Tjaart van der Walt

Moeteledipele yo o gakgamatsang 

Moambasetara, Moreketoro, Motlhankedimogolo wa tsamaiso ya Tiro, moruti le moporofesara: Mop Tjaart van der Walt o di dirile tsotlhe.

Ke moeteledipele yo o ikgethileng yo o ratang batho mme o ineetse go Modimo. Se se ne sa bonala mo posong ya gagwe ya ntlha - jaaka moruti go Kereke ya Reformed kwa Krugersdorp ka 1962.

Ka nako ya gagwe jaaka moreketoro wa Yunibesiti ya Potchefstroom ya Pele ya Thutogodimo ya Sekeresete go tloga 1977 go fitlha 1987, Tjaart o ne a akanya bophelo ba moithuti e le setlapele. O simolotse patlisiso mo go ditirelo tsa baithuti, bophelo jwa moithuti le metshameko ya yunibesiti, le go tiisa dikago tsa tsona go dira gore sengwe le sengwe se dire go feta.

Go theilwe mo go tlotlomaleng ga togamaano ya gagwe, Khansele ya yunibesiti e tsere tshwetso go tlhoma Legoro la Boenjeneri ka 1981 le Legoro la Khemisi ka 1983.

Se se ne sa latelwa ka go thapiwa jaaka moambasetara kwa Bophuthatswana ka 1992.

Morago ga go fitlha ga temokerasi ka 1994, tonakgolo ya Bokone-Bophirima a mo kopa go dula jaaka mogakolodi wa nako e e tletseng.

Tjaart o feditse dikirii ya BA ka 1951, ya latelwa ke di dikirii tsa ThB le tlotlo kwa Yunibesiting ya Potchefstroom ya Thuto e e kwa Godimo ya Sekeresete. O feditse gape le dikirii tsa tlotlo mo dipuong tsa kgale kwa Yunibesiting ya Witwatersrand.

O ne a tlhophiwa moporofesa yo o gakgamatsang mo dithutong tsa tesetamente e ntshwa ka 2000 ke Legoro la Thutabodumedi la Yunibesiti ya Potchefstroom.