Go Nna Maloko & Diforomo Tsa go Dira Kopo

Moalogi mongwe le mongwe wa YBB kgotsa wa ditheo tse di neng di le teng pele ga yone o na le tshwanelo ya go nna leloko la Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti. Botlhe ba e kileng ya bo e le badiri mo Yunibesiting eno le ba e leng badiri ba leruri mo go yone gone jaanong le bone ba ka nna maloko a Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti.

Gore o nne leloko la botshelo jotlhe la Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti, se o se dirang fela ke go tlatsa foromo ya go nna leloko le go duela tuediso ya ka gangwe fela ya R50. 

Foromo ya go Dira Kopo

Fa o tlatsa foromo ya go nna leloko, tsweetswee ela tlhoko dintlha tse di botlhokwa tse di latelang:

  • Go ya ka Molao wa YBB, o duela R50 gore o nne leloko la Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti ya YBB. O tla nna leloko la teng botshelo jotlhe jwa gago.

  • Dintlha tsa banka tsa Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti ya YBB ke tseno di a latela:
    Leina la akhaonto: North-West University; Number: 670640086; Bank: ABSA Noordbrug; Branch Code: 335-138.  Tsweetswee kwala tshupiso (reference) e e latelang mo seliping sa gago sa go tsenya madi: KON ditlhakaina le sefane (sk. KON R Nel).

  • Tsweetswee romela selipi sa go tsenya madi/bosupi jwa gore o duetse le foromo eno ya go dira kopo kwa nomoreng ya  (018) 299-4910 mme o e kwale attention Nicolize van der Walt fa godimo.

  • Kopo ya gago ga e kitla e sekasekwa fa o sa tlatsa foromo sentle le fa o sa romela bosupi jwa gore o duetse.



Tobetsa fano go kopolola Foromo ya go Dira Kopo.