Kobie van Rensburg | Alumni

 

Kobie van Rensburg o ne a tlogela mokgele wa gagwe wa mo isagweng wa tiro ya tsa molao le dipolotiki tsa boditšhabatšhaba gore a tsenele mmino. O ne a gagamalela mokgele ono mme a nna seopedi se se itseng mo lefatsheng lotlhe sa tinoro, rrammino, morutisi wa mmino le mokaedi.

O belegetswe mo Johannesburg, a ithuta kwa Potchefstroom mme moragonyana a fudugela kwa Jeremane. Ga jaanong jaana Kobie ke tlhogo ya Umculo Opera Incubator, e leng setlamo se boikaelelo jwa sone e leng go tlhama mmino wa opera gore e nne nngwe ya diatshe tse di tla tlisang tetlanyo.

Go kgatlhegela molao ga gagwe kwa tshimologong go ne ga felela ka gore a feleletse a na le dikirii ya molao le ya dipolotiki tsa boditšhabatšhaba (cum laude) e a e boneng kwa Yunibesiting ya Potchefstroom ya Pele ya Thutogodimo ya Sekeresete ka 1992. O ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe tsa tiro eno ka go ithutela dikirii ya onase ya Dipolotiki tsa Boditšhabatšhaba (le cum laude) ka 1993 le dikirii ya LLB ka 1994.

Mme lerato la mmino ke lone le neng la mo fekeetsa mme o ikgapetse dikabelokhuno tse di tumileng tse di farologaneng tsa go opela tinoro.

Kobie o ne a ama baagi ba ba mo tikologong ya gagwe ka tsela e e molemo ka tiro ya gagwe ka Umculo Opera Incubator mme o ne a tshameka mmino wa gagwe kwa Ikageng kwa Potchefstroom ka 2010 le ka 2016.

O ne a akgolelwa bokgoni jwa gagwe jwa mmino ka go newa diawate di le nne tsa bosetšhaba le di le 17 tsa kwa dinageng di sele. O amogetse Awate ya Grammy ya Rekoto e e di Gaisang Tsotlhe ya Mmino wa Opera le Rekoto ya Gramaphone ya Awatse ya Ngwaga ka 2004. O ne a tlhomiwa go nna moporofesa yo o tlhomologileng kwa YBB fa gare ga 2002 le 2006.