme ba tla amogela dikabelo le diawate tse di tlotliwang tsa Dikabelo tsa Baalumni ba NWU. 

Ka ngwaga ya 2019 Diawate tsa Baalumni ba NWU di tla nna mo dikarolong di le robedi mme tsone ke: Atshe le Setso,  boeteledipele mo kgwebong, Batsayakarolo mo Merafeng (baamogedi ba le 2), Thuto, Tirelo ya Batho, Patlisiso, Metshameko le Kabelo ya Moalumni wa Mošwa. 

Diphitlhelelo tsa baalumni ba rona le go ba tlotla ke e nngwe ya mekgwa ya go rolela hutse boitseanape jwa baithuti le badiri ba rona ba kgale ba NWU. Re segofetse go ikgantsha ka setlhopha sa batsayakarolo ba ba tumileng. 

Re tswelela go batla mekgwa e meša go bopa bokamoso, ka re batla gore lona, baalumni ba rona, go dula le le karolo e e tlotliwang ya NWU mme re batla go na le lona baalumni ba ba leng setlhopha sa batsayakarolo ba ba boleng. 

Baamogedi ba Dikabelo tsa Baalumni ba NWU ba 2019 ke: