Kwa YBB e ka bonwang gone

Lefelo

Selo sa konokono se YBB e ngokang batho ka sone ke lefelo le e ntseng sentle mo go lone le dikago tsa dikhamphase tse di farologaneng, tsa Mahikeng, Potchefstroom le Vanderbijlpark.

• Khamphase ya Mahikeng kwa motsemoateng wa Bokone-Bophirima mme e na le batho ba dinaga tse di farologaneng, baithuti ba ba tswang kwa dinageng di le 22 ba ba ikwadisitseng mo magorong a yone a le matlhano. Khamphase eno e na le tebego ya motseselegae, e e nang le dikago tse di nonofileng le tikologo e e sireletsegileng.

• Khamphase ya Potchefstroom e mo toropong ya yunibesiti e e nang le hisitori ya Potchefstroom.  Ka setso sa yone se se nonofileng le go dira sentle ga yone mo dithutong tsa yone mo magorong otlhe a le robedi, Khamphase eno e itsege ka go dira sentle mo metshamekong le mo dikagong tsa setso. Ngwaga le ngwana, Khamphase e amogela baatlelete ba ba fetang 1 000 go tswa kwa dinageng di le 25 ba ba ngokwang ke mafelo a yone a boleng jo bo kwa godimo a go ikatisa, bokwagodimo jwa one le maemo a bosa. Ka gale, Khamphase e tshwara diterama tse di farologaneng, mmino kwa dikhwaere le ditlhopha tsa mmino tse di itiretseng leina mo nageng yotlhe le kwa dinageng di sele tota.

• Khamphase eno e e fa dintshing tsa Noka ya Vaal mo lefelong le le itsegeng thata la tlhago le le somarelwang, Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa e e nang le batho ba ditso tse di farologaneng gape e na le tikologo e ntle, e e nang le mefuta e e farologaneng ya diphologolo mo mabaleng a khamphase. Go tla go fitlha boeng jaana, Khamphase eno e ne e na le legoro le le lengwe fela la thuto, mme ka ntlha ya mafapha a kgwebo le intaseteri mmogo le go gola ga palo ya bathuti go ne go batla gore magoro a oketsege, jaanong e na le magoro a le mabedi, Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso le Legoro la Dithuto ka Mekgwa ya Batho.

Lefelo leno le YBB e leng mo go lone le na le mesola e le mmalwa:

• Le kgona go fitlhelelwa ke baithuti ba le bantsi go feta diyunibesiti tse dingwe.

• Le rotloetsa kamogelo ya baithuti ba ditso tse di farologaneng – e leng selo sa botlhokwa se se dirang gore e atlege mo Aforika Borwa wa puso ya temokerasi – ka go amogela baithuti ba metsesetoropo le metseselegae, ba ditshaba, ba dipuo le ditso tse di farologaneng. Pharologano eno e bontshiwa sentle ke dipuo tse di farologaneng tse di dirisiwang mo YBB, tse di akaretsang Seesemane, Aforikanse le Setswana jaaka dipuo tsa semmuso tsa puisano.

• Le tlhomamisa gore YBB e gatela pele mo go tsa thekenoloji, intaseteri le saense. Gauteng ke porofense ya Aforika Borwa e e nang le madirelo go gaisa tse dingwe tsotlhe, fa Porofense ya Bokone-Bophirima yone e gatetse pele ka go nna lefelo la ditiro tsa kgwebo.

Go botlhokwa go ela tlhoko gore dikhamphase tsothe ya YBB ka boraro jwa tsone di dirisa melao e e tshwanang mo go tsa thuto, dipatlafalo tse di tshwanang tsa go amogela baithuti le gore di na le thulaganyo e e tshwanang ngwaga otlhe. Seno se tlhomamisa gore baithuti, go sa kgathalasege gore ba kwa kae, ba simolola ngwaga wa dithuto le go o wetsa ka nako e le nngwe, ba nna le lenaane le le lengwe fela la go kwala ditlhatlhobo le gore ba na le kemonokeng ya boleng jo bo tshwanang mo go tsa thuto.