Molaotheo

Jaaka lefapha la semmuso la YBB, Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti e laolwa ka melao le mekgwa-tsamaiso e e tlhalositsweng sentle ka botlalo mo Molaong wa YBB. Go ya ka Molao, Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti e akaretsa baalogi botlhe le badipolomate ba Yunibesiti kgotsa ditheo tse di neng di le teng pele ga yone, e leng Yunibesiti ya Bokone-Bophirima le Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete, tse di neng tsa kopanngwa ka 2004 go bopa YBB. Gape, maloko a Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti ke maloko otlhe a ga jaanong a leruri a badiri ba Yunibesiti.

Molao o naya maloko a Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti ditshwanelo dingwe le maikarabelo. Ka sekai, leloko lengwe le lengwe le na le tshwanelo ya go tlhophiwa gore le emele Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti mo Lekgotleng la Yunibesiti le go boutela maloko a yone a a mo Lekgotleng.

Gape, maloko a yone a boutela Poresidente wa Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti le Komiti e e Dirang (Exco). Exco e laola thulaganyo ya go tlhophiwa ga baemedi ba Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti mo Lekgotleng, e tlhoma Kokoano ya Semmuso ya Yunibesiti le go dirisana gaufi thata le setlhopha sa botsamaisi mo dikgannyeng tse di farologaneng.