Shante Bukes | Alumni

 

Shanté Bukes o rata thata go tsenela lebelo la sekuta sa mo metsing mme o ne a ya dikgaisanong tsa lone kwa dinageng di sele mme diphitlhelelo tsa gagwe tsa lobelo lo lo bonako di bontsha gore dikgolo di sa ntse di tla. 

Fa e sa le a simolola lobelo lwa sekuta sa mo metsing lwa seporofešenale dingwaga di le thataro tse di fetileng, o fitlheletse maemo a a kwa godimo a go ema mo godimo ga serala sa bafenyi.  Mo dikgaisanong tse dintsi tse a di fentseng, nngwe ya tsone e a e umakang ke Dikgaisano tsa Bommampodi ba Lefatshe tsa Basadi tse a di fentseng kwa USA.

Ga a fenye dikgele tseno ka go latelana kwa dinageng di sele fela. Gape Shanté ke mmampodi wa Bosetšhaba wa Aforikaborwa wa 2015 wa Lebelo la Basadi ka Sekuta mo Metsing mme o ne a le mo maemong a bobedi mo ditlhopheng tsa kgaisano ya Pro Runabout Stock Class le Pro Runabout Open Class.

O ne a gapa maemo a boraro mo setlhopheng sa World Finals Pro-Am Runabout Stock Class le kwa dikgaisanong tsa Bosimega jwa Lefatshe koo a neng a gaisana le banna gone ba ba tswang kwa dinageng tse di fetang 44.

Shanté o nnile mmampodi wa bosetšhaba wa Aforikaborwa dingwaga di le thataro ka go tlhomagana mme o itsege jaaka mosadi wa ntlha-ntlha go nna mmapodi wa kgaisano ya lebelo ka sekuta mo metsing kwa Khutlotharong ya Lekwa yo o gapileng Sejana sa World Kings kwa Thailand.

O ne a iponela dikirii ya BCom ya Go Tlhoma Kgwebo le ya Botsamaisi jwa Kgwebo go tswa kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya YBB ka 2015.