Kobus Pienaar

Mmulatsela mo Thutong 

Morutegi yo o gatisitseng gantsi mme a kwadile mmogo le ba bangwe buka ya matlotlo ka ga motheo wa kgodiso le thuto ya bana, Mop Kobus Pienaar o bonwa a le moitseanape wa thuto.

O tlhabolotse ditikologo tse dišwa tsa ithuto mo thutong mme ka dinako tsa dikgwetlho mo tikologong ya mo thutong, mme a bula le ditsela tse dišwa mo tikologong ya thutatsela. Ditlhagiso tsa gagwe ka ga melebo ya thuto ya bana di ne di tumile mo baithuting ba BEd ka gore di ba buletse matlho go dira patlisiso ya didikerii tsa MA le PhD.

E rile a le motlhatlheledi o ne a tlotliwa mme a ratiwa. Kobus o rutile baithuti ka mekgwa e e “metabletic-exemplary” mme a ba tlhotlheletsa go dirisa mekgwa e mo patlisisong ya bone.

Boitseanape jwa gagwe bo bonwe ka pele mme kgale. Bogologolo bo ka nna ka 1967 le ka 1968, Kobus o amogetse kabelo go tswa go Nederlands-Zuid Afrikaanse Vereniging mme a amogela gape thuso ya madi go tswa go Khansele ya Setšhaba ya Patlisiso ya Boago.

Dithuto tsa gagwe tsa akatemi di akaretsa didikerii tsa BA, UOD, BEd le MEd go tswa go Yunibesiti ya Potchefstroom ya Pele ya Thutogodimo ya Sekeresete. Gape o amogetse mefutafuta ya didikerii go tswa kwa Unisa le DPhil go tswa kwa Yunibesiting ya Tshwane mme a amogela le DrsPAed go tswa go Vrije Universiteit Amsterdam.

Kobus ke mothei-mmogo wa Motsamao wa Thuto ya Setšhaba ya Sekeresete mme o ne a tsere karolo mo go tlhomeng ga dikolo tsa teng.

O tswelela go dira patlisiso, a lebeletse dintlha jaaka diphetogo le thuto e e kgwediwang ke diphetlho mme o dula a rutegile ka ditlhabololo tse dišwa mo thutong.