ES-Ditirelo

KHAMPHASE YA POTCHEFSTROOM

Ditirelo tsa Motlakase le tsa Eleketeroniki

Ditirelo tse Dikgolo

Malebana le didirisiwa tsa motlakase le tsa eleketeroniki, re tlamela ka:
 

Di CCTV

DIDIRISIWA TSA DIALAMO

TAOLO YA GO TSENA MO DIKAGONG

DIBUELA-GODIMO

DILO TSA MOTLAKASE

DIALAMO TSA MOLELO

 

Go dira kopo ya didirisiwa tse di ntšha

  • Dikopo tsa go dirisa didirisiwa tse di ntšha tsa eleketeroniki di sekasekwa le go rebolwa ke EES.

  • Dikopo tsa go dirisa didirisiwa tse di ntšha tsa motlakase gantsi di romelwa go PIP fa go na le tlhokego ya go fetola/tlhabolola ditirelo. EES e tsenya didirisiwa tse dinnye fela tsa motlakase.

  •  Dikopo tsotlhe di tshwanetse go amogelwa semmuso pele gore dilo di tsamaye sentle mo YBB.

  •  Ditshenyegelo tsotlhe tse di amanang le go dirwa ga diporojeke tse di amogetsweng senmuso di tshwanetse go duelwa ka botlalo ke modirakopo.
     

    Thulaganyo e e dirilweng ya go tlhabolola didirisiwa tse di leng teng
    EES e sikara maikarabelo ka botlalo a go rulaganya le go dira tekanyetsokabo ya go tlhabololwa ga
    •    dibuela-godimo tsa akatemi le
    •    go tlhabololwa ga didirisiwa tse dinnye tsa motlakase mo dikagong tsa khamphase le dipone

     

     

    Dipaakanyo tse di rulaganyeditsweng go dirwa

    EES e dira dipaakanyo tse di rulaganyeditsweng go dirwa tsa didirisiwa di le mmalwa go ya ka sekejule se se dirilweng                 

     

    http://www.nwu.ac.za/sites/www.nwu.ac.za/files/files/p-ees/Images%202014/maintenance.jpg

     

    Dipaakanyo tsa letsatsi le letsatsi
      

    EES e sikara boikarabelo jwa go baakanya didirisiwa tse di botlhokwa, tse di sa kgoneng go sutisiwa tsa motlakase le tsa eleketeroniki tse di direlwang tekanyetsokabo ngwaga le ngwaga.

     

              
     

    Ditirelo tsa botlhokwa-potlana
    Go tlamela ka dikarolwana tsa didirisiwa tsa motlakase

    http://www.nwu.ac.za/sites/www.nwu.ac.za/files/files/p-ees/Images%202014/electronic%20components.jpg
     
    EES e na le lefelo la polokelo la didirisiwa tsa rona e bile re itumelela go le tlhakanela le mafapha a mangwe. Re na le tirelo ya go rekwa ga dilo ka kheše mo dikhaontareng tsa mafapha a rona.

     

    Go Tlhamiwa ga Doboto tse di Tsamaisang Motlakase tse di Gabilweng Ditlhaka kgotsa di-Printed Circuit Boards (di-PCB)

    http://www.nwu.ac.za/sites/www.nwu.ac.za/files/files/p-ees/Images%202014/circuit%20boards.jpg

     
    EES e dirisa didirisiwa tsa CAM tsa boleng jo bo kwa godimo go tlhama di-PCB go ya ka tlhamo e o e batlang. Re kgona go dira diboto tse di manegilweng mmetale ka fa matlhakoreng oomabedi, tse di nang le phatlha e e phunyeletsang mme di sena matshwao a go kopanngwa ga dimmetale. E diretswe segolobogolo go nna sampole ya tekeletso.

     

    Go tlamela ka ditirelo tse di botlhokwa kwa dikokoanong tsa semmuso

    http://www.nwu.ac.za/sites/www.nwu.ac.za/files/files/p-ees/Images%202014/SPEAKERS.jpg
     
    EES e
    •    Nna e letetse go dira ditiro tse go ka diregang gore di tlhokwe mo dikokoanong tsa semmuso ka go somarela ditshenyegelo
    •    Tlamela ka makhubu a kgaso a didirisiwa tse di reediwa le a dibidio a e kgonang go tlamela ka one
    •    Tlamela ka didirisiwa dingwe tse di ka hiriwang tse re ka nnang le tsone nako le nako.


         Ikgolaganye le Rre Tinus Steenkamp (018 299 4113, tinus.steenkamp@nwu.ac.za) kgotsa

         Rre Ivan Taylor (018 299 4127, ivan.taylor@nwu.ac.za) pele fela thata ga nako.