Frans Kgomo | Alumni

 

Frans Diale Kgomo o kile a tsamaisa dikgetse tsa kgotlatshekelo tse di botlhokwa thata tse di neng tsa tshegetsa ditshwanelo tsa botho ka tsela e ntšha le go ela tlhoko gore molaotheo o a diriswa fa e sa le a nna Moatlhodi-Mogolo wa Kapa Bokone.

Frans, yo o belegetsweng kwa Brits kwa Porofenseng ya Bokone-Bophirima, o ne a nna le dikirii ya LLB kwa Yunibesiting ya pele ya Bophuthatswana ka 1985. O ne a tlhomiwa go nna mmueledi ka 1986 mme a dira tiro eo ya gagwe kwa Bara ya Bokone Bophirima go simolola ka 1986 go fitlha ka 1998. O ne a nna motoloki wa mo kgotlatshekelong ka 1969, motšhotšhisi ka 1972, magiseterata wa disitiriki ka 1974, magiseterata wa kgaolo morago ga moo mme a nna moatlhodi wa nakwana ka 1998 pele a tlhomiwa go nna Moatlhodi-Mogolo ka 2001.

O ne a atlhola dikgetsi tse di botlhokwa malebana le tekatekano. Di akaretsa kgetsi ya kgotlatshekelo ya moatlhodi yo o neng a lwela tshwanelo ya go nna le molekane wa thobalano wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe gore a solegelwe molemo ke madi a gagwe a phenšene. Frans o ne a fitlhela dikarolo dingwe tsa molao o o tlhomilweng ke kgotlapeomolao di sa tsamaisane le molaotheo mme a romele kgetsi eo kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo.

E ne ya re a tshwere kgetsi nngwe jaaka moatlhodi kwa Kgotlatshekelong e e Kwa Godimo ya Pretoria, a atlhola kgetsi e nngwe gape ya kgotlatshekelo ya go nna le kamano fa gare ga batho ba bong jo bo tshwanang. Mo kgetsing eno, moatlhodi yo mongwe o ne a atlega mo go boneng tshwetso ya kgotlatshekelo ya gore banyalani ba babedi ba ba nyalaneng ba ka nna ba newa ngwana semolao.

Gape kgomo o ne a thusa ka bokgoni jwa gagwe mo mekgatlhong le mo ditlamong tsa semolao.