Go tlwaela tikologo ya yunibesiti

Selo sa botlhokwa se se dirang gore baithuti ba dire sentle mo dithutong tsa bone kwa yunibesiting ke go nna le bokgoni jo ba bo rutilweng sentle jwa go ithuta, jwa go buisa le go nna le thuto ya puisokwalo, mmogo le tlwaelo ya tsa botshelo.  Go thusa batlaboeng go simolola sentle, YBB e kopa baithuti botlhe ba ngwaga wa ntlha go ikwadisetsa mmojule wa thuto ya puisokwalo o go senang boitlhophelo mo go one. Mmojule ono o go senang boitlhophelo mo go one o mosola thata e re ka o thusa baithuti go nna le bokgoni jo ba ntseng ba tlhaela ka jone le go ba baakanyetsa isagwe. Seno gape ke ka gonne YBB e na le dimmojule tse go senang boitlhophelo mo go tsone tse boikaelelo jwa tsone e leng go thusa baithuti ba ngwaga wa bobedi le wa boraro go tlhaloganya lefatshe jaaka le le nang le ditsamaiso tse di nang le tsela e di amanang ka yone.

Ka kakaretso, YBB e thusa baithuti ba ntlha go tlwaela botshelo jwa yunibesiti kwantle ga bothata bope ka tiriso ya thulaganyo ya go ba ruta ka dikarolo tsotlhe tsa yunibesiti le tsa botshelo jwa mo khampaseng. Thulaganyo eno e e simololang le ngwaga ya go tlwaetsa baithuti ba ngwaga wa ntlha botshelo jono, e a tshwana mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo.  Re rata go gatelela fano gore YBB e tlamela ka katiso e e dirwang ka mabogo a a duleng diatla le ka mokgwa wa tshwanelo e mo go yone ditshwanelo le seriti sa ba ba newang katiso eno ka dinako tsotlhe di sa gatakelweng. Eno ke nngwe ya ditsela tse YBB e ineetseng go di dira mo dikhampaseng tsotlhe ya go dira gore baithuti ba kgone go itshokela maemo a ba sa a tlwaelang, ba ikanyege, ba sikare maikarabelo le go tlotlana mo yunibesiting yotlhe.