Karen Meiring | Alumni

 

Leina Karen Meiring ga le kgone go kgaogangwa le boitlosobodutu, go simolola ka tiro ya gagwe ya kwa tshimologong mo seraleng le seabe se a nnileng le sone mo meletlong ya mmino ya Aforikaborwa go fitlha ka tiro ya gagwe ya tlhamosešwa ya go tlhoma kykNet e e leng kanale ya thelebišene e e rategang thata e e atlegileng ya Seaforikanse.

Karen o weditse dikirii ya onase ya Terama kwa Yunibesiting ya Potchefstroom ya Pele ya Thutogodimo ya Sekeresete mme a simolola mokgele wa tiro ya boitshediso mo intasetering ya boitlosobodutu ka 1985, kwa Lekgotleng la Botsweretshi jwa Tiragatso la kwa Foreisetata (Performing Arts Council of the Free State).

O ne a simolola go ipereka ka 1990 mme a tlhaga mo mananeong a Lekgotla la Botshweretshi jwa Tiragatso a Teransefala (Performing Arts Council of Transvaal)  pele a tlhama”setlhopha sa “acapella” sa Cutt Glass e e tlhomologileng le e e ratwang thata.

Ngwaga wa 2009 o ne wa leretsa Karen dilo tse dintšha. O ne a tlhomiwa go nna tlhogo ya dikanale tsa Seaforikanse tsa M-Net tse gareng ga tse dingwe di akaretsang kykNet.  Bokgoni jwa gagwe bo ne jwa dira gore a tlhatlosiwe maemo mo tirong gore a nne mokaedi wa dikanale tsa Seaforikanse ka 2013.

O tswelela pele ka natla go tshegetsa le go tlhabolola diatshe tsa Seaforikanse, mme go tlhomilwe diporojeke tse dintsi tse dikgolo tsa go rotloetsa puo ya Seaforikanse ka kaelo ya gagwe. Di akaretsa diawate tse di melediwang mathe thata tse di jaaka tsa kgaisano ya Fiëstas and Die Ghoemas, Die Silwerskermfees, le kgaisano ya go kwala pina ya Afrivisie.