Tshedimosetso e e yang kwa batsading

Re go lebogela go bo o rometse morwao kgotsa morwadio go tla go bapala thuto e e kwa godimo mo YBB. Tlhopho e o e dirileng fano ya yunibesiti ke e e botlhale, mme o tla lemoga seno fa o ela tlhoko kgatelopele ya gagwe mo dingwageng tsa di tlang. Lebaka la seno ke gore YBB e itiretse leina le le ntle la go tlhagisa baalogi ba maemo a a kwa godimo ba ba siametseng go simolola mekgele ya tiro e e tla ba tlisetsang katlego, e e tla dirang gore ba solegele batho mo sethabeng molemo, le go tshela botshelo jo bo itekanetseng jo bo nang le boikaelelo.

Re leba batsadi ba baithuti ba rona jaaka badirisani-mmogo le rona ba ba botlhokwa mo go thuseng baithuti go tlwaologa tikologo ya sekolo le go tlwaela tikologo ya yunibesiti kwa ntle ga bothata bope, le gore ba sole molemo bontsi jwa ditshono tsa go ithuta tse re tlileng go ba naya tsone.