NWU Privacy Statement


Matseno

Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ikemiseditse fela thata go sireletsa tshedimosetso/deitha ya poraefete. Polelo eno ya polokodiphiri e tlhalosa gore ke ka ntlha yang e bile ke jang re kokoanyang tshedimosetso ya poraefete le go e dirisa e bile e re naya tshedimosetso ka ditshwanelo tsa batho malebana le tshedimosetso ya botho. E amana le tshedimosetso yotlhe ya poraefete e batho ka bobone le bana-le-seabe ba bangwe ba e nayang Yunibesiti,  Yunibesiti e ka nna ya dirisetsa tshedimosetso ya porofaete eo e e neilweng maikaelelo a a tlhalosiwang mo polelong eno ya polokodiphiri kgotsa go ya ka fa go tlhalosiwang ka gone ka nako ya fa e kokoanngwa.


Ditlhaloso

Jaaka fa di dirisiwa mo polelong eno ya polokodiphiri, “YBB", “rona” di raya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima le/kgotsa mongwe fela yo e leng leloko la yone yo o ka nnang a baakanya tshedimosetso ya poraefete ya motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe..

Mo polelong eno ya polokodiphiri, re bua ka motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe/tshedimosetso epe fela e e tlhalosiwang jaaka deitha ya poraefete kgotsa tshedimosetso ya poraefete. Gape go berekana, go kokoanya, go sireletsa kgotsa go boloka tshedimosetso ya poraefete re go bitsa ka kakaretso re re ke go baakanya tshedimosetso eo ya poraefete.

“Motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe” e raya motho yo tshedimosetso ya poraefete e amanang le ene. Batho ba tshedimosetso e leng ka ga gagwe ba ka akaretsa ba ba latelang mme legale ga se bone botlhe:

  • Baithuti ba ka moso
  • badira-kopo ba baithuti
  • Baithuti botlhe ba ba ikwadisitseng
  • baakatemi-bagolo ba morago ga gerata ya bongaka
  • baithuti ba nako e e fetileng
  • ba go ka diregang gore ba thapiwe
  • Maloko otlhe a badiri ba YBB
  • maloko a a kwantle a komiti
  • patlisiso
  • batsayakarolo mo patlisisong
  • bakwadi
  • maloko a lekgotla
  • Batlamela ka ditirelo, batlamela ka dithoto, dikonteraka tse di ikemetseng ka nosi
  • mekgatlho ya tirisano mmogo
  • mekgatlho e e duleng mo go e megolo
  • baetleetsi ka madi
  • baeng
  • maloko a setšhaba
  • Monaleseabe ope fela yo mongwe wa YBB, yo tshedimosetso ya poraefete e tsewang mo go ene, e bo e baakanngwa kgotsa e latlhwa
  • Motho ope fela yo mongwe yo YBB e ka nnang ya inaakanya le ene nako le nako, go sa kgathalatsege gore a motho yoo ke motho wa tlhago kgotsa ke motho wa semolao.

 

“Tshedimosetso ya poraefete” e kaya tshedimosetso  e amanang le motho wa tlhago yo o kgonang go tlhaolwa le go tshela, mme moo go kgonegang gone, motho wa semolao yo o kgonang go tlhaolwa, go akaretsa le tshedimosetso e e latelang mme ga go felele ka yone:

  • tshedimosetso e e amanang le lotso, bong, go ithwala, boemo jwa lenyalo, morafe, moratshwana kgotsa lotso lwa gagwe, mmala, mokgwa wa go robalana, dingwaga tsa bogodi,  pholo ya mo mmeleng kgotsa ya mo tlhaloganyong, boitekanelo, bogole, bodumedi, segakolodi, tumelo, ngwao, puo le tsalo ya motho;
  • Tshedimosetso e e amanang le thuto kgotsa le hisitori ya motho ya tsa kalafi, ditšhelete, bokebekwa kgotsa bothapi;
  • Nomore epe fela e e ka tlhaolang motho, setshwantsho, aterese ya imeile, aterese ya bonno, nomore ya mogala, tshedimosetso ya lefelo, go tlhaola motho mo inthaneteng kgotsa dikabelotiro tse dingwe tsa motho ;
  • tshedimosetso epe fela ya thutatshelo ka motho ;
  • dikgopolo tsa motho ka namana, maikutlo kgotsa dikeletso tsa gagwe ;
  • molaetsa o o rometsweng ke motho o o lebegang kgotsa o ka phepafalo e leng wa poraefete kgotsa wa khupamarama kgotsa molaetsa o mongwe oo o ka nnang wa senola diteng tsa molaetsa wa ntlha ;
  • maikutlo kgotsa dikgopolo tsa motho yo mongwe ka ga motho ; le
  • leina la motho fa le tlhaga le na le tshedimosetso e nngwe ya poraefete e e amanang le motho yoo kgotsa moo go tlhagisiwa ga leina ka bolone go tla senolang tshedimosetso e e leng ka ga motho yoo.

Mabaka a rona a semolao a go baakanya tshedimosetso ya poraefete

Molao o ka nna wa batla gore Yunibesiti e tlhalose mabaka a semolao a re ikaegileng ka one mo polelong eno ya polokodiphiri gore go tlhotlhwe tshedimosetso ya poraefete. Mo mabakeng a a ntseng jalo, Yunibesiti e ikaegile ka boemo bo le bongwe kgotsa a le mmalwa a a latelang a go baakanya tshedimosetso:

  • Kgatlhego ya rona ya mmatota ya go romelela bana-le-seabe botlhe tshedimosetso le ditirelo ka katlego le go dira ka katlego ga kgwebo ya rona ka fa molaong le kgatlhego ya mmatota ya badirisi ba rona ya go amogela ditirelo tsa seporofešenale go tswa mo go rona (fa fela e le gore ditirelo tseo ga di kgoreletsane le ditshwanelo dipe tsa batho ba tshedimosetso e leng ka ga bone.);
  • Kgatlhego ya mmatota ya go tlhama le go tokafatsa kgwebo ya rona, ditirelo le dimpho;
  • Go diragatsa patlafalo epe ya molao, molawana kgotsa setlamo sa seporofešenale se re leng maloko a sone;
  • Go diragatsa maikarabelo a rona ka fa tlase ga thulaganyo ya konteraka/tumalano le bana-le-seabe botlhe; kgotsa
  • Fa go sena boemo bope jo bongwe jwa go e baakanya, fa motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe a dumetse gore re baakanye tshedimosetso ya gagwe ya poraefete ka boikaelelo bongwe jo bo maleba.

Go baakanya tshedimosetso ya poraefete kwa YNNU

Go baakanya tshedimosetso ya poraefete kwa YBB

Mefuta ya tshedimosetso ya poraefete e gantsi e tla kokoanngwang ke YBB le go e bolokela maikaelelo a yone e ka bonwa go tswa mo lenaaneng mefuta ya tshedimosetso ya poraefete le le gatisitsweng mo  webosaeteng ya Yunibesiti. Lenaane leno le ka tlhabololwa nako le nako.

Yunibesiti e dirisa jang tshedimosetso ya gago ya poraefete?

YBB e kokoanyetsa tshedimosetso ya poraefete fela maikaelelo a a kgethegileng, a a tlhalositsweng sentle le a a leng ka fa molaong, a a amanang le tiro e e dirwang ke YBB.

Wena, jaaka motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe, o tla lemotshiwa ka boikaelelo jono.

YBB e tla itsise motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe ka dilo tse di latelang:

  • Gore tshedimosetso ya poraefete e kokoantswe go tswa kae
  • Gore tshedimosetso ya poraefete ga e a kokoanngwa go tswa kae
  • Motswedi wa tshedimosetso ya poraefete e e kokoantsweng
  • Boikaelelo jwa go kokoanngwa ga tshedimosetso ya poraefete
  • Gore a go kokoanngwa ga tshedimosetso ke ga boithaopo kgotsa a go a patelediwa
  • Go tweng fa motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe a sa re neye tshedimosetso ya gagwe ya poraefete?
  • Melao e e letlelelang go kokoanngwa ga deitha
  • Fa boikaelelo jwa yone e le go romelela motsenela-tumalano wa boraro tshedimosetso ya poraefete.

YBB e tla dirisetsa tshedimosetso ya gago ya poraefete boikaelelo jo e kokoanyeditsweng jone le jo go dumalanweng ka jone. Mo godimo ga moo, fa go tlhokega, tshedimosetso ya gago ya poraefete e ka nna ya bolokelwa mabaka a semolao kgotsa a go dira patlisiso.


Tshenolo/thomelo ya tshedimosetso

YBB e tla tsaya dikgato tsotlhe tse di utlwalang go tlhomamisa gore tshedimosetso ya poraefete ga e senolelwe batsenela-tumalano bape ba boraro, ntle le mo maemong mangwe a a rileng a a letleletsweng. YBB e na le dithulaganyo tsa go tlhomamisa gore Yunibesiti e tsamaisana le dipatlafalo tsa poraefete tse di tlhalosiwang ke Molao wa Tshireletso ya Tshedimosetso ya Poraefete.

Go fetisetsa tshedimosetso ka kwa ga melelwane

Fa Yunibesiti e baakanya tshedimosetso epe ya poraefete, tshedimosetso eno ya poraefete e ka nna ya fetisediwa le go bolokwa ka kwa ntle ga Repaboliki ya Aforikaborwa fa fela:

  • naga e nngwe e na le tshireletso e e lekaneng ya tshedimosetso ya poraefete; le/kgotsa
  • Ka fa tlase ga tumalano e e diragatsang dipatlafalo tsotlhe tsa go fetisediwa ga tshedimosetso ya poraefete ka kwa ga melelwane ya Repaboliki ya Aforikaborwa.

Go fetisetsa tshedimosetso ya poraefete go batlamela ka dithoto ba e leng batsenela-tumalano ba boraro

Yunibesiti e ka nna ya fetisetsa kgotsa ya senolela tshedimosetso ya poraefete e re e baakanyang kwa dikonterakeng tsa batsenela-tumalano ba boraro, dikonteraka-potlana, le/kgotsa tse di duleng mo go tse dikgolo le tse di nnang maloko a tsone ka fa tlase ga maemo a a letleletsweng.

Disefara tse di dirang gore didirisiwa tsa rona tsa IT di dire sentle di ka tswa di le kwa disenthareng tse di sireletsegileng tsa deitha mo mafelong a mangwe a lefatshe, e bile tshedimosetso ya poraefete e ka nna ya bolokwa kwa go epe ya tsone.

Batlamela ka ditirelo ba e leng batsenela-tumalano ba boraro ba ka nna ba dirisa dikonteraka-potlana tsa bone tsa batsenela-tumalano ba boraro ba ba kgonang go fitlhelela tshedimosetso ya poraefete. Pholisi ya Yunibesiti ke go dirisa batlamela ka ditirelo ba batsenela-tumalano ba bararo gore ba ba tlamegang go boloka maemo a a tshwanetseng a tshireletso le a khupamarama gore ba baakanye tshedimosetso ya poraefete fela ka tsela e Yunibesiti e ba laetseng ka yone, le go diragatsa maikarabelo a bone go ya go fitlha go ditlamo-potlana tse di baakanyang tshedimosetso eo.

Ditshenolo tse dingwe tsa tshedimosetso

Yunibesiti e ka nna ya senola tshedimosetso ya poraefete ka fa tlase ga maemo a a latelang:

  • Go bagakolodi ba tsa seporofešenale, ka sekai, difeme tsa semolao, go ya ka fa go tlhokegang ka gone gore di kgone go tlhomamisa, go diragatsa kgotsa go sireletsa ditshwanelo tsa rona tsa semolao le go bona kgakololo ka ga go tsamaisa kgwebo ya rona. Bagakolodi bano baka nna ba newa tshedimosetso ya poraefete ka fa go tlhokegang ka gone ka ga ditirelo tse ba tlileng go tlamela ka tsone;
  • Fa e kopilwe ke motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe;
  • Gore e isiwe go setheo sa molao le tolamo, bathati ba taolo le ditheo tse dingwe tsa puso le go ditheo tsa seporofešenale, jaaka go batliwa ke le/kgotsa tumalanong le molao kgotsa molawana o o dirang. Gape Yunibesiti e ka nna ya boeletsa le go dirisa tshedimosetso ya poraefete go tlhotlhomisa gore a lekwalotetla le a batlega.
  • Fa yunibesiti e na le boikarabelo kgotsa tshwanelo ya go senola tshedimosetso go ya ka molao ope o o tlhomilweng le/kgotsa go ya ka melawana ya intaseteri;
  • Gore a Yunibesiti e dumela gore go a tlhokega go sireletsa ditshwanelo tsa rona;
  • Fa go tlhokega go ya ka dithulaganyo dipe tsa tiro le/kgotsa tsa semolao.

Tshireletso ya tshedimosetso

Yunibesiti e patelesega go nna le tshireletso e e lekaneng ya tshedimosetso ya poraefete e re nang le yone le go thibela go fitlhelelwa le go dirisiwa ga tshedimosetso ya poraefete ke ba ba sa laolelwang go dira jalo. Yunibesiti e tla tlhoma ditekanyetso-kakaretso tse di amogetsweng tsa thekenoloji le tshireletsego e e dirisiwang gore go sirelediwe tshedimosetso ya poraefete gore e se ka ya latlhega, ya dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang, ya fetolwa kgotsa ya senngwa. Batho ba ba neilweng taolong ya go dira jalo ke bone fela ba ba ka fitlhelelang tshedimosetso ya poraefete, batho bao ba dumetse gore ba tla boloka khupamarama ya tshedimosetso eno ya poraefete.

Le fa re dirisa dikgato tse di tshwanetseng tsa tshireletsego fa re sena go amogela tshedimosetso ya poraefete, go romela ga tshedimosetso ya ka namana ka inthanete (go akaretsa le ka imeile) ga go ko le ka motlha e nna go go sireletsegileng ka botlalo. Yunibesiti e leka go sireletsa tshedimosetso ya gago ya poraefete mme e ka se tlhomamise gore tshedimosetso e e rometsweng kwa go rona kgotsa ke rona e sireletsegile.

Yunibesiti e tswelela e sa kgaotse go tlhatlhoba mekgwa yotlhe ya tshireletsego le dithulaganyo tse di amanang le gone go tlhomamisa gore tshekatsheko ya poraefete ya batho botlhe ba tshedimosetso e leng ka ga bone e nna e sireletsegile.

Dipholisi tsa YBB tsa tshireletso le mekgwatsamaiso ya teng:

  • Tshireletsego ya Sebele;
  • Tshireletsego ya neteweke ya dikhomphiutha;
  • Phitlhelelo ya tshedimosetso ya poraefete;
  • Ditlhaeletsano tse di sireletsegileng;
  • Tshireletso ya go direla ditiro tsa rona dikonteraka;
  • Go boloka le go anamisa tshedimosetso;
  • Mokgwa o o amogelesegang wa tiriso ya tshedimosetso ya poraefete;
  • Mathata a tsa puso le taolo;
  • Phitlhelelo ya madi le tiriso ya tshedimosetso ya poraefete;
  • Go dira dipatlisiso le go tsibogela ditiragalo tsa tshireletsego.

Fa yunibesiti e dira dikonteraka le batsenela-tumalano ba boraro, re tlhoma tshireletso e e tshwanetseng, maikarabelo ka dilo tsa poraefete le tsa khupamarama mo batsenela-tumalanong bano go tlhomamisa gore tshwanetseng ya poraefete e re ikarabelang ka yone, e bolokwa e sireletsegile.

Yunibesiti e tla tlhomamisa gore ope fela yo re mo romelelang tshedimosetso ya poraefete o dumalana go boloka tshedimosetso eno ya poraefete e le mo boemong jo e sireleditsweng ka jone jaaka re patelesega gore dira jalo. 


Ditshwanelo tsa motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe

Batho ba tshedimosetso e leng ka ga bone ba ka tswa ba na le ditshwanelo dingwe mo molaong malebana le tshedimosetso ya poraefete e ba nang le yone. Batho ba tshedimosetso e leng ka ga bone ba na le tshwanelo ya go:

  • Bona netefatso ya gore a Yunibesiti e baakanya tshedimosetso ka ga gagwe, e amogela khopi ya gagwe ya tshedimosetso ya poraefete le go amogela tshedimosetso e e rileng ka ga gore ke jang e bile ke leng Yunibesiti e baakanyang tshedimosetso ya poraefete.
  • Kopo ya go newa tshedimosetso ya poraefete e tshwanetse go tlhabololwa kgotsa go netefadiwa mo e leng boammaaruri gone (s.k. Phetogo ya aterese) le go nna le tshedimosetso e e sa felelang ya poraefete.

Tshwanelo ya go phimola go baakanngwa ga tshedimosetso ya poraefete go ya ka mabaka a a latelang:

  • Tshedimosetso ya poraefete ga e tlhole e tlhokega malebana le boikaelelo jwa jo e neng e kokoanyeditswe jone le jo e neng e tlhotlhelwa jone;
  • Fa motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe a gogela morago tumelelo ya gagwe mme Yunibesiti e sena mabaka a mangwe a semolao a go baakanya tshedimosetso ya poraefete;
  • Mabaka a rona a go e baakanya ke gore go e baakanya go a tlhokega ka ntlha ya tshwanelo ya semolao e e neng e latelelwa ke rona kgotsa ke motsenela-tumalano wa boraro, ke batho ba tshedimosetso e leng ka ga bone go fitlha ka go baakanya tshedimosetso mme Yunibesiti ga e na mabaka-kakaretso a a utlwalang;
  • batho ba tshedimosetso e leng ka ga bone go fitlha ka go dira dithulaganyo tsa go maketa;
  • Tshedimosetso ya poraefete e tlhotlhilwe kgotsa e bonwe ntle le molao; kgotsa
  • Tshedimosetso ya poraefete ka ga motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe e tshwanetse go phimolwa gore e tsamaisane le maikarabelo a semolao a re tshwanetseng go a diragatsa.

Tshwanelo ya go baya dithibelo tsa go baakanngwa ga tshedimosetso ya poraefete go ya ka mabaka a a latelang:

  • Ka nako ya go kgontsha Yunibesiti go netefatsa gore a tshedimosetso ya poraefete e boammaaruri fa motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe a nganga gore tshedimosetso ya poraefete ka ga gagwe ga e boammaaruri;
  • Tshedimosetso ya poraefete e baakantswe kgotsa e bonwe ntle le molao mme motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe a kopa gore go nne le thibelo ya go baakanngwa ga yone mme e se ka ya phimolwa;
  • Tshedimosetso ya poraefete ga e tlhole e tlhokega malebana le boikaelelo jo e bo kokoanyeditsweng le go baakanngwa ga yone mme motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe o batla tshedimosetso ya poraefete go tlhomamisa, go diragatsa le go femela ditleleimi tsa semolao; kgotsa
  • Ka nako ya go kgontsha Yunibesiti go netefatsa gore a mabaka a a ka fa molaong a re ikaegileng ka one a tlhokomologa tshwanelo ya motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe mo e leng gore motho yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe o ne a gana gore tshedimosetso e baakanngwe e le ka ntlha ya go bo go tlhokega gore go diragadiwe tshwanelo e e ka fa molaong e e umakilweng ke Yunibesiti.

Tshwanelo ya go gana gore tshedimosetso ya poraefete e se ka ya baakanngwa ka mabaka a a latelang:

  • Mabaka a Yunibesiti a go baakanya tshedimosetso ke gore go e baakanya go a tlhokega go diragatsa tshwanelo e ka fa molaong e re nang le ona jaaka batsenela-tumalano bo bararo; kgotsa
  • Boikaelelo jwa go e baakanya ke jwa go maketa.

Tshwanelo ka ga poloko ya tshedimosetso mo mafaratlhatlheng

  • Tshwanelo ya go newa tshedimosetso ya poraefete go tswa kwa Yunibesiting le tshwanelo ya go romela tshedimosetso eo kwa setlamong se sengwe (kgotsa go kopa Yunibesiti go dira jalo, fa e le gore botegeniki bo dira gore seo se kgonege) fa mabaka a rona a semolao a go baakanya tshedimosetso ya poraefete a dumalana kgotsa a tlhokega gore re diragatse konteraka ya rona mo mothong yo tshedimosetso e leng ka ga gagwe mme e baakanngwa ka mokgwa o o itirisang.

Tshwanelo ya go gogela tumelelo kwa morago

  • Fa Yunibesiti e baakanya tshedimosetso ya poraefete go ya ka tumelelo e e dirilweng, batho ka bongwe ba na le tshwanelo ya go gogela tumelelo ya bone kwa morago nako nngwe le nngwe. Gantsi Yunibesiti ga e baakanye tshedimosetso ya poraefete go ya ka tumelelo e e dirilweng mme re ikaega ka mabaka a mangwe a a amogelwang semolao gore re dire jalo.

Diphetogo tsa polelo ya polokodiphiri

Polelo eno ya polokodiphiri e ne ya tlhabololwa labofelo ka 2 Sedimonthole 2020.

Yunibesiti e ka nna ya tlhabolola polelo eno ya polokodiphiri nako nngwe le nngwe ka go phasalatsa tokololo e e tlhabolotsweng mo webosaeteng ya Yunibesiti. Fa go dirwa diphetogo mo polelong eno ya polokodiphiri, Yunibesiti e tla fetolwa letlha le e tlhabolotsweng ka lone mo webosaeteng le mo polelong ya polokodiphiri ka boyone. Tlhabololo e e dirilweng mo polelong ya polokodiphiri e tla simolola go dira ka letlha la tlhabololo. Ka jalo, re rotloetsa botlhe ba tshedimosetso e leng ka ga bone gore ba sekaseke polelo ya rona ya polokodiphiri nako le nako gore ba nne le kitso ya ka fa re sireletsang tshekatsheko ya poraefete ka gone.


Ikgolaganye le rone

Fa o ka nna le dipotso ka ga kitsiso eno, kgotsa o batla tshedimosetso go ya pele ka ga ditiro tsa polokodiphiri, fa o batla go gogela tumelelo ya gago kwa morago, go fitlhelela tshedimosetso ya gago ya poraefete kgotsa go e baakanya, tsweetswee ikgolaganye le rona mo dinomoreng kgotsa mo atereseng e e mo webosaeteng ya rona.