Thamsanqa Manzi

Mogwebisimošwa yo o atlegileng

Thamsanqa (Thami) Manzi ke mogwebisimošwa yo o itseng ka ga go neela kwa morago, mme yo dikgwebo tsa gagwe tse di godileng di tlholang ditšhono tsa ditiro go batho ba setšhaba sa gagwe.

Go dira ka thata ga gagwe le boitshoko bo bone kgwebopotlana ya gagwe, Ola Superstores, e phuthologela go mabenkele a a kwa thoko a le mararo ka tlhotlhwathekelo ya ngwaga le ngwaga ya go feta R10 ya Dimilione le bathapiwa ba leruri ba le 26.

Pele a simolola ka bo ene, Thami e ne ele molaodi mokhuduthamaga a na le maikarabelo a go tlhabololo boikaelelo kwa Teraseteng ya Toro ya Aforika le ka katoloso, Tikwatikwe ya kgwebo ya Mpumelelo.

Ke modiredi mo botong ya Lenane la Bophelong Tutorial (BTP), e e kwadisitsweng ele lekgotla ntle le poelo le le rotloeletsang thuto e e boleng ka go direla yuniti ya tsereganyo le setheo sa tshegetso go dikolo mo setšhabeng sa Bophelong.

Thami o gapile awate ya Modulasetulo wa lefatshe wa ngwaga ka 2013 ka boitseanape jwa boetapele O amogetse diawate di le dintsi, go akaretsa Awate ya Mogwebisimošwa wa Motsesetoropo go tswa go Lefapha Bodiri la Gauteng le diawate ka tirelo e e boitseanape ya Khayisa go tswa go Lefapha la Boitekanelo la Gauteng le Tsweletso ya Loago.

O bone dikirii ya BCom mo Botsamaising jwa Kgwebo go tswa khamphaseng ya YBB mo Vanderbiljpark ka 1999 mme ga jaanong jaana o ikwadisitse kwa setheong sa Gordon sa Saense ya Kgwebo.

Phisego ya Thami go dira pharologano mo setšhabeng e mo tlhotlheleditse go thusa go feta dikgwebo tsa selegae di le 50 le go feta bana ba sekolo ba le bantsi le ba batli ba mmereko.