Makwalodikgang a ngwaga le ngwaga & ditlhaeletsano

Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti e dirisa dithanele di le mmalwa tsa ditlhaeletsano gore e nne e ntse e golagane le maloko a yone gore e ba neye ditshwaelo ka ga dikokoano tsa Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti le ditiro tsa yone. Di akaretsa Alumni Magazine, go tlhabololwa ga setsha sa inthanete le PowerPoint.

MOLAETSA GO MALOKO A KONWOKEIŠENE

2021.07.14

Ka go latela temana ya 32(1) ya Setatutu sa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) moamogeladikerii wa Yunibesiti mongwe le mongwe kampo batho ba yone ba pele (le ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima kgotsa ba Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thutogodimo ya Sekeresete ya pele) ba ka bidiwa maina go ka nna lekoko la Khansele ya YBB mme ba na le tshwanelo ya go ka vouta mo kgethong ya maloko a Khansele go latela temana ya 5 ya Setatutu.

Nako ya tiro ya go nna leloko la khansele ya Mna Werner Human, yo o tlhophilweng go tswa go Konwokeišene  ka 2017, e fedile ka letlha la 22 Seetebosigo 2020. Nako ya tiro ya go nna leloko la khansele ya Mna Connie Mulder, yo o tlhophilweng go tswa go Konwokeišene  ka 2018, e fedile ka letlha la 21 Seetebosigo 2021.

Maloko a Konwokeišene ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ba kopilwe gore ba bitse maina a batho ba babedi ba ba letlelelwang go latela Setatutu, tema ya 32(1) le Melao ya go bitsa maina, tlhopho, inakemo le thapo ya maloko a Khansele (Tema 8).

Go amogetswe pitso ya maina a le 7 mme morago ga thuno ba le 4 ba bonwe kamogelesego:

Laufs, Dirk (Moruti)
Kruger, Marlize (Mmueledi)
Mongale, Selelo Nelson (Mna)
Mosenogi, Glen (Mna)

Mabaka a gore dipitso di le 3 tse dingwe di se amogelwe ke ka gore di amogetswe morago ga letlha le le nneng le dumeletswe la go tswala pitso ya maina. Mo go tse dingwe difomo tsa pitso ya maina di ne di saenilwe ke batho ba ba sa letlelelwang go saena pitso ya maina mme tse dingwe di ne di se na ditokomane tse di tlhokegang.

Tirego ya ditlhopho e tlaa simolola ka Labotlhano ka la 16 Phukwi 2021 mme e tlaa tswalwa ka 16h30 ka la 16 Phatwe 2021. Maloko a Konwokeišene ba tlaa amogela kgokagano ya kwa lefelong la go ka tlhopha le leina la modirisi le pini ka imeili le ka SMS.

Dipotso tse di ka tlang morago kgotsa mabaka a mangwe a a amanang le tirego ya ditlhopha di ka romelwa kwa Ofising ya Mokwadisi (marlene.verhoef@nwu.ac.za kgotsa 018 299 2612).

Madume ka masego

Mop Marlene Verhoef

MOKWADISI

2021.07.15