Elsje Jordaan

Moitseanape wa Katiso 

Ng Elsje Jordaan ke moitseanape wa katiso yo o itsiweng thata mme ke motseneledi yo o butseng tsela go dirisa mafelo a tshedimosetsopalo go ka atlhola ditiragalo mo metshamekong.

Ene ke moeteledipele wa mmaraka wa mo intaseteri ya metshameko mme o amogela tlotlo e kgolo, e seng fela ka ntlha ya dikatlego le boitseanape jwa akatemi, mme gape ka ntlha ya botho jwa gagwe le maikemisetso a gagwe go ka bona nnete ka mo saenseng.

Ka setlamo sa gagwe sa SPORTISIMO, Elsje o isitse kwa boitseanapeng jwa metshameko palo e e fetang 15 000 ya batshameki ba netebolo le bakatisi ba le 2000 le ba bangwe go tswa kwa dikolong tsa batho tse di kwa godimo le tse di kwa tlase.

Elsje ke motseneledi wa tlhabololo le tiriso ya mafelo a tshedimosetsopalo ya go gatisa motshameko ka bidio go ka lebelela dipaterone tsa metshameko le go lebelela mananepalo a metshameko le ditiragalo tse di ipoelang.

Badirelwa ba gagwe ka metlha ba fenya Kgaisano ya Super 12 ya dikolo tse di kwa tlase mme gape ngwaga e ba fentse 80% ya dimmetlele.

Lenane la gagwe le le nosi ka mofuta la Netball Analytics, le a le bopileng ka tirisanommogo ya motseneledi wa metshameko Kelvin Bouwer, le batliwa thata kwa Australia le kwa New Zealand. O feditse dikerii ya gagwe ya BA ya Saense ya Metshameko ka 1998 le dikerii ya BHons ka 1999.

Elsje o bone dikerii ya PhD ya Saense ya Motsamao wa Batho kwa Yunibesiting ya Tshwane ka 2007.

Kwa ntle ga go nna mme-kgwebo le Mokatisi wa katlego, ene o nnile le boiphediso jwa katlego go nna motshameki wa netebolo yo mogolo.