Llewellyn van Zyl | Alumni

 

Mmatlisisi yo o tlotlegang le Mop wa Mekgwa ya Badiri mo Tirong e leng Llewellyn van Zyl o rata thata tiro ya go rarabolola mekgwa ya badiri mo tirong ka inthanete mme o dira gore tiro eno ya boithuta mekgwa ya badiri mo tirong e direlwe mo inthaneteng, gore e nne tirelo e e kgonang go fitlhelelwa ke botlhe, e e sa tureng le e e nang le matswela.

O gatetse pele mo porofešeneng ya gagwe, ke mankge le mogakolodi, mme ga jaanong jaana ke poresedente wa Society for Industrial and Organisational Psychology of South Africa.

Llewellyn o na le PhD ya Boithuta Mekgwa ya Badiri mo Tirong le dikirii ya MCom (cum laude) e a e boneng kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya YBB.

Ke moakatemi yo o fitlheletseng go le gontsi, mme o ikgapetse awate ya go nna moithuti wa masetase yo o ba gaisitseng botlhe ka 2009 mme a apesiwa mebala ya tlotlo ya phitlhelelo ya tsa akatemi ya dikirii ya gagwe ya masetase le ya onase.

Ga jaanong jaana ke mokaedi-mmogo le moithutatlhaloganyo-mogolo wa bagakolodi ba Psychai Management Consulting, e tiro ya gagwe ya konokono mo go yone e leng go tlhama tsela ya eleketeroniki ya maano a go tlhabolola bokgoni jo batho ba nang le jone mmogo le tsela ya eleketeroniki ya ditharabololomathata.

Jaaka mankge mo tirong eno, o rata thata tiro ya go rarabolola mathata a tsa tlhaloganyo ka inthanete le go tlhoma mogopolo thata mo go tlhabololeng bokgoni jo batho ba nang le jone, go ruta ka tsa boithutatlhaloganyo, boitumelo mo tirong le dikgatotharabololo ka tsa pholo le mmedia wa botsalano.

Ke moporofesa-mmogo wa boithuta mekgwa ya badiri mo tirong kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.