Tshedimosetso e e tlhabolotsweng

Molao wa Tshireletso ya Tshedimosetso ya Poraefete (wa bo 4 wa ka 2013)

Ka mafoko fela a a motlhofo, boikaelelo jwa Molao ono ke go tlhomamisa gore ditheo tsotlhe tsa Aforikaborwa di itshwara ka mokgwa o o nang le maikarabelo fa di kokoanya, fa di tlhotlha, fa di boloka le go abela ba bangwe tshedimosetso ya poraefete ya setheo ka go di pega molato fa di ka dirisa tshedimosetso ya gago ya poraefete maswe kgotsa fa di sa e tlhokomele ka tsela epe.  

Re tshwanetse go dumela gore jaanong re tshela mo motlheng wa tshedimosetso e bile kgatelopele e tsamaisana le maikarabelo a mongwe le mongwe a tshwanetseng go a tlhokomela le go sireletsa tshedimosetso ya bone.  Go sireletsa tshwanelo e motho a nang le yone ya go boloka tshedimosetso ya gagwe e le sephiri le go e sireletsa gore e se dirisiwe ka tsela e e sa siamang, go ile ga tlhokega gore go nne le molao wa tshireletso ya tshedimosetso mme ka jalo Molao wa Tshireletso ya Tshedimoseso ya Poraefete o ne wa tlhomiwa.  Boikaelelo jwa YBB ke go tlhomamisa gore go dirisiwa dithulaganyo le mekgwatsamaiso yotlhe go tlhomamisa gore tshedimosetso ya poraefete e laolwa sentle go ya ka Molao ono go netefatsa gore kgwebo e laolwa sentle.

Go senolela batho ba ba kwa ntle tshedimosetso ya poraefete kwantle ga molao go tsenya YBB mo kotsing ya dilo tsa semolao e bile ke kgato B ya go kgoreletsana le Mekgwa-tsamaiso ya Kotlhao jaaka fa seno se tlhalosiwa mo Mmanualeng wa Boitshwaro wa YBB (o, mo maemong a a masisi, o ka felelang ka gore motho a lelekwe). Ka jalo YBB e leba kgoreletsano eno masisi fela thata.

Le fa go ntse jalo, Molao ono, ga o ka ke wa sireletsa motho fa a sa tseye matsapa a go itshireletsa. 

Jaaka baithuti ba nako e e fetileng ba yunibesiti re batla go nna re ntse re ikgolagantse le lona.

Update process