Alumni Awards 2017

YBB e tlotla baalumni ba yone mme ke ka lebaka le e tsereng tshweetso go ba leboga le go ba tlotla ka sebele le ka maiphediso le diphitlhelelo tsa bone ka ba le dikao tsa setšhaba ka dikabelo tsa bone.

Ngwaga ya 2017 ke ngwaga ya botlhano mo Baalumni ba YBB ba ba itlhaotseng- e seng fela mo Aforikaborwa mme le mo ditšhabatšhabeng - mme ba tla amogela dikabelo le diawate tse di tlotliwang tsa Diawate tsa Baalumni ba YBB.

Ka ngwaga ya 2017 Diawate tsa Baalumni ba YBB di tla nna mo dikarolong di le robongwe mme tsone ke: Atshe le Setso,  Batsayakarolo mo Merafeng (baamogedi ba le 2), Thuto, Tirelo ya Batho, Patlisiso, Metshameko le Awate ya Moalumni wa Mošwa. Ke ngwaga ya bobedi go na le Awate ya Moambasadoro, mme mo go yone go tlotliwang dikabelo tsa bone mo kgaolong ya ditshabatshaba mme awate e e tla fiwa mongwe yo o e tshwanetseng thata.

Gape e tlabo e le ngwaga ya boraro mo go tla diriwang Awate ya Moalumni yo o itlhaotseng go feta botlhe mme ene o tla fiwa Awate ya Phitlhelelo ya Bophelo ya YBB. 

Diphitlhelelo tsa baalumni ba rone le go ba tlotla ke e nngwe ya mekgwa ya go rolela hutse boitseanape jwa baithuti le badiri ba rona ba kgale. YBB e motlotlo thata go ntshetsa batho ba sehuba ka ba le setlhopha sa batsayakarolo ba ba itlhaotseng thata.  Nako yotlhe re tswelela go bona mekgwa e mešwa ya go fetola bokamoso le gore re  dule re le karolo ya YBB ka re na le batlotlegi le batsayakarolo ba ba re kgatlhisang jalo. 

Alumni Awards 2017: