Printer-friendly version
Gatisa
Share this
 

TAOLO LE BOTSAMAISI
Ba ba Sikereng Maikarabelo

Motlatsa-Motšhanselara

Motlatsa-Motšhanselara ke mokhutduthamaga-mogolo le motlhankedi wa bobalamatlotlo yo o ikarabelang ka bolaodi le botsamaisi jwa Yunibesiti.  Motlatsa-Motšhanselara, e leng Ngaka Theuns Eloff, o ne a tlhomiwa lobaka lwa bobedi lwa dingwaga di le tlhano tsa tiro ke Lekgotla la YBB, ke gore, go fitlha ka Motsheganong 2014.

Ngaka Theuns Eloff - hisitori ya gagwe ka bokhutshwane

Theuns Eloff o belegetswe kwa Potchefstroom ka 1955 mme a nna le dikirii ya bachelor mo go tsa molao (1974) le thutabodimo (1980, cum laude) kwa Yunibesiting ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete (PU ya CHE)  O ne a nna moporesedente wa SRC dingwaga di le tharo le jaaka moporosedente wa setlamo sa bosetšhaba sa baithuti ba Aforikanse ka 1979. O ne a kopanela le mongwe mo go kwaleng Maikano a a itsegeng thata a Koinonia e bile ke leloko la ba ba ileng ba tlhoma mokgatlho wa baithuti wa sepolotiki wa go sa tlhaole batho ka ntlha ya lotso lwa bone o o bidiwang POLSTU. Mo dingwageng tsa gagwe tse pedi tsa tirelosetšhaba e e patelediwang, o ne a wetsa dikirii ya gagwe ya Masetase ya Thutabomodimo (cum laude). Fa a ne a le moruti wa bodumedi wa phuthego ya Yunibesiti ya Pretoria dingwaga di le thataro, o ne a wetsa lekwalo la bongaka la Thutabomodimo ka go ntsha pego ka  "Puso, Tshiamiso le go Kgaogangwa ga Batho ka Ditso Tsa Bone".
Fa go ne go tsoga mathata ka ntlha ya go nna leloko la baemedi ba, ka Phukwi 1987, ba ne ba ya go kopana le baemedi ba ANC kwa Dakar, o ne a swetsa ka gore a tlogele boruti ka 1989 mme a nna leloko la Mokgatlho wa Bogakolodi wa Kgwebo (Consultative Business Movement CBM), mme a tlhomiwa go nna Mokaedikhuduthamaga mo go one ka 1990. O ne a thusa go rulaganyetsa le go tshwarwa ga Kopano ya Bosetšhaba ya Kagiso, e e neng ya felela ka go saeniwa ga Tumalano ya Kagiso ya Bosetšhaba ka Lwetse wa 1991.  O ne a nna moeteledipele wa Ditirelo Tsa Thulaganyo le Bokwaledi (Process and Secretarial ) tsa Codesa a bo a nna moteledipele wa Botsamaisi wa Thulaganyo ya Lekokolla Dikarolo-ntsi la Dipuisano morago ga Codesa. 

O ne a le mokwadimmogo wa dibuka tse pedi: "Managing Change", le "Building a Winning Nation - Companies and the RDP" mme a kwala le ditlhogo di le mmalwa ka seabe sa puso mo setšhabeng fa go na le dikgotlhang, gore di tsereganngwa jang. Go fitlha ka Motsheganong 1994, o ne e le Motlatsa-Mokaedikhuduthamaga wa Lekgotlakhuduthamaga la Diphetogo (Transitional Executive Council TEC). O ne a amogela diawate di le mmalwa tsa go mo akgolela seabe sa gagwe mo thulaganyong ya dipuisano, e leng:
- Awate ya Junior Chamber of South Africa e e neng e mo tlhaola jaaka mongwe wa Ba-Aforika Borwa ba le Bane ba ba Tlhomologileng (1994).
- Awate ya Harvard Business Club Statesmen of the Year, e le go mo akgolela seabe sa  CBM mo diphetogong (1994).
- Awate ya Junior Chamber International ya "Baa ba le Lesome ba ba Tlhomologileng mo Lefatsheng Lotlhe (1995).
- Awate ya Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe jaaka mongwe wa “Baeteledipele ba Lefatshe ba le Lekgolo ba ka Moso”. (1996)

Ka February 1995, Ngaka Eloff o ne a tlhomiwa go nna Mokhuduthamaga-Mogolo wa National Business Initiative (NBI). Ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, NBI e ile ya nna le seabe se se mosola tota sa go atlega ga Aforika Borwa, nngwe ya ditsela tseo e le ka go tlhoma Terasete ya Kgwebo le Business Against Crime (BAC) le go laola R1bn.  O ne a nna leloko la Lekgotla la Bogakolodi la Ikonomi la Porofense ya Bokone-bophirima mme gape a nna leloko la diboto tse di jaaka BAC le ya Tikatikwe ya Tharabololo ya Dikgotlhang (Centre for Conflict Resolution). Gape o ne a nna motlhatlheledi wa baithuti ba MBA kwa Sekolong sa Kgwebo sa Wits.

Ka Ferikgong 2002, o ne a nna Motlatsa-Motšhanselara wa Setheo se a kileng a ithuta mo go sone.  O ne a tlhoma folisofi e ntšha ya botsamaisi mme a nna le seabe se segolo mo go kopangweng ga Yunbesiti ya Potchefstroom le Yunibesiti ya Bokone Bophirima.  Ka Motsheganong 2004 o ne a tlhomiwa go nna Motlatsa-Motšhanselara wa ntlha wa Yunbesiti ya Bokone-Bophirima (YBB). Ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, YBB e ile ya kgona go atlega fela thata go kopanya ditheo tsa thuto e e kwa godimo mo Aforika Borwa e bile e gaufi le go balelwa fa gare ga diyunibesiti di le 6 tse di kwa setlhoweng mo Aforika Borwa.

Ka 2005 Ngaka Eloff o ne a tlhophiwa go nna Motlatsa-Modulasetulo wa Higher Education South Africa (HESA) mme ka 2007 a nna Modulasetulo dingwaga di le pedi. Gape o ne a tlhophiwa go nna Motlatsa-Modulasetulo wa Mokgatlho wa Diyunibesiti Tsa Kgwereanoditšhaba, tse kantorokgolo ya tsone e leng kwa London, mme ka 2009 o ne a tlhophiwa go nna Modulasetulo. Ke mokaedi wa Astral Foods le FW de Klerk Foundation, le motlatsa-moporesidente wa Afrikaanse Handelsinstituut.   Ka 2008, o ne a newa Awate ya Tlotlo mo go tsa Molao kwa London South Bank Yunibesiti.

Go ya ka maikutlo a gagwe, o itlhalosa jaaka “mmenejara yo o nang le matswela" go na le go nna morutegi, le mororo a gatisitse ditlhoo di le mmalwa le dikgatiso dingwe, segolobogolo ka ga go rarabolola dikgotlhang le seabe sa setheo sa poraefete mo pusong.

Tobetsa fano go bona tshedimosetso e e oketsegileng.