Daniella van Heerden

Mojenalese wa moitseanape go feta 

Ene ke mojenalese yo o tiisang mooko wa botlhe ba ba tlang morago ga gagwe. Daniëlla van Heerden o itlhaotse go nna mojenalese wa nnete go tloga ka nako e a neng a le motseleganyi wa kuranta ya baithuti ya Wapad mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya yunibesiti ya YBB.

Daniëlla o dirile tiro ya mojenalese kwa kuranteng ya Beeld pele a ya kwa eNuus le eNCA go nna mmegakgang wa naga wa Seaforikanse le Seesimane mme a nna le mmadi wa dikgang.

Ene o tsamaile a bega dikgang tse di botlhokwa mo nageng mme a dira jalo kwa ntlhe ga go tshaba le go se fetole nnete. Dikgang tsa mmuso, patlisiso ya mabaka a a makatsang le dipolotiki ke tse dingwe tsa mabaka a a a tlisetsang baagi.

Go bega dikgang ga gagwe go mo tlhoka go direla mo merafeng le go gatisa mabaka a bone le dingongorego tsa bone, mme le go itumela le batho ka mabaka a boitumelo le tlotlo. Ene o tlhomamisa gore dikgang le lentswe la batho le le kabo le sa utlwiwa le utlwiwe mme le fitlhe ditsebeng tsa batho.

Mojenalese yo o fenyang diawate, Daniëlla o fentse diawate go tswa kwa Tlelapeng ya Setšhaba ya Bagatisi ka 2013 le 2014 mme a fenya le awate ya ATKV Media Veertjies ka 2015. Ka 2016 o amogetse awate ya Koker, mmentlele ya tlotlo, ka ntlha ya dikabelo tsa gagwe mo puong ya Seaferikanse le fa a sa le mošwa.

Daniëlla o feditse dikerii ya gagwe ya BA ya Dithuto tsa Tlhaeletsano ka naledi ka 2006 mme a amogela le ya BPhil ya Bojenalese ka naledi ka 2007.