Alumni Women's Month Celebration

 

 Alumni Women's Month

Dr Wongiwe Ludidi

Wongiwe Ludidi nako yotlhe a ntse a dumela gore o bileditswe mosola wa go godisa bogolo mo bathong ba bangwe mme ke ka lebaka le a feditseng dingwaga di le lesome a tsweletse go dira tiro e le go tswelela go dira jalo le jaanong.

Wongiwe yo gone jaanong a leng Mokaedi Khuduthamaga wa NPO ya  LAMP Foundation, ke motho yo a dumelang thata mo bofatlhosing ka gore le ene o nnile le mofatlhosi. Jaanong le ene o bona mosola wa go na le mongwe yo a tsadisang nako ya bone mo go ene ka borutegi le mo go goleng ga gagwe ka sebele. Ke akanya gore bafatlhosi mme ke a ikakaretsa, re tshwanetse go na le phisego ya go godisa motho yo mongwe le go na le bokgoni jwa go godisa kgonego e e leng mo teng ga ene.

Kgwetlho mo go Wongiwe e nnile phetogo go tswa mo Korporatifing kwa a neng a le Tlhogo ya Thuto le Phetolo kwa Lafarge South Africa go ya go tsamaisa NPO, "bokgoni jo bo tlhokegang bo farologana thata, go tsa mo go tshepeng ga moeteledipele go go fa tsela go ya go tirong ya go repota kwa Lekgotleng la Bakaedi gore tsela ya go gatela pele e tshwanetse go nna eng," a tswelela go tlaleletsa.  Wongiwe o itlhalosa go nna mongwe yo a itseng go lemoga talente le go e godisa, motho yo a leng morulaganyi wa nnete, moeteledipele yo o nonofileng. Le fa a dira jalo o bitsa karolo ya gagwe ya bokoa go nna ntlha ya go na le dikemo tse di leng kwa godimo thata.

“Ke nnile lesego thata go ithuta mo NWU le gape go ka dira le koo. Ke akanya gore yunibesiti e dirile ka maatla go tswelela go na le mosola le boleng mo lefatsheng le le tswelelang go fetoga la mo tirong mme mosola wa setheo o thusitse setheo go fa baithuti dikgono tse di tlhokegang go ka gaisana mo mmarakeng wa badiri," ga re Wongiwe. Gape o tlaleletsa ka go re go nna teng mo NWU go mo thusitse go direla mo dikarolong tse di farologaneng mo maemong a a farologaneng le gore a gole mo dikgatong tsa boporofešenale.

Ka go tswalela Wongiwe a ne a ka rata go gakolola baithuti go re: "tlhomamiso ke gore ga go na letlha le le tswelelang nako yotlhe. Fela jaaka o palama ditlhoa tsa makhubu, o tshwanetse go na le bokgoni jwa go tsamaya mo megorogorong."

Nadine Watkins

Nadine, ke moalogi wa dithuto tsa tlhaeletsano, mme gape ke Mokaedimotseleganyi wa Newskoop, setheo sa diteng tsa media kwa Gauteng. Ene o dumela gore bofatlhosi bo botlhokwa thata fa mongwe a batla go fitlhelela bokgoni botlhe ba gago.

"Ke ne ke le motsayakarolo wa palo ya diporokerama tsa bofatlhosi mo nakong e e fetileng mme ka iponela maungo ka sebele le ka borutegi," ga re Nadine. Ene o dumela gore e nngwe ya maatla a gagwe ke boeteledipele jo bo maatla le jwa kutlwelobotlhoko. Gape o dumela gore boikanyo, poposešwa le boitshepegi ke mabaka a gore a atlege mo tirong ya gagwe. Ene o tlhalosa gape gore e nngwe ya makoa a gagwe ke bopelokhutshwane mme se se baya kgatelelo e kgolo mo setlhopheng sa gagwe gore ba dule ba dire sentle thata.

Ene o tlhalosa kgaolo ya intaseteri ya dikgang go nna e e leng ya lebelo le ya dikgaisano, le gore go tlisa dikgang tse di boleng jo bo kgolo ke tiro e e leng kgwetlho e kgolo. "Rona re le setlhamo, re tlhometse mokgwa wa tiro wa bolaodi jwa boleng mo go gotlhe gore re laole dikutlwalo tse di leng negatifi mo dikgwetlhong tse. Gape re tswelela go atlhola dithulaganyo le ditirego tsa rona go tlhomamisa gore re ntsha diteng tsa dikgang tsa boleng tse diseteišene tsa merafe tsa seyalemowa di ka kgatlhisiwang ke tsone," ga tlhalosa Nadine.

Nadine o tswelela ka go re NWU e mo baakanyeditse tikologo e ya tiro e ya lebelo e a direlang mo go yone mme a tlatsa gape gore e mo rutile go ela tlhoko ka botlalo mme se sa mmaakanyetsa boiphediso jwa go nna mojenalese. “Sengwe le sengwe se se go tshosetsang tota tota ke sone seo o tshwanetseng go se latela ka gore fa sengwe se le kagiso le polokelo go raya gore o setse o se dirile ka katlego," ga re Nadine mme a tlaleletsa gape go re motho ga o a tshwanela go tsaya dilo ka sebele mo tikologong ya tiro, thata mo tikologong ya bojenalese. Gape ene o dumela gore fa motho a tsaya tiro, o tshwanetse go e dira mme o e fetse ka potlako mme o se e tlogele e dutse e go emetse.

Ene a re nako yotlhe o atlenegisa NWU ka ntlha ya pharologano le boleng tse NWU e di fanang mme a oketsa gape gore NWU e na le dikhoso tse di tletseng tse di rutang mabaka a a farologaneng. "Dikhoso di go ruta mekgwa le megopolo e e farologaneng mme di go fa bokgoni le dikgono tse di tlhokegang gore o bone katlego mo lefelong la tiro," ga re ene gape.

Kgakololo ya gagwe go baithuti? "Fa o ka iphitlhelela mo mabakeng a a thata, leka go gopola nopolo ya ga Franklin D. Roosevelt: " Lewatle le le leng borethe ga le a nke la dira mothadisi yo o bokgoni." Ene o gatelela ntlha e go re ke sone se se mo rotloetsang ka gore ene o itse gore o tshwanetse go feta mo dinakong tse di thata gore a gole mme a nne motho yo o botoka go feta se a leng sone.

Rodean Booysen

Rodean Booysen, moithuti wa kgale wa B.Ed mme yo a leng moithuti wa jaanong wa PHD ke Moitseanape wa Go Ithuta le wa Go ruta mme tiro ya gagwe ke go ema nokeng baakatemi ka tiro ya go ruta le go ithuta.

“Bofatlhosi ke mokgwa o mogolo wa go fa ba fatlholwang kemonokeng e e tlhokegang le kgakololo e ba ka e tlhokang go itsamaela mo ditseleng tse di farologanang tsa bophelo," ga tlhalosa Rodean. Ene o tswelela go re ene o dumela gore mofatlhosi o tshwanetse go nna moreetsi yo o siameng, yo o motlotlo, yo o kutlwelobotlhoko mme yo o bonang mosola wa pharologano. Ene ke motho yo o dirang thata yo o boithotloetso; le fa go le jalo, ene o tlhalosa gore ka a le modiragotlhesentle mo go gotlhe se a se dirang go nna e nngwe ya makoa a gagwe.

Rodean ke motlhatlheledi wa pele wa mo NWU, mme a re, "Ke dumela gore kitso le bokgoni tse di bonweng mo NWU di mphile maatla go nna mosadi wa pelontle, mosadi wa bokgoni, wa kitso le yo o kgweediwang ke maikaelelo."  O oketsa ka go o nnile le kemonokeng e ntsi go tswa go badirammogo ba gagwe le go tswa go motlhokomedi wa gagwe wa dithuto tsa pele ga dikerii le morago ga dikerii mo NWU.  O tswelela go re fa a fiwa tšhono le dikatlanegiso, nako yotlhe o atlenegisa NWU ka ntlha ya boleng jwa NWU jwa go ruta le go ithuta le ditirelo tsa kemonokeng mo setheong di maemo a boditšhabatšhaba.

“Ka leeto la me la boiphediso ke ithutile gore batho ba a farologana, ba na le dipono le maitemogelo tse di farologaneng tse mo bofelong di amang mme di laola mokgwa o ba bonang lefatshe le gore ba tsaya jang dikgato le ditshwetso." ga re ene. Ka go tlatsa gape o dumela thata go baya maikaelelo a nako e telele le a nako e khutshwane mme o ruta kakanyo ya gagwe go ipaakanyetsa maikaelelo a.

Thato ke Motheo wa ga Rodean ka gonne ka thapelo o kgona go bua maikaelelo a gagwe mme o tlaa na le maatla a kakanyo ya gagwe gore a kgone go fitlhelela maikaelelo a gagwe. Ene o tswelela go re " Thapelo ya Khutso e tswelela go mo rotloetsa: “Morena o nthute, go amogela tseo ke sa kgoneng go di fetola, O nthotloetse, O mphe le thata ya go fetola se nka se kgonang, mme o mphe botlhale jwa go tlhaloganya pharologano, ke phele letsatsi ka letsatsi; ke je monate nako e nngwe le e nngwe; ke tseye lefatshe le jaaka le ntse mme e seng jaaka nna ke ka se rata.  

Ene o gakolola baithuti gore "ditoro tse di beetsweng nako ga se ditoro tse di gannweng", mme ga go re sepe gore o na le mathata a kana kang, ka go itshoka  o santse o ka fitlhelela maikaelelo le ditoro tsa gago.

Dr Michele Rossouw

“Motlhababotlhale o botlhokwa thata go dirisiwa jaaka yo go ka tsewang malebela mo go ene le go mmotsa dipotso, le ka motlha o se ka wa lebela kwa tlase boleng jwa motlhababotlhale,” Ngaka Rossouw o bolela jalo.

Ngaka Michele Rossouw yo o ithutetseng Thutabomodimo kwa YBB, ke mong wa You-Turn Powerfully e bile ke Mankge yo o Gatetseng Pele mo go Tsa Bodumedi mo tirong ya gagwe ya Boruti ya go Naya ba Bangwe Kgakololo ka ga go ikutlwa o le botlhokwa, ka ga tlhobaelo, go nonotshediwa tiro le ka diphetogo tsa botshelo. Go ema nokeng malapa ao maloko a one a lwalang malwetse a a tsayang lobaka lo lo leele jaaka jwa kankere ke sengwe sa dilo tse Ngaka Michele a ratang thata go se dira.

Ngaka Rossouw o dumela gore go tlhaba ba bangwe botlhale ke tsela ya go aga botsalano jwa batho ba ba tshepanang jo mo go jone motlhababotlhale a ba nonotshetsang tiro gore ba fitlhelele mekgele ya bone. Le ene o na le batlhaba-botlhale ba le babedi.

“Go nonotshetsa motho yo o tlhabiwang botlhale tiro ke karolo e e botlhokwa thata ya go tlhaba ba bangwe botlhale e bile go dira gore motho a ikutlwe a amogelesega, a engwe nokeng e bile ke thotloetso mo go ene ya gore a gole mo mmeleng, mo maikutlong le mo bomoweng jwa gagwe,” Ngaka Rossouw o bolela jalo. O tswelela ka go re go tlhaba ba bangwe botlhale go botlhokwa ka gonne go dira gore motlhababotlhale le yo o tlhabiwang botlhale ba amogele mafoko a kgothatso le gore ka bobedi jwa bone ba kgone go ithuta le go dira kgatelopele.

O senola fano gore o feta mo maemong a a thata ka go ikanya dikgono tsa gagwe le go se lebale lebaka la go bo a dira se a se dirang. Gape o bolela gore go “Ema a nonofile mo tumelong le go tlhopha go bontsha maikutlo a a siameng a a tletseng tsholofelo le kagiso ya Bomodimo go mo thusa go feta mo maemong a a thata. Ga se kgang ya go kgona go laola dilo mme ke go lesa tsotlhe mo diatleng tsa Modimo."

Se se tlhomologileng mo mogopolong wa Ngaka eno ke gore YBB e itsiwe mo lefatsheng lotlhe jaaka nngwe ya diyunibesiti tse di melediwang mathe, e e itsiweng thata ka boleng jo bo kwa godimo jwa thuto, go ithuta le patlisiso. O oketsa ka gore motho ga a ka ke a ikwatlhaela go ithuta mo YBB, ka gonne e tlamela ka ditšhono tsa morago ga go wetsa dithuto, ka sekai, go tshwara metlotlo le dithaka, pontsho mo mafaratlhatlheng ka mekgele ya tiro le lekwalodikgang le le buang ka diporojeke tsa patlisiso, babatlisisi le ditiragalo tse di tshwanang le tseno.

Moano wa me mo botshelong ke gore baithuti ba itse boikaelelo jwa bone mme ba bo kopanye le mokgele wa bone wa tiro. “Dumela mo bokgoning jo o nang le jone, itekanye morwalo wa tiro, le ka motlha o se ka wa emisa go ithuta le go dira kgatelopele, o kgotlhelele fela le fa go le thata!” Ngaka o konela ka kgakololo eo.

Onalenna Tsae

“Ke kile ka tlhaba basadi botlhale ba ba tsenetseng motshameko wa mabole e bile ke santse ke ba tlhaba botlhale, gore ba nne bommamabole, bakatisi, le ba R/J gore ke oketse bontsi jwa basadi ba ba tsayang karolo mo motshamekong wa mabole,” Onalenna o bolela jalo.

Onalenna Tsae, moalogi wa onase ya dipalopalo tsa BCOM mo YBB, ke mankge wa tlhamo ya dikumo; Motlatsa Mokwaledikakaretso (Deputy Secretary General [DSG]) wa South African National Open Boxing (SANABO); yo gape e leng leloko la PEC la Khonfetereišene ya Metshameko ya Porofense ya Bokone Bophirima.

Ke mosadi yo o dirang ka natla yo o se keng a bona nako ya go ikhutsa. Ka nako ya fa a sa dire sepe, o katisetsa batho motshameko wa mabole o tshameka bolotlowa. “Ke boikokobetso, ke rata go thusa ba bangwe, ke kgona go ithuta mo go ba bangwe, e bile gantsi ke dirisetsa nako go tlhaba botlhale batlhaba-botlhale ba bangwe.

Onalenna le ene a re tlhabobotlhale e botlhokwa ka gonne motho o bona kaelo mo mothong yo o nang le maitemogelo le go ithuta go mekamekana le dikgwetlho dipe fela tse a ka lebanang le tsone. O tlhalosa go ya pele gore nngwe ya dikgwetlho tse wa lebanang le tsone ke mekgwa e banna ba itshwarang ka yone. “Gantsi ke leka go nna ke ritibetse ka moo ke ka kgonang ka gone; go tseega maikutlo go ka go dirisa diphoso,” o bolela jalo.

Gape a re selo se se tlhomologileng mo mogopolong wa gagwe mo YBB ke khoso e a e ithutetseng, - ya Dipalopalo - e a dira le mo botshelong jwa gagwe ka namana. “Go nna leloko la baeteledipele ba baithuti (Lekgotla lotlhe la metshameko) go dirile gore ke nne le semelo se se nonofileng fa ke rarabololana le mathata le go abelana talente ya me le ba bangwe,” Onalenna o bolela jalo. O rotloetsa baithuti go tla go ithuta mo YBB ka gonne go santse go sa ture e bile go na le mefuta e e farologaneng ya botshelo jwa baithuti.

O gakolola baithuti ka go reng?  “Dira tiro sentle kgotsa o e tlogele gotlhelele. O tshwanetse go dira botoka go feta maabane. Iketleeletse go ithuta sengwe se sesha ka metlha.”

Porthri Blaauw

Porthri Blaauw ke Motlhankedi wa Tharabololo ya Dikgotlhang kwa Setlamong se se Kopantsweng le Tse Dingwe sa Bathapi. O tlhalosa gore dinonofo tse a nang le tsone ke tsa go kgotlhelela, go sa ineele bonolo le go ikemela ka nosi mme a re go ikemela ka nosi le go sa ineele bonolo ka dinako tse dingwe, ke makoa a gagwe le gore ke motho yo o abang ka bopelotshweu thata e bile o kgona le go dira diphoso fa a dira jalo. Porthri o na le sekejule sa tiro se se mmatlang nako e ntsi mme gantsi se fetoga ka ponyo ya leitlho. Ka jalo, o ne a tshwanelwa ke go ithuta go rulaganyetsa sekejule sa gagwe dibeke di le tharo kwa pele le go tswelela pele a fetofetoga le maemo  go dira tiro e e mo tayaring ya gagwe e e fetofetogang ka dinako tsotlhe. Go fetoga ga mokgele wa tiro ga jaanong go Porthri a lebaneng le gone ke phetogo ya bošeng jaana ya mokgwa o tiro e dirwang ka one mo tirong. O ne a iketleeleditse go fetofetoga le maemo, go dira kgatelopele le go ithuta sengwe mo phetogong eno. Ka nako ya fa Porthri a sa dire sepe, go nna le dilo tse a ratang go di dira. O simolotse motshameko wa mabole bošeng jaana, go palama dithaba le go itshidilo-mmele ya di-pilates. O na le bokgoni jwa go tlhama dilo e bile o rata go dira tiro ya diatla, go dira dikerese le tiragatso ya diatshe.

Tlhabobotlhale e botlhokwa thata mo go Porthri. O dumela gore go nna le motho yo a mo tlhabang botlhale go dira gore a simolole go ikitse e bile go dira gore a tswelele pele go dira kgatelopele mo mokgeleng wa gagwe wa tiro. Ka ntlha ya maele a ba go nayang one, o tla tswelela pele go dira kgatelopele mo tirong ya seporofešenale le go tokafatsa dikgono tsa gago mme o tla nonotshiwa gore o tsweledisetse mokgele wa gago wa tiro pele gore o fitlhe kwa o batlang o fitlhe gone. Gareng ga tse dingwe tse dintsi, Portri o dumela gore motlhababotlhale yo o nang le bokgoni o tshwanetse go nna le tlhagafalo ya go bolelela ba bangwe ka bokgoni jwa bone le go nna le keletso e e nonofileng ya go fatlhosa bokgoni jwa ba bangwe. “Le ka motlha o se ka wa tshaba go raya batho o re ga ke itse; mme o batle

Schané Fouché

“Nako yotlhe leka gape gangwe" ke moane wa bophelo jwa ga Schané.     

Schané Fouché ke CEO ya Miss South Africa. Ene ke moalogi wa BCom ya Papatso wa NWU. O ipela ka go dula a na le pono e e posetifi mo bophelong mme o dula a itshekile mo maemong otlhe. Ene o dumelela gore ene ke motho yo a ratang tiro mme o tswelela go leka go kgona go fa batho ba bangwe ditiro. Schané ene o fana ka ntlhana ya gagwe e e botlhokwa mo taolong ya nako ke go ithuta go ka baya pele se se botlhokwa. Ka mafoko a gagwe, "Fa lefatshe le ka se emisiwe fa o sa dire sepe ka potlako tlogela kgang eo mme tsibogela kgang e mo nakong e e siameng."

Schané o rata go simolola letsatsi la gagwe ka go ikatisa le go tsamaya kgakala ka mathapama gammogo le mogatsa wa gagwe gore le bone ba bue mme ba tlotle ka malatsi a bone ka bophelo e le lebelo le le makatsang. Mo boiphedisong jwa gagwe ene o ikutlwa gore dikgwetlho tse a lebaganeng le tsone jaanong jaana mo tirong ya gagwe ke poposešwa le go leka go dula o ipaakanyeditse tse di tla go tlelang. Ka a le moithuti wa pele wa motlotlo wa moeteledipele, Schané o dumelela gore dithulaganyo tse tsa boeteledipele di mo rutile mme di mmaakanyeditse tikologo ya Korporatifi mme di mo file boikanyo le boitshepo mo thoko ga batho ba kgale ka maitemogelo mo intaseteri. “Ka go nna moithuti wa NWU go ntetlelela go gola go nna mogolo yo ke tshwanetseng go nna ene mme ga mpha ditšhono go aga mararang a magolo."  Ene a re o dumela gore mananeothuto a a leng teng a a farologaneng a a rutiwang mo NWU a dira gore NWU e itlhaolele kwa pele.  Ka kgang ya bofatlhosi, Schané o dumela gore go botlhokwa mo kgolong ya dikhamphani le ya batho gore go botlhokwa gore go bopiwe tikologo mo bofatlhosi bo diragalang.