VTC Ditirelo Tsa Setegeniki - Ditirelo

Setlhopha sa rona se se dirang ka natla se leka ka thata go dira tiro ya letsatsi le letsatsi ya go tlhokomela dikago tsa khamphase, mafelo a bonno le mabala di ise di senyege, go di tlhokomela fa di tlhoka go tlhokomelwa ka nako ya maemo a tshoganyetso le go thibela go senyega ga tsone.

Karolo nngwe ya thulaganyo ya rona ya go dira tiro ke go tswelela pele ka tiro ya botsamaisi jwa dikago tse di leng ka kwa ntle ga khamphase, tse di jaaka Faranani (lengwe le mafelo a rona a bonno), Water Tower le Senthara ya Dikhonferense ya Quest.

Ka ntlha ya palo e e ntseng e gola ya baithuti, re leka go thusa ka diporojeke tsa dikago tse dintšha le go tlhabolola dikago.

- Thulaganyo ya go hira dikoloi tse di rorang badiri, tobetsa fano .
- Thulaganyo ya tiro ya go tlhokomela dikago le dikopo

Fa o na le dipotso tse dingwe re kopa gore o ikgolaganye le Mme Anna Chandler mo nomoreng ya 016 910 3144.

Tiro-kakaretso ya go tlhokomela dikago:

  • Tiro ya bokhapentara
  • Motlakase
  • Go weleta
  • Sefetlha Mowa
  • Go lomaganya dipeipi
  • Go Penta
  • Go tsenya boalo jwa bodilo le go bo politšha


Ditirelo tse di dirwang fa di tlhokwa:

  • Ditirelo tsa go phepafatsa
  • Ditirelo tsa go dira mo tshingwaneng
  • Go hira dikoloi tsa go rora badiri
  • Dipalangwa tsa baithuti
  • Mabolokelo: a dijo le a dibuka le dilo tsa go kwala
  • Ditirelo tsa go rora dithoto ka dikolotsana
  • Diporojeke: macro le KV