Ka ga Rona

Konwokeišene  ke mokgatlho o o bopilweng ke baithuti ba pele (alumni) ba ba amogetseng didikerii kgotsa didipoloma mo YBB kgotsa mo diyunibesiting tsa pele ga kopano le gape maloko a jaanong jaana a badiri ba leruri.

Boloko bo ka bonwa fela ka go dira kopo ya semmuso le go duela tuelo e e beilweng ya R50.00 ya boloko jwa bophelo botlhe. Ke mmele wa semmuso wa YBB mme se se raya gore ke mmele o o dumeletsweng ke Molao wa Yunibesiti go nna karolo ya popego ya puso ya semmuso.

Mosola wa Konwokeišene ke go tsweletsa tshiamo ya YBB ka go boloka setshwantsho, setso le dikgatlhego tsa yone ka go dira go nna borogo magareng a maloko a Konwokeišene le Yunibesiti. Konwokeišene e na le setulo le baemedi mo Khanseleng ya Yunibesiti mme gape e dirisana gaufi le dithulaganyo tse dingwe jaaka Mokgatlho wa Alumni tse di tsweletsang tirisanommogo magareng a Yunibesiti le baithuti ba nako e e fetileng ba yone.

Ka kopo tobetsa fa go ka buisa kgaolo ya Molao wa YBB me e buang ka Konwokeišene.

 

Dikgang tsa Konwokeišene:

Komiti ya Phetiso e e ntšhwa ya Konwokeišene ya YBB e tlhophilwe ka pitsokakaretso ya gararo ka ngwaga ya Konwokeišene ka letlha la 10 Mopitlwe 2018.

Diphetho tsa bokhutlo tsa Komiti ya Phetiso ya Konwokeišene e e tlhophilweng ke:

 
Moporesidente: Mna Bert Sorgdrager
Motlatsa-Moporesidente: Mna Nelson Mongale
Motshwaramadi: Mna Werner Human
Maloko a Exco: Moh Karien Brits, Moadv Marlize Kruger, Mna Paul Maritz,  Mna Cecil Ramonotsi, Mna Frik van Deventer
 
Re itumeletse bone mme re lebelela pele go bona kabelo ya bone mo Konwokeišeneng ya YBB.
 

Mola wa Ntlha - Molema go ya mojeng:
Mna Werner Human (Motshwaramadi), Mna Bert Sorgdrager (Moporesidente), Mna Nelson Mongale (Motlatsa-Moporesidente)

Mola wa Bobedi – Molema go ya mojeng:
Moh Karien Brits, Mna Frik van Deventer, Moadv Marlizé Kruger le Mna Cecil Ramonotsi. (Mna Paul Maritz o ne a se teng fa setshwantsho se tsewa.)

 

2018.03.20