VTC Ditirelo Tsa Setegeniki - Ka ga rona


Lefapha la Ditirelo Tsa Setegeniki ke lefelo la konokono la khamphase. Le ikarabela ka tiro ya maemo a a kwa godimo le e e somarelang madi ya go tlhokomela dikago le mabala a Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya YBB le dikago tse di leng ka kwa ntle ga khamphase tsa Yunibesiti, mmogo le go tlhokomela dikago di ise di senyege.

Maikaelelo a Ditirelo Tsa Setegeniki ke:

  • Go tlhomamisa gore dikago di tlhokomelwa ka tsela e e kgotsofatsang ka go tlamela ka kemonokeng le kgakololo mo tirong ya rona ya letsatsi le letsatsi ya go tlhokomela dikago di ise di senyege le ya fa di tlhoka go tlhokomelwa ka nako ya maemo a tshoganyetso

  • Go ela tlhoko gore dikago tsa khampase di dirisiwa ka botlalo ka go tsenya tirisong lenaneo la botsamaisi jwa dikago le ka go ntšhafatsa tshedimosetso ka dikago ka thuso ya ditshwantsho tse di thadilweng ka khomphiutha le ka bobolokelo-tshedimosetso.