Mokwadisi mo Setheong

 

Prof MM Verhoef

Mokwaledi wa Setheo o dira jaaka mokwaledi wa semolao wa Khansele, Senate, Botsamaisi jwa Setheo, Khonfokheišene le dikomiti tsa tsona tse di farologaneng. Mokwadisi o tlamelana gape le ka kaelo mabapi le taolo e e siameng e e tshwaraganetsweng, o netefatsa le ditlhokego tse di mabapi le go tsamaelana le melao, merero ya semolao ka kakaretso le tshegetso mo go direng ka nonofo ga komiti ya bokwaledi ya Yunibesithi.

Mokwadisi wa Setheo o rwala maikarabelo a boikwadiso jwa baithuti, dikaloso le ditlhatlhobo mo legatong la Setheo. O tswelela gape le ka netefaletso ya ka kwa ntle ya kamogelo ya diporogeramo tsa seakatemi, merero e e tlhokang go kanwa le boikwadiso gammogo le go tlhama le go tlhokomela dithulagayo tsa tsamaiso ya baithuti le ya tshedimosetso.

Mafapha a mangwe a tshegetso le ditiro tse di mo lefapheng la Mokwadisi wa Setheo di akaretsa diakhaefe tsa setheo le dimosiamo, tsamaiso ya direkoto tsa botsamaisi, go rulaganya dialemanaka tsa setheo le mananeo a tsenelo ya dithuto, tlamelo ya ditirelo tsa semolao mo Yunibesithing ka kakaretso ka Ofisi ya Semolao le tsa boditšhabatšhaba gammogo le ditumelano tse di felelang di fitlheletswe.