Tanya Robinson | Alumni

 

Ngaka Tanya Robinson ke mmatlisisi yo o nang le bokgoni yo o nnileng le digerata di le tharo tsa bongaka tsa tirelo-loago pele a tshwara dingwaga di le 36. O bontshitse lerato le legolo la go thusa mo setšhabeng ka go tlisa dipholo tsa dilo tse a nang le maitemogelo a tsone le go ntsha bosupi ka patlisiso gore go na le pharologano e e ka kgonang go tlisiwa, segolobogolo ka nako e mathata a tlhaloganyo a oketsegang thata mo setšhabeng.

Patlisiso ya gagwe e amana thata le ditshwanelo tsa bana e bile boikaelelo jwa yone ke go kgala go sotlwa ga bana. O tlhoma mogopolo mo malwetseng a tlhaloganyo, gore ke eng se bana ba se kgatlhegelang thata, o batlisisa le go leka go tlhaloganya bolwetse mo lelapeng, o dira dipatlisiso tsa forensiki, o kokoanya dintlha ka batswasetlhabelo le ka ba ba dirileng bokebekwa gore a tlhaloganye tlhaloganyo ya batho ba ba dirang bokebekwa.

O ne a bona gerata ya gagwe ya bobedi ya bongaka go tswa kwa YBB ka 2005 mme ya latelwa ke gerata ya bongaka go tswa kwa Yunibesiting ya Cape Town ka 2015.

O kwadile dibuka di le thataro le diathikele tse di farologaneng tsa lekwalopaka ka ditlhogo tse di farologaneng tse di akaretsang tlhalo, thobalano, pholo ya tlhaloganyo le ditatofatso tsa maaka tsa go sotlwa ga bana mo kgetseng ya tlhalo.

Ke leloko la Mokgatlho wa Aforikaborwa wa go Tlhoka Mathata a tsa Thobalano, wa Mokgatlho a Aforikaborwa wa Badiredi-Loago ba ba Iperekang, wa Lekgotla la Aforikaborwa la Diporofešene tsa Tirelosetšhaba le wa Mokgatlho wa Aforikaborwa wa Thuto ya Bokebekwa le ba ba Amiwang ke Jone.