Akhaefe ya Dikitsiso 2018

Dikopo tsa NSFAS tsa 2019 di tlaa bulwa ka Mosupologo - 03 Lwetse 2018

30 Phatwe 2018

Tona ya Thutogodimo le Katiso, Naledi Pandor o itumetse go itsisa gore dikopo tsa 2019 tsa NSFAS (National Student Financial Aid Scheme) tsa bakopi ba bašwa di tlaa bulwa ka Mosupologo ka la 3 Lwetse 2018.

Kitsiso e e latela kopano ya Tona le motsamaisi wa NSFAS, Ngaka Randall Carolissen, kwa Cape Town, maabane (29 Phatwe 2018).

Tshwetso ya go bula dikopo e dirilwe morago ga gore go tsamaisiwe teko ka dikopo tsa 2019 mme go lebeletswe setlhopha sa kelotlhoko sa barutwana ba kwa sekolong se segolo mme teko ya bontsha diphetho tse di posetifi go ya ka bokgoni go tsena le gore e nne e e amogelesegang mo badiring. 

NSFAS e tlhometse leano le le tseneletseng la tlhaeletsano, le le akaretsang tirisanommogo le ditheo tsa thuto le katiso ya kwa godimo,  le NYDA(National Youth Development Agency (NYDA), dithulaganyo le ditheo tsa setšhaba go tlhomamisa gore baithuti botlhe ba ba leng batshwanedi ba fitlhelwe.

Gangwe fa moithuti a dirile kopo mo NSFAS, makisimamo ya nako ya go emela kitsiso le tshupo ya kamogelo ke nako ya beke e le nngwe. Fa moithuti a sa amogele kitsiso ya kamogelo, ba kopiwa go letsa mogala kwa nomorong ya mahala ya kwa NSFAS kwa senthareng ya megala, e e leng  08000 NSFAS (67327).

Malebana le tswelelopele e e dirilweng go rarabolola mabaka a NSFAS, go tserwe dikgato tse di latelang;

  • NSFAS e rometse badiri ba bone kwa ditheong tsotlhe go nolofatsa tiro ya go baakanya dipitlagano tse di ileng tsa diragala ka ntlha ya mabaka a a farologaneng.
  • Madi a a tlhokegang a teng mme go diriwa tswelelopele e e sa fetogeng gore go fetisiwe thuso ya baithuti go fitlha kwa baithuting ba ba dumeletsweng.
  • NSFAS e itumeletse kemonokeng e kgolo go tswa kwa Ditheong le kwa Di-SRC kwa Diyunibesiting le kwa Dikholetšhing tsa TVET go kgona go baakanya ditshireletso le dipitlagano ka tiro ya go duela matlole.

Kemonokeng ya Ditheo le di-SRC e ne e le go thusa NSFAS go netefatsa gore:

  • Baithuti ba tladitse mme ba saene ditumelano tse di tlhokegang;
  • Ditumelano tse le dikhoutu tsa dikhoso tsa baithuti di amogetswe ke setheo mme di gorositswe kwa NSFAS;
  • Madi a itshetso a dibuka le s-Bux, madi a pele le tshedimosetso ya moithuti e amogetswe sentle mme e tsamaisana le direkoto tsa NSFAS;

Mabapi le kgang e, mo baithuting ba ba Tseneng sa Ntlha ba le 273 000 kwa Dikholetšheng tsa TVET le kwa Diyunibesiting, palogotlhe ya ba le 211 000 ba amogetse matlole a a lebaneng mme ba ba gaufi le palo ya 239 000 ya ba le 241 000 ba ba boelang ba tsentswe mo thulaganyong ka katlego.

Baithuti ba tlhotlheletswa go saena Ditumelano tsa Dibasari tsa NSFAS tse di seng di saeniwe go tlhomamisa tswelelopele e e siameng ya matlole a bone ka 2019 mo ngwageng ya akatemi fa e le gore ba arabela ditlhokego tsa seakatemi.

Tona o na le tshepo gore dituelo tse di sa leng kwa morago le tse di seng di diriwe di tlaa diriwa ka pele jaaka fa tshedimosetso e ka amogelwa mme e tsenngwe mo thulaganyong mme e netefaditswe.

Tona Pandor o kopa baithuti botlhe gore fa tshedimosetso ya bone e fetoga ba itsise NSFAS ka pele, thata dinomore-kgokagano tsa megala ya letheka, ka gore se ke sediriso se segolo sa ntlha sa tlhaeletsano go itsisa baithuti ka ga dituelo tsa matlole.

Lefelo la mo Inthaneteng la MyNSFAS Online le teng gore baithuti ba kgone go ntšhwafatsa tshedimosetso ya bone ka potlako. Ditheo tsotlhe tsa Thutogodimo le Katiso di tla fiwa bokgoni jwa go thusa ka dikopo tsa NSFAS.

Tona gape o kopile baithuti ba ba amogelang madi a matlole a a nneng a le kwa morago go dirisa madi a bone ka kelotlhoko go duela melato e e leng kwa morago mme ba tsenye marapo nameng ka dithuto tsa bone.

Tlhagiso go tswa go Lephata la Thutogodimo le Katiso

Fa o na le Dipotso:

Lunga Ngqengelele
Mogokaganyi wa Media
Lephata la Thutogodimo le Katiso

Mogala wa Letheka: +2782 566 0446
Nomore ya Mogala +2712 312 5850
Imeili: lunga.n@dhet.gov.za

Webosaete: www.dhet.gov.za
Nomoro ya mahala: 0800 872222
Imeili: Callcentre@dhet.gov.za
Twitter: @HigherEduGovZA
Facebook: DHETinSA


Diphatlhatiro: Mothusa Motlatsamokanseleri: Ditiro tse di Neetsweng le Ditiragatso mo Khamphaseng ya Potchefstroom 

24 Phatwe 2018

Maikaelelo a phatlhatiro

Go neela boeteledipele jwa togamaano le go laola tiro ya bokhuduthamaga go netefatsa motlele ya katlego - ka ponalo ya setheo sotlhe - mme le go diragatsa togamaano ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima mme go arabelwa ditiro tse di neetsweng, mme go etswe tlhoko popego ya yunibesiti ya dikhamphase tse di farologaneng mme go etswe tlhoko maikaelelo a setšhaba.

Go okamela le go tlisa kgakololo ka ga bononofo jwa ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa ditiro tsotlhe tsa kemonokeng mo khamphaseng mme se e le ka kamano ya tirisanommogo ya boikarabelo le UMC(University Management Committee) mme mmogo ba na le boikarabelo jwa tlhabololo ya togamaano le ditiro tse tsotlhe tsa kemonokeng mo dikhamphaseng tsotlhe.

Go emela Motlatsamokanseliri le UMC go nna moeteledipele wa setheo mo khamphaseng mme a dira le ditiro tsa meletlo. 

Go bona tshedimosetso go ya pele, tobetsa fa.


Diphatlhatiro: Mokaedi Mokhuduthamaga: Batho le Setso

24 Phatwe 2018

Maikaelelo a phatlhatiro

Mokaedi Mokhudutamaga: Batho le Setso(Executive Director: People and Culture (ED: PC)) ke leloko la Komiti ya Taololbolaodi ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (University Management Committee (UMC)), mme ka lebaka le o boikarabelo-mmogo go tlhabolola le go dirisa mosalatogamaano ya yunibesiti ka bophara. ED: PC o tlisa kitso e e tseneletseng ya Taololbolaodi ya Metswedithuso ya Batho mo UMC.

Ka a le moeteledipele yo mogolo go feta wa metswedithuso ya batho mo setheong, morwalatiro o na le boikarabelo mme o tshwanetse go arabela boeteledipele mo tiragatsong ya ditirwaneng tsotlhe mo lefapheng le le bopetsweng mosola o.

Go bona tshedimosetso go ya pele, tobetsa fa.

 


Kitsiso go baithuti botlhe ba dithuto tsa mo dikhamphaseng ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB): Go bitsa maina le Tlhopho ya baithuti go tsena mo dikhanseleng tsa baithuti tse di farologaneng tsa Dikhamphase. (student campus councils (SCC)

12 Phukwi 2018

Ka kopo ela tlhoko gore tiro ya go bitsa maina le go tlhopha di-SCC tsa 2018/2019 mo dikhamphaseng tse tharo tsa YBB go tlaa simolola ka Mosupologo wa la 16 Phukwi 2018 mme go tlaa tswala ka 25 Phukwi 2018 ka ura ya 16:00. Ke fela baithuti ba nako yotlhe ba ba tsenang dithuto mo dikhamphaseng ba nako yotlhe ba YBB ba ba ka bitsang maina a baithuti ba ba nonofileng go direla mo Di-SCC tse di farologanang.

Ka kopo ela tlhoko mabaka a a latelang jaaka a beilwe mo Molaong wa YBB le mo Molaotheong wa SRC ka kgang ya nonofo ya moemela ditlhopho go ka kgona go bidiwa leina:

Motho a ka bidiwa leina mme a tlhophiwa mo SCC fa e le gore ntlhopeng:

  1. o dumelwa go ka tlhopha ka nako ya ditlhopho;
  2. ke moithuti y(o a kwadisitsweng go nna moithuti mo YBB le go dira porokerama e e isang kwa boruteging;
  3. o fetile 70% ya dimmojulu tse di beilweng ke kharikhulamo ya borutegi bo ntlhopheng a ikwadiseditseng yone mo semesetareng ya pele ga ditlhopho;
  4. o kwadiseditswe  60% ya dimmojulu tse di beilweng ke kharikhulamo ya borutegi e ntlhopeng a ikwadiseditseng tsone mo ngwageng ya jaanong jaana ya akatemi;
  5. ga a ka a kwadisiwa kgotsa a batla go ikwadisa nako e telele e e fetang makisimamo ya nako ya thuto e e beilweng;
  6. a diretse nako ya lebaka le le tletseng, kgotsa a direla lebaka la jaanong jaana, mo kemong ya boeteledipele mo morafeng wa baithuti ba mo yunibesiting, mme
  7. go na le nonofo ya go bidiwa leina le go tlhophiwa mo boemong jwa Modulasetulo wa SCC, ntlhopheng o tshwanetse a be a feditse lebaka le le tletseng a le leloko la SCC e e amegang.
  8. Go na le nonofo ya go bidiwa leina le go tlhophiwa mo maemong a Motlhankedi wa Baithuti ba kwa Kgakala, ntlhopeng o tshwanetse go nna teng go ka tsaya karolo mme a tsene dikopano le ditiro tsotlhe tsa SRC.

Motho o kobiwa mo go bidiweng ga leina le go tlhophiwa mo SCC fa:

  1. motho yo a ikwadiseditswe mo ngwageng ya ntlha ya porokerama ya basenadikerii;
  2. motho yo a setse a dirile mabaka a mabedi a a tletseng mo SCC;
  3. go ka na le thulano ya dikgatlhegelo fa a ka tlhophiwa;
  4. motho yo a bonwe molato go ya ka melawana ya dikgato tsa kgalemo tsa baithuti ba yunibesiti mme a fiwa le katlholo kwa ntle ga go fiwa tšhono ya tuelo, kgotsa
  5. motho yo a na le rekoto ya bogodu.

Dipitso tsa maina di kopiwa mo foromong e e tshwaragantshitsweng mo, mme e tshwanetse go tladiwa ka mokgwa o o beilweng mme e tshwanetse go abelwa e seng morago ga 16:00 ka la 25 Phukwi 2018 kwa diofising tse di farologaneng tsa Mokaedi wa Khamphase wa Maphelo a Baithuti.

Tiro ya go bitsa maina le tlhopho mo dikhamphaseng ka boraro di tla tsamaisiwa go ya ka tafole e e mo tlase


Madi a go thusa baithuti ba NSFAS ka 2018 

24 Motsheganong 2018

  Go lebega go sa ntse go na le dilo dingwe tse baithuti ba iseng ba di tlhaloganye sentle ka tshwetso e e dirilweng ka madi a go thusa baithuti mo ngwageng wa dithuto wa 2018. Boikaelelo jwa lekwalo leno ke go tlhalosa ntlha eno sentle le go baakanya tsela e e phoso e thulaganyo e ntšha eno e tlhaloganngwang ka yone e go dirilweng kitsiso ka yone morago ga go fetola Sekema sa Basari ya NSFAS mo teng ga setheo sa yunibesiti.

Tsweetswee amogelang kitsiso fano go tswa go NSFAS e e tlhalosang dintlha ka madi ao NSFAS e tlileng go thusa baithuti ka one ka 2018.

Gore dikarabo tsa dipotso tse di rometsweng kwa diofising tse di farologaneng tsa dibasari mo dikhamphaseng tsa YBB di kgone go bonwa motlhofo, re sobokantse dintlha tsa kitsiso eno.

Tsweetswee elang tlhoko gore go ya ka melawana ya NSFAS, go na le pharologano fa gare ga FTEN (baithuti ba ngwaga wa ntlha), le baithuti ba ba setseng ba le kwa pele ka dithuto tsa bone ba ba amogelang NSFAS lekgetlo la ntlha le baithuti ba ba setseng ba le kwa pele ka dithuto tsa bone ba ba tswelelang pele. 

FTEN ke First Time Entry New student, ka mantswe a mangwe go tewa moithuti yo o ikwadisitseng kwa setheong sa thutogodimo lekgetlo la ntlha ka 2018. Baithuti ba ba welang mo setlhopheng seno ke bao madi a lotseno kwa gae e leng R350 000. Mme baithuti ba ba tswelelang ka dithuto ba ba setseng ba le kwa pele ka dithuto tsa bone, le ba ba setseng ba le kwa pele ka dithuto tsa bone ba ba amogelang NSFAS lekgetlo la ntlha, madi a lotseno a sala e ntse e le R122 000. Baithuti ba NSFAS ba ba setseng ba le kwa pele ka dithuto tsa bone ba ba tswang mo malapeng ao madi a one a lotseno a leng ka fa tlase ga R122 000 ka ngwaga, dibasari tsa bone di tla leknyetswa tumalanong le dithuso tsa madi tsa bokana ka R83 000.  

Baithuti ba  FTEN ba tla newa dithuso tse di ntšha tsa madi tsa 2018. Malebana le baithuti ba ba tswelelang ka dithuto ba ba setseng ba le kwa pele ka dithuto tsa bone, dithuso tsa madi tsa 2017 di tla okediwa ka +5% . Fa selekanyo sa bofelo sa madi a basari a 2018 a moithuti mongwe le mongwe wa NSFAS se sena go netefadiwa, dithuso tseo tsa madi di tla tlhatlosiwa go ya ka ditaelo tsa NSFAS. Ka metlha yunibesiti e tshwanetse go ngaparela ditaelo le melao e e amogetsweng go tswa kwa NSFAS. Baithuti ba ba nang le bonno mo yunibesiting kgotsa bonno jwa poraefete ga ba kitla ba newa madi a go ba thusa ka sepalangwa.

Selekanyo sa thuso eno ya madi se tla fetolwa fa tumalano le NSFAS e sena go saeniwa.

Tshobokanyo ya dithuso tsa madi a NSFAS tsa 2018:

Ditlhopha tsa NSFAS tsa 2018

FTENS (ba ba ikwadisang lekgetlo la ntlha)

Baithuti ba ba kwa pele ka dithuto tsa bone (ba ba tswelelang ka tsone)

Dituediso tsa Thuto le Bonno

 

Tlhwatlhwa ya Teng

Tlhwatlhwa ya Teng

Dibuka

 

R5 000 ka ngwaga

R5 000 ka ngwaga

(Di ka nna tsa farologana fa gare ga dikhoso le dimmojule di le mmalwa tse di ikwadiseditsweng)

Dijo

R13 500 ka ngwaga (R1 350 ka kgwedi)

R8 000 ka ngwaga + 5% = R8 400 (R840 ka kgwedi)

Bonno jwa Poraefete

Go ya ka pholisi ya bonno jwa baithuti

YBB: Bonno mo teng ga Setheo = R25 000

Bonno jo bo Seng mo Teng ga Setheo PC = R18 500, MC & VTC = R16 000 ka ngwaga

Go ya ka pholisi ya bonno jwa baithuti

YBB: Bonno mo teng ga Setheo = R25 000

Bonno jo bo Seng mo Teng ga Setheo PC = R18 500, MC & VTC = R16 000 ka ngwaga

Thuso ya Madi a Loeto

R9 300 ka ngwaga go ya ka pholisi ya setheo ya go tsaya maeto. Ke ya baithuti fela ba ba sa diriseng bonno jwa yunibesiti kgotsa ba bonno jwa poraefete. 

R0 (ga e a duelwa mo nakong e e fetileng)

MADI A A LEKANYEDITSWENG

A lekanyediwa fela go ya ka selekanyo sa thuso ya madi a a abilweng

R83 600 – THUSO YA MADI E LETLWA GO OKEDIWA KA 5% FELA

 

 Fa o batla thuso ka dintlha tseno, tsweetswee ikgolaganye le Kantoro ya Dibasari mo Khamphaseng


Ditlha tse Dišwa:  Ditirelo tsa Kaloso tsa kwa Khamphaseng ya Mahikeng

23 Moranang 2018

Moalogi yo o rategang

Go latela tlhaeletsano ya rona ka ntlha ya go sutisetsa pele le go fetola ditlha tsa Ditirelo tsa Kaloso tsa kwa Khamphaseng ya Mahikeng tse di nneng di tshwanetse go tshwariwa beke e, re kopa o tobetse fa go ka bona ditlha tse dišwa.


Pusetsomorago ya moletlo wa dikaloso tsa Khemphase ya Mahikeng ya NWU    

21 Moranang 2018

Sealogane
 
Ka ntlha ya maemo a a sa iketlang a a tsweletseng mo Mahikeng ka bophara, botsamaisi jwa Yunibesithi ya Bokone Bophirima bo tsere tshwetso ya go busetsamorago meletlo ya dikaloso e e neng  e rulaganyeditswe go tshwarwa mo bekeng e e tlang ka la Labobedi, Laboraro le Labone mme e sutisetswa go la 2, 3 le 4 Motsheganong(May). Tshwetso e, e tserwe fa morago ga dipuisano le ba Sepodisi sa Aforikaborwa (SAPS) le ka go baya dikgatlhegelo tsa dialogane tsa rona le ba malapa le masika a bona kwa pele. Re batla go netefatsa fa moletlo o wa konokono o ka ketekiwa ka tshwanelo, ke ka moo re tsereng tshwetso e.
 
Go tlaleletsa mo go se, tlhaeletsano e e mabapi le se e tlaa latela. Tswee tswee, tsaya matsapa go tlhola dikitsiso mo Webosaete ya NWU go nna mo dinakong ka dintlha tsotlhe.
 
Ka boikokobetso
Botsamaisi jwa NWU.


Tirego ya go tswelela pele le go loga maano ka go boeletsa maikemisetso le leano la dipuo 

16 Mopitlwe 2018


Re go boedisa morago go lebelela memo ya rona e e neng ya le romelwa ka kgang e ngwaga e e fetileng ka letlha la 19 la Diphalane.

Leano la go dira tiro ya therisano go boeletsa Pholisi le Leano la Dipuo(PLD) e a tswelela ka ngwaga e ya 2018. Re ne ra tshwanelwa fela go fetola dinako gannye fela ka mabaka a a rileng a a tsereng nako e telele go feta go fetsa. Lenaneo le le boeleditsweng la tiro ya ditherisano ke e e latelang.

Ditlha tsa dithulaganyo tsa ditirego tsa 2017 le 2018 ka ga PLD(Ditlha tsa makgaolakgang ke ka ditlhaka tse dintsho):

Peonako ka ga tirego le lenaneo la go boeletsa la tirego ya PLD

  1. Go nnile le palo ya mabaka a a neng a sa ikaelelwa (mo go one jaaka nako e e jelweng go tlhoma dithulaganyo tse dišwa tsa magoro, tokafatso ya sediriso sa go batlisisa maemo a dipuo le gape tumalano ya mokgwa wa go batlisisa) mme tsa ama dithulaganyo le dinako tsa pele mme jaanong re kwa morago gannye ka dinako tsa maikaelelo a rona a pele.
  2. Tumelelo ya Bofelo ya Seetiki se filwe mme gape go dumeletswe le dipotsopatlisiso tsa thuno ya dipuo.
  3. Diterafote tsa bofelo ta dipotsopatlisiso di setse di fetotswe ka Setswana, Sesotho le ka Seaforikanse mme di tla baakanngwa fela go ya ka dikaelo tsa Komiti ya Dietiki le baatlhodi ba diphetolo.
  4. Fa tsotlhe tse di feditswe dipotsopatlisiso di ka tsengwa mo inthaneteng kwa diporokerameng tsa Survey Analytics mo eFundi mme patlisiso e tlaa simolodiswa. Patlisiso ya seeleketeroniki e tlaa romelwa go basenadikerii le banadikerii le kwa badiring ba seakatemi le kwa badiring ba kemonokeng. Batsayakarolo ba bangwe ba tlaa fiwa tšhono go tsaya karolo mo tiregong ya go boeletsa PLD le go tlisa dikakanyo tsa bone mo terafoteng ya yone.
  5. Le fa go le jalo gore re kwa morago ka lenaneo la tshimologo, re tla leka go boloka nako ka mokgwa o o latelang:
    1. PLD e file diboto tsa magoro / taololbolaodi le baeteledipele ba baithuti terafote gore ba e buisane ka beke ya bobedi ya Mopitlwe mme ba tshwanetse go tlisa dikakanyo tsa bone mo dikopanong tsa bone tse di latelang - Dikopano tsa bone tsa ntlha tsa diboto tsa magoro/taololbolaodi le dikopano tsa baeteledipele ba baithuti ka Mopitlwe 2018
    2. Nako ya Makgaolakgang go tswa kwa dibotong tsa Magoro le go tswa batsayakarolong ba bangwe gore ba tlise dikakanyo tsa bone kwa Mokwadising ke  – 31 Mopitlwe 2018
    3. Tshimolodiso ya patlisiso ya thuno ya dipuo ya seeleketeroniki ke kwa bofelong ba Mopitlwe 2018, kgotsa ka pele jaaka go ka kgonagala mme e seng morago ga letlha la 5 Moranang.
    4. Letlha la go fetsa Patlisiso ya Thuno ya Dipuo ya Seeleketeroniki - 20 Moranang 2018
    5. Tokololo ya diphetho tsa thuno ya dipuo le ditherisano le batsayakarolo ba ba ka ratang go dirisana le setlhopha sa tiro sa PLD, gotlhe go beetswe nako ya 21 Moranang go ya go 10 Motsheganong 2018
    6. Go fetsa ga tokololo ke setlhopha sa tiro sa PLD sa dikakanyo tsa batsayakarolo le thuno ya dipuo le gape go tsenya dikakanyo tsa batsayakarolo le thuno mo leanong - pele ga letlha la go tswala ga agenda ya kopano ya Senete ya 16 Motsheganong 2018
    7. PLD ya terafote ya bofelo ya PLD e fiwa Senete  - 16 Motsheganong 2018
    8. Tsenya dikakanyo tsa Senete mo terafoteng ya bofelo ya PLD go tlhoma terafote ya bofelo-felo go isiwa Khanseleng - pele ga letlha la go tswala ga agenda ya kopano ya Khansele ya Seetebosigo 2018
    9. Go baya tafoleng ga PLD kwa Khanseleng gore e dumelelwe - Seetebosigo 2018. Setlhopha sa Tiro sa PLD(ba nako ya bone le tiro e dumeletsweng ke taololbolaodi ba yunibesiti le Senete ka Diphalane 2016), ba tla amogela pegelokarabo mme se e le karolo ya go tlhama pholisi mme ba tla bega kwa Seneteng mo bogareng jwa 2018 mme ba emetse tumelelo ya Khansele mo kopanong ya yone ka Seetebosigo 2018.

Dipotso ka ga trego le PLD ya terafote di ka romelwa kwa go Johan Blaauw Setlhopha sa Tiro sa PLD, ka Modulasetulo yo e leng Mothusa Motlatsamokanseleri: Go ruta le Go ithuta, ba tlaa tsamaya ba lo itsisa ka tshedimosetso jaaka tirego e tswelela pele.

Jaaka pele, re kopa mongwe le mongwe go tsaya karolo gotlhelele fa go na le ditšhono go ka boeletsa Pholisi le Leano la Dipuo.


 

KWADISO YA YBB NSFAS 2018

20 Ferikgong 2018

Tlhaeletsano e e tshwanetse go buisanwa le tlhaeletsano yotlhe e e setseng e beilwe mo lefelong la wepe la YBB. E ka tlhaeletsano e e tlaleletsang ya pele:


Go ka kgona go araba palo ya mabaka a a tlisang pelaelo ka kwadiso mo baithuting ba ba kopileng matlole a NSFAS le gape morago ga polelo ya Moperesidente, le gape go tlisa lesedi mo dikitsisong ka kgang e, mo tlhaeletsanong e go tla fiwa kaelo e e lesedi e e nnang le tlhaloso e e siameng go baya sentle gore tirego e e tla tsamaisiwa jang ke YBB ka nako ya tiro ya go ikwadisa. 

Ela tlhoko thata gore ke baithuti fela ba ba kopileng kwadiso le ba ba amogetsweng mo YBB ba ba tlileng go thusiwa. 


BAITHUTI BA NGWAGA YA NTLHA BA 2018

  • Baithuti ba ba tseneng dikolo tsa quintile 1-3, kgotsa ba ba sapotiwang ke SASSA kgotsa dikerante tsa kgoreletsego, ba tla amogelwa go bona matlole ka go itirisa, mme se se tla diragala fela morago ga go tlatsa diforomo tsa tumelelo ka tshedimosetso e e tlhokegang, mme ba tla letlelelwa go ikwadisa kwa ntle ga go duela madi ape. 
  • Baithuti ba ba kopileng thuso ya NSFAS mo teng ga nako e e beilweng ka 2017, mme ba letleletswe mo YBB, ba tla letlelelwa go ikwadisa ka nako e ba dumelelwang go amogela Letlole la NSFAS. Baithuti ba ba tla thusiwa ka kwadiso mme go emetswe kemo ya bone ya jaanong jaana ya kopo ya bone ya NSFAS. 
  • Baithuti ba ba sa kopang thuso ya NSFAS mme lotseno la bone le kopane la kwa gae le se fete R350 000 ka ngwaga, ba tlhoka go tlatsa le go abela foromo ya tumelelo go fa NSFAS tetlelelo ya go dira diteko tsa keretiti gore ba tlhomamise lotseno la kwa lapeng. Diforomo tsa Tumelelo tse di sa tladiwang sentle di ka se akanyediwe. YBB e tla dira tiro ya go atlhola tshedimosetso e e filweng pele ga gore moithuti a letlelelwe go ka ikwadisa. Moithuti o tla itsisiwa mo teng ga diura di le 72 ka karabo ya phitlhelelo ya tlhatlhobo e ya pele morago ga gore Foromo ya Tumelelo e e TLETSENG e amogetswe.  Ka sekai sa gore moithuti o dumeletswe pele, moithuti yo o tla letlelelwa go ikwadisa kwa ntle ga go duela madi ape a kwadiso. Ntlha e e botlhokwa thata:  Baithuti ba tshwanetse go abela difomo tsa bone ka pele jaaka go ka kgonagala gore go kgonwe go ba thusa ka nako e e filweng ya go kwadisiwa - ka kopo fana ka diura tse 72 tsa go dira ga tlhatlhobo ya pele.
  • Fa e le gore kopo ya matlole e ganwa ke NSFAS (le fa e ne e dumeletswe pele ke YBB go ya ka tlhatlhobo ya bone ya pele), moithuti o tla tlhoka go duela madi a a minimamo a a tshwanetseng go duelwa mo teng ga malatsi a le 5 morago ga go amogela karabo ya NSFAS, mme fa go sa diragale kwadiso ya moithuti e tla gogelwa kwa morago mme e tswalwa ka potlako.  
  • Fa e le gore baithuti ba ga ba batle go emela tumelelo ya tlhatlhobo ya pele, ba tshwanetse go duela madi a minimamo a a tshwanetseng go duelwa ka kwadiso mme madi a a ka busiwa fa e le gore ba amogelwa ke NSFAS morago. 


BAITHUTI BA BAGOLO BA KGALE BA PELE GA DIKERII

  • Baithuti ba bagolo ba kgale ba tla letlelelwa go kwadisiwa fa e le gore ba arabela tswelelopele ya minimamo ya akatemi. 
  • Baithuti ba ba batlang go ikwadisa mme ba na le melato e e setseng kwa morago ya dituelo go ya ka dikarolo tse di latelang:
    • 2017 Baithuti ba ba Dumeletsweng ba ba saenileng Foromo ya Tumelano ya Kadimo(Loan Agreement Form (LAF)) le Lenaneo la Tshedimosetso ya Sebele(Schedule of particulars (SOP)), mme YBB e se e amogele matlole ape go tswa go NSFAS, ba tla letlelelwa go ikwadisa.
    • 2017 Baithuti ba ba Dumeletsweng ba ba seng ba saene Difomo tsa  LAF/SOP ka mabaka a a rileng, ba tlhoka go di saena ka pele, mme ba tla letlelelwa go ikwadisa.
    • Baithuti ba pele ba ne ba tsena dikolo tsa quintile 1-3 kampo ba amogela dikerante tsa SASSA mme ba na le melato e e leng kwa morago, ba tlhoka go lemogwa mme go tlhomamisiwe pele ka nako ya kwadiso gore ba kgone go letlelelwa go kwadisiwa. (Ela tlhoko gore ditheo tsotlhe tsa thutogodimo di santse di emetse matlole go tswa kwa DHET ka kgang e.
    • Ntlha e nngwe kampo e nngwe ya baithuti ba ba dumetsweng ke NSFAS ka melato e e leng kwa morago, ba tla lebelelwa mongwe le mongwe go ya ka maemo a bone gore ba thusiwe. 


YBB ga e na siling ya melato e e leng kwa morago ya baithuti ba ba dielang ka madi kgotsa ba ba tshwereng dibasari mme baithuti ba tla thusiwa mongwe le mongwe go ya ka kemo ya bone ka dimeriti tsa bone.  Dikopo tsa go dira dithulaganyo tse di kgethegileng tsa go duela ba tla romelwa kwa dikomiting tsa kwadiso ya ditšhelete mo dikhamphaseng tsa bone. 
 


Kopo ya kabelo ya tlhatloso ya tuelo go tswa go DHET 2018

15 Ferikgong 2018

Mmuso o tla etleetsa tuelo ya tlhatloso e e tshegeditsweng kwa go 8% mo baithuting botlhe ba ba dumelelwang kwadiso ba lotseno la kwa gae yotlhe e leng go fitlhelela R600 000 ka ngwaga ka 2018. Se ga se kadimo mme ke kabelo. Kabelo e tla bonwa e le keretiti mo tshupatlotlong ya moithuti ka nako e tumelelo e tlhomamisitswe. Diofisi tsa ditshupatlotlo tsa baithuti tsa YBB mo Khamphaseng e nngwe le e nngwe di setse di amogetse tshedimosetso e e maleba le foromo ya kopo:

  • Bakopi ba ba kopileng matlole a NSFAS ga ba tlhoke go abela kopo e mme ba tla balelwa ka go itirisa. 
  • Baithuti botlhe ba ba tseneng dikolo tsa Quintile 1, 2 le 3 ka Gerata ya 12 ba tla balelwa ka go itirisa morago ga tlhomamiso ya tshedimosetso ya HEMIS mme ga ba ketla ba tlhoka go abela dikopo.
  • Baithuti ba ba tswelelang ba ba kopileng mme ba nonofile gore ba amogele Kabelo ya Tlhatlhoso ya Tuelo ya DHET ka 2017 ga ba tlhoke go abela kopo mme ba tla balelwa ka go itirisa ka gore tshedimosetso ya bone e tlabo e tshwerwe ke yunibesiti.

Laisolola foromo ya kopo. 

Letlha la go tswala ga dikopo: 28 Tlhakole 2018

Ka kopo, romela foromo e e tladitsweng gammogo le ditokomane tse di maleba go ya kwa diatereseng tse di latelang:

  • Khamphase ya Mahikeng : mcmissingmiddle@nwu.ac.za kgotsa kwa ofising ya Ofisi ya Thuso ya tsa Ditšhelete mo Khamphaseng
  • Khamphase ya Potchefstroom: pcmissingmiddle@nwu.ac.za kgotsa kwa Kagong ya F1, Bodulo jwa mo Fatshe, kwa Khaontareng ya Dipotso tsa Dibasari mo Khamphaseng
  • Khamphase ya Vaal : vcmissingmiddle@nwu.ac.za kgotsa kwa Kagong ya 24, kwa Khaontareng ya Dipotso tsa Dibasari mo Khamphaseng

 


YBB: Kwadiso ya baithuti ba ngwaga ya ntlha 2018

04 Ferikgong 2018

Morago ga tlhagiso ya Moperesidente ka kgang ya thuto e e leng ya mahala mo karolong e e rileng ya baithuti ba ba batlang go ithuta, le gape ka dipolelo tsa media gore baithuti ba ikise fela kwa diyunibesiting mme ba dire topo go kwadisiwa, kemo ya YBB (Yunibesiti ya Bokone-Bophirima) ya semmuso e sa tshwana gore ga go letlelelwe baithuti bape ba ba tlang go batla go tsena fela ka go ikwadisa ka 2018.

YBB mo dikhamphaseng tsa yone e na le lefelo fela la palo e kana ka 9200 ba baithuti ba ngwaga ya ntlha mme dikopo tsa go ikwadisa tsa ba ba batlang go ithuta di setse di tswetse ka letlha la 30 Lwetse 2017. Ka katametso dikopo tse di amogetsweng di ne di le 50 000 mme baithuti ba amogetswe mo tlase ga gore go bonwe pele gore a ba arabela ditlhokego tsa maduo a go ka letlelelwa mo yunibesiting.

Fela jaaka diyunibesiti tse dingwe, palo ya baithuti ba ba letlelelwang go ikwadisa e laolwa ke leano la Lefapha la Thuto Le Katiso la kwadiso. Ke baithuti fela ba ba kopileng kwadiso mo yunibesiting, ba ba arabetseng ditlhokego tsa kamogelo mme ba dumeletswe, ba ba tlaa letlelelwang go ikwadisa ka 2018.

Mo tlhagisong e e ntshitsweng ke mokgatlho wa Diyunibesiti tsa SA, go boleletswe gore tshiamelo e diretswe baithuti ba pele ba ne ba sa arabele thuso ya madi mme ba sa kopa kwadiso le kamogelo mo yunibesiting ka 2018, mme jaanong ba arabela thuto ya mahala ka polelo ya Moperesidente, ba tlaa letlelelwa gore ba dire dikopo tsa bone ka go romela tshedimosetso ya bone mo inthaneteng kwa Lefapheng la Thuto Le Katiso (DHET) kwa lefelong la bone la Central Applications Clearing House (CACH).
Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e dirile dithulaganyo tsa go ka tsamaisa ditiragalo jaaka di ka bonwa ka nako ya kwadiso. Kemo e nngwe kapa e nngwe e e ka bonwang ka go sa tlhaloganye sentle e tla laolwa mme fa go tlhokega, maano a a ka tlhokegang a ka tlhomelwa go tlhomamisa pabalesego ya badiri, baithuti le thoto le dikago tsa rona.