Go tlhaloganya yunibesiti

YBB e rotloetsa batsadi go nna le seabe mo mekgeleng ya yunibesiti e bana ba bone ba e ipeetseng le go itlwaetsa ditsela tse yunibesiti e dirang dilo ka tsone le dithulaganyo tsa yone. Sedirisiwa se se mosola sa go tlhaloganya yunibesiti ke Tlhaloso ka Bokhutshwane ya Setlamo sa YBB, e e sobokanyang kgang ya yunibesiti, mokgwa wa yone wa go laola dilo, setlhopha sa botsamaisi, moano wa khampase, leina le e itiretseng lone mo go tsa thuto le patlisiso le go dirisana mmogo ga yone le ditlamo tsa kgwebo, puso le baagi.

Tobetsa fano gore o buise ka Tlhaloso ya Setlamo sa rona ka Bokhutswane