Setlhopha sa Mothapi yo o Itlhophelwang

Ngwaga le ngwaga, YBB e tlhopha bathapi ba le 20 gore ba nne le seabe mo lenaneong la Yunibesiti la Setlhopha sa Mothapi yo o Itlhophelwang. Bathapi bano ba tlotlwa ka ntlha ya go bo ba ile ba ngoka baalogi ba ba neng ba le kwa YBB le go ba naya tiro. Seno se akaretsa go nna ba ntlhantlha go nna teng kwa meletlong ya kalogo kwa dikhampaseng tsotlhe tse tharo go ya go ba ngoka go tla go ba direla le go nna le tshono ya go aga leinakgwebo la bone mo gare ga bathuti botlhe ba YBB.

Tsweetswee tobetsa fano go bona dintlha ka botlalo tsa lenaneo la Mothapi yo o Itlhophelwang.