Akhaefe ya Dikitsiso 2016/2017

Mmala wa konokono o mosha wa YBB

24 Ngwanatsele 2017

Ka ntlha ya go bo YBB e le legoro le le gagamalelang go nna le le seoposengwe, go ile ga nna botlhale gore re lebe gape mebala ya rona e meraro ya ga jaanong jaana e re e dirisang, e e emelang nngwe le nngwe ya dikhamphase tse tharo. Kwa kopanong ya lone ya di 21 Lwetse 2017, Lekgotla le amogetse semmusi kgang ya gore re nne le letshwaotlhaolo le le ntšha le le tlhaolang dikago tse dintle tsa rona le letshwaokgwebo e le karolo ya go tsenya tirisong leano le le ntšha la yunibesiti. Gape Lekgotla le ile la dumela gore go botlhokwa gore thulaganyo ya go feleletsa leinakgwebo le le ntšha e akeretse dikgakololano le baamegi le go wediwa ka nako gore e tsenngwe tirisong ka 2018

Ka ntlha ya tshwetso eno, go ne ga dirwa ditshitshinyo di le tharo, mme ga simololwa metlotlo le dikgakololano tse dingwe gape (go akaretsa le patlisiso ka ga seno sotlhe) le badiri ba ga jaanong jaana le baithuti ba ka moso, baithuti ba nako e e fetileng le ditlamo tsa semolao tsa yunibesiti Komiti ya Botsamaisi ya Yunibesiti (University Management Committee [UMC]), e ne ya rola pego e e tseneletseng go Komiti ya Nakwana ya Lekgotla ka ga go rulaganngwa bosha ga mebala ya konokono e e tla emelang botoka dikago tsa rona tse di seoposengwe.

Lekgotla le ne la amogela tshitshinyo ya Komiti ya Nakwana ya go ntšhafatsa letshwaotlhaolo le letshwaokgwebo, gore phepole e nne mmala wa konokono wa yunibesiti. Pele Lekgotla le rebole tshitshinyo eno, le ne la akanyetsa dilo di le mmalwa mmogo le dipholo tsa patlisiso le leano la yunibesiti. Setlhopha sa botsamaisi sa yunibesiti se tla tswelela go tshwara ditherisano le baamegi botlhe ka ga letshwaotlhaolo le letshwaokgwebo go tlhomamisa gore le a amogelwa le go tshegediwa jaaka mmala o mo ntšha.

Gape Lekgotla le ne la tlhomamisediwa gore go tsenngwa tirisong ga leano leno la leinakgwebo le letshwaotlhaolo ke karolo ya tiro ya bajete ya go maketa le ditlhaeletsano. Letshwaokgwebo le le ntšha le tla tsenngwa tirisong ka tsela e e somarelang madi. Baamegi botlhe ba ka tlhomamisega gore YBB ke legae la botlhe ba ba batlang go ithuta le go dira mono, le la baithuti ba nako e e fetileng ba bantsi ba re anaanelang thata tshegetso ya bone.


TSHEDIMOSETSO E E BOTLHOKWA THATA YA NSFAS YA 2018

16 Ngwanatsele 2017

1. Baithuti ba jaanong jaana ba NSFAS ba ba amogetsweng ba ba tswelelang

Baithuti botlhe ba ba tswelelang ba ba amogetseng madi go tswa go NSFAS mme ba saenileng konteraka ya NSFAS ka 2017 ga ba tlhoke go kopa thuso gape ka 2018.

2. Baithuti ba ba latelang ba tshwanetse go dira kopo ya matlole a NSFAS ya ngwaga ya akatemi ya 2018:

  • Baithuti ba ba sa amogelang matlole a NSFAS ka ngwaga ya akatemi ya 2017
  • Baithuti ba pele ba ba nneng ba amogela matlole a NSFAS pele ga ngwaga ya akatemi ya 2017, mme ba jaanong ba nnang le tetla ya go kopa gape ka ntlha ya tokafalo a tiro ya bone ya akatemi.
  • Baithuti ba lotseno la balelapa lo fetogileng mme jaanong jaana ba arabelang maemokatlhodi a a bewang mo tekong ya NSFAS.

Ka kopo, ela tlhoko gore NSFAS ga e eme nokeng dithuto tsa morago ga kalogo ka matlole.  Karogo e nosi fela mme ke thuto ya PGCE (Post Graduate Certificate in Education)

NSFAS ga e ntshetse matlole baithuti ba ba setseng ba bone dikerii ya ntlha kgotsa dipoloma (go sa kgathalatsege le fa moithuti a ntse a amogela matlole pele go tswa mo NSFAS). Karogo e le nngwe gape ke BA/BCom ya Molao go ya kwa dithutong tsa LLB le PGCE.

Letlha la go tswalela dikopo tsa NSFAS ke ka letsatsi la 30 Ngwanaitseele 2017. Ka kopo, etela mo inthaneteng kwa www.nsfas.org.za go kopa mo moweng.


Kamogelosemmuso-sešwa: Lenane la Bachelor ya Molao (LLB) la Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)

15 Ngwanatsele 2017

Khansele ya Thutogodimo (CHE) e itsisitse Yunibesiti ya Bokone-Bophirima gore tlhatlhobo ya kamogelosemmuso ya thadiso ya Lenane la LLB e boeleditswe go tswa go katlholo ya "Kitsiso ya go gogela morago Kamogelosemmuso" mme e dirilwe "Kamogelosemmuso-sešwa fa go ka arabelwa mabaka a a filweng."

Ka tsibogo, motlatsa-mokanseliri wa YBB, Moporofesa Dan Kgwadi, o tlhaloseditse kgotsofalo ya gagwe ka phitlhelelo e. Gape o lebogilwe botlhe ba ba tsereng karolo mo tiregong e, thata e bile badirammogo go tswa mo Legoro la Molao.

“Go tloga mo tshimologong re ne re ntse re na le setlhopha se se arabelang ditlhaelo tse di neng tsa kaelwa. Ke tshepa gore YBB ka go arabela mabaka a a bontshitsweng ke CHE, e ka tlhomamisa gore re ruta dikerii ya LLB e e leng botoka le go feta, e seng fela gore e tswele mosola baithuti ba rona mme e tswele mosola le naga ya rona.”

“Kemo ya rona nako yotlhe e ne e le gore togamaano ya rona e re e tlhomelang jaanong e na le maikaelelo a go arabela mabaka le ditshwenyego tse di bonweng ke CHE - mosolatogamaano wa go emisa YBB gore e nne setheo sa seoposengwe sa boitseanape jwa akatemi e e gaisang mme e na le tlamego ya bosiamisi jwa boago."

Tsibogo ya CHE e ne e le morago ga go amogela tlhagiso ya leano la tokafatso le mosolatogamaano ka letlha la 6 Diphalane ngwaga e. Leano le gape le ne le akaretsa le tswelelopele e e dirilweng go tloga ka leeto la phanele ya go tlhatlhoba ka 2016.

Ka nako ya kopano ya HEQC (Higher Education Quality Committee) ka letlha la 9 Ngwanaitseele 2017, leano la tokafatso la yunibesiti gammogo le ditokomane tse di maleba tse di ilweng tsa abelwa, di ne tsa atlholwa. HEQC e ne e kgotsofetse gore leano le ne le arabela ditlhaelo tse di bonweng gore go se nne le kamogelosemmuso e e tletseng, le gore go na le ditlhaelo dingwe mo maemong a setheo tse di ka baakangwang mo nakong e e isegang.

HEQC e  tlhoka neelo ya repoto ya tswelelopele ka letlha la 30 Diphalane  2018 mme morago ga moo go tla diriwa leeto la go latela gape gore go atlholwe gape ka letlha le le tla buisanwang ke CHE le Setheo.

CHE e bolelela mo pegelokarabong ya yone gore go bonagala sentle mo bopaking jo bo tlhagisiwang mo leanong la tokafatso la yunibesiti gore bontsi jwa ditlhaelo jaaka thata go sa lekalekaneng ga dikhamphase, go tlhoka ga tomaganyo e e bonagalang le ditlhokego tse di kwa tlase tsa go ka amogelwa le kemonokeng ya baithuti e e tlhaelang, di setse di arabilwe mme di setse di baakanngwa.

“Leano le tlhamaletse mme le tshegediwa ke bopaki jo bo tseneletseng. Gape go na le tlamego ya go batlisisa gape go feta mekgwa e e ka tlhokegang go arabela ditlhaelo mo bokamosong jo bo gaufi. Gape go bonagala gore setheo se ile sa tlhaeletsana le batsayakarolo botlhe ba ba botlhokwa ka nako ya go dirisana ka ditlhaelo le dikatlanegiso", ga bua babui ba CHE.

Pegelokarabo gape e itumeletse mme e tlotla matsapa a a tseilweng ke Legoro la Molao go tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale mo go ne go boeletswa dimmojulu tsa molao le go tsenya dimmojulu tse dingwe tse di botlhokwa jaaka go ne go atlenegisiwa ke HEQC.  Gape ba tlotla ditherisano le batsayakarolo ba ba botlhokwa mo dikhamphaseng tsotlhe le gore ba bone tumalano e e tlhokegang le go bona tlamego ya balaodi ba khuduthamaga.

CHE gape e bontshitse gore le fa leano la tokafatso le ineela go arabela mabaka a pharologanyo ya baithuti le badirimmogo le tekatekano ka maikaelelo le dikakanyopele, yunibesiti e tlhotlheletswa go sekaseka mekgwa e mešwa ya go tsweleletsa maano a mašwa go baakanya tekatekano ya badiri gore go fitlhelelwe maikaelelo a a mo leanong la tokafatso.

“Togamaano e e tlhalositsweng sentle ka ditlha le kabo ya maikarabelo le metswedi e tla oketsa lebelo la go tlhomela leano. Le fa go le jalo se ke lebaka la nako e telele le le beilweng, ka gore bontsi jwa kutlwalo ya diphetogo di ka netefatswa fela ka nako ya mo gare le nako e telele," ga re CHE.


Tirego ya Tswelelopele le Togamaano ka poeletso ya Pholisi le Leano la Dipuo

19 Diphalane 2017

Tirego ya tlwaelo e e rulagantsweng ya ditherisano go boeletsa Pholisi le Leano la Dipuo mo YBB e mo tseleng mme e tla diragala ka 2018. Ka nako e go akanngwa gore mefuta ya batsayakarolo ba tla kopiwa go fana ka pegelokarabo le dikakanyo tsa bone (jk. batsayakarolo jaaka Diboto tsa Magoro, Baithuti ba Kgale, Senete, Khansele, Baakatemi, badiri ba kemonokeng, IF le Baemedi ba baithuti jj.)

Jaaka tlhabololo le poeletso ya ditokomane tsotlhe tsa dipholisi tse di botlhokwa, tlhabololo le poeletso, Botsamaisi ba YBB bo amogela dikakanyo le ditshitshinyo mme go batliwa gore go nne le ditšhono mo tse di ka tlisiwang mme di akanyediwe. Tlhaeletsano ya Memorantamo e e na le maikaelelo a gore e tlhalose tiro e e setseng e dirilwe go fitlhela jaanong jaana. Tse di diragetse ka mo teng ga dikaelo tse di botlhokwa tse di filweng diyunibesiti go tswa go Tona ya Thutogodimo le Katiso, le gape go tswa mo dipuisanong tse di botlhokwa tse di diragetseng ka ngwaga e kwa Seneteng mo tlase ga kaelo ya Komiti ya Poeletso ya Pholisi ya Leano la Dipuo.

Maikaelelo a a Totobetseng a Tlhaeletsano e ke a mabedi:

  1. Go fana ka pegelokarabo ka tswelelopele e e ileng ya diragala go tloga ka Seetebosigo 2017 ka nako e pholisi ya tlhomo ya Komiti ya Poeletso ya Pholisi ya Leano la Dipuo e ne ya buisanwa kwa kopanong e e seng ya tlwaelo ya Senete, le
  2. go fana ka kakanyo ya togamaano ya ditirego tsa bokamoso le tswelelopele ya poeletso ya ditokomane tse.

Tswelelopele go tloga ka Senete ya Seetebosigo 2017 mo go ilweng ga buisanwa ka Pholisi le Leano la Dipuo (PLD):

  1. PLD e ile ya ntšhwafatswa, go tsamaisana le dipuisano kwa Seneteng le tiro e e dirilweng ke Setlhopha sa Tiro sa PLD, e siametse tlhagiso go batsayakarolo botlhe ba ba biditsweng, gore go tsamaisane le tlhagiso kwa dibotong tsa magoro gore di buisane mme di fane ka dipegelokarabo.
  2. PLD e ne ya gorosiwa le kwa Ditirelong tsa Semolao gore ba se atlhole go ya ka dikaelo tsa semmuso tsa Aforikaborwa.
  3. Tlhaloso ya porojeke ya patlisiso ya thuno ya dipuo le Lenaanetlhatlhobo di ile tsa fetswa gore go diriwe kopo ya dietiki, gore di buisanwe le modulasetulo wa Komiti ya Dietiki tsa YBB ya Mabaka a Dipuo pele ga gore e tlhagisiwe semmuso go ka dumelwa.
  4. Dipotso tsa tlhomo tsa baithuti ba pele ga kalogo le ba morago ga kalogo le tsa badirammogo tsa porojeke ya patlisiso ya thuno di ne tsa ntšhwafatswa go tsamaisana le dipegelokarabo tsa go tswa kwa setlhopheng sa Tiro sa PLD.
  5. Dithulaganyo tsa letsatsi la 31 Diphalane 2017 tsa go tshwara simposiamo ya dipuo mo thutong ka letlha leo di a tswelela.

Ditlha tsa dithulaganyo tsa ditirego tsa 2017 le 2018 ka ga PLD (Ditlha tsa makgaolakgang ke ka ditlhaka tse dintsho):

  1. Simposiamo ka ga Dipuo mo thutong - 31 Diphalane 2017
  2. Go tsenya tshedimosetso go tswa mo Simposiamong mo teng ga PLD – 30 Ngwanaitseele 2017
  3. Go fetsa kopo ya dietiki ya porojeke ya patlisiso ya thuno ya dipuo - magare a Diphalane 2017
  4. Tumelo ya kopo ya dietiki ya porojeke ya patlisiso ya thuno ya dipuo – 2017-2018 (ikaega ka Komiti ya Dietiki tsa YBB ya Mabaka a Dipuo)
  5. Tlhagiso ya dipotsolotso tsa porojeke ya patlisiso ya thuno ya dipuo kwa Ditirelong tsa Mananepalo gore di atlholwe - mafelo a Diphalane 2017
  6. Go fetsa ka dipotsolotso tsa porojeke ya patlisiso ya thuno ya dipuo morago ga go amogela dipegelokarabo go tswa kwa Ditirelong tsa Mananepalo - mafelo a Ngwanaitseele 2017
  7. Go baakanya dipotsolotso tsa thuno ya dipuo go ka dirisiwa ka mokgwa wa seileketeroniki go ka dira patlisiso jalo ka seileketeroniki - mafelo a Ngwanaitseele 2017
  8. Tlhagiso ya PLD gore e buisanwe ke diboto tsa Magoro le batsayakarolo ba ba biditsweng leina ka letlha le le tshwanang - letlha la go tswala ga mananetema a dikopano tsa ntlha tsa Diboto tsa Magoro tsa 2018, gongwe kwa bogareng jwa Tlhakole
  9. Go tlhomela ga Patlisiso ya seileketeroniki ya thuno ya dipuo - 1 Mopitlwe 2018
  10. Letlha la Makgaolakgang la dipegelokarabo go tswa kwa Dibotong tsa Magoro le batsayakarolo ba bangwe kwa ofising ya Mokwadisi - 9 Mopitlwe 2018
  11. Go Tswala ga Patlisiso ya seileketeroniki ya thuno ya dipuo - 16 Mopitlwe 2018
  12. Go fetsa ga tiro ya go kgobokantsha dipegelokarabo tsa patlisiso ya seileketeroniki ya thuno ya dipuo ke PLD go tswa go batsayakarolo le patlisiso - 29 Mopitlwe 2018
  13. Ntšhwafatso ya PLD gore e tsamaisane le dipegelokarabo tsa batsayakarolo le tsa thuno - pele ga letlha la lenanetema la Kopano ya Senete mo go 2018
  14. PLD ya tlhomo ya bofelo ya PLD e fiwa Senete - Motsheganong 2018
  15. Poeletso ya PLD ya tlhomo pele ga letlha la go tswalwa ga lenanetema la kopano ya Khansele ya Seetebosigo 2018
  16. Tumelo ya PLD ke Khansele - Seetebosigo 2018

Setlhopha sa Tiro sa PLD, Tiro le Tlhaloso ya Tiro e e dumetsweng ke Taolobolaodi jwa Yunibesiti le Senete ka Diphalane 2016, e tla amogelwa pegelokarabo le go nna karolo ya tirego ya go tlhama mme go tla fanwa ka repoto kwa Seneteng go ya kwa bogareng jwa 2018 le go solofela tumelo ya Khansele ka kopano ya Seetebosigo 2018.

Se tšhono e e tlhagafatsang go tsaya kgato e e latelang go nna yunibesiti e e gatelang pele go diragatsa bopuontsi mme re solofela gore mongwe le mongwe o tla tsaya karolo le go ema nokeng tirego e.

Dipotso ka ga tirego le PLD ya tlhomo di ka romelwa kwa go Johan Blaauw. Setlhopha sa Tirelo sa PLD se se nang le Modulasetulo wa DVC wa go ruta le go ithuta, le ene a ka nna a fetisa tshedimosetso jaaka tiro e tswelela.

A re dirisaneng mme re tseye karolo gotlhelele fa ditšhono tse di farologaneng di tlhagelela gore re boeletse Pholisi le Leano la rona la Dipuo.

 


DIPHETOGO TSA KALENTARA YA AKATEMI YA 2017

26 Phukwi 2017

Ka kopo, ela tlhoko matlha a a latelang a mašwa a ditlhatlhobo jaaka a dumeletswe ke Taolobolaodi jwa yunibesiti, yunibesithi:

Baithuti ba mo Dikhamphaseng:

Dipampiri tsa tlhatlhobo ya tšhono ya ntlha jaanong jaana a a rulagantsweng a letlha la 17 Ngwanaitseele (Nov.) 2017 a tla isiwa kwa letlheng  la 27 Diphalane (Oct.) (letlha le le ne le beilwe e le letsatsi la 'Go se nne le dithuto' ). Diphetogo tse dingwe tse dinnye tsa dinanetiro tsa tlhatlhobo gongwe di ka tlhokega fa go lebelelwa tlhatlaganyo ya dipampiri tsa tlhatlhobo.
Dipampiri tsa tlhatlhobo tsa tšhono ya bobedi tse di rulagantsweng tsa letlha la 25 Ngwanaitseele go fitlhela ka la 6 Sedimonthole di tla rulagangwa sešwa ka nako go tloga ka 23 Ngwanaitseele go ya go 4 Sedimonthole.

Baithuti ba kwa Kgakala:

Dipampiri tse di beetsweng letlha la 22 Ngwanaitseele di tla kwadiwa ka 27 Diphalane.
Ke dipampiri tsa tlhatlhobo ya tšhono ya ntlha tsa 17 Ngwanaitseele tse di tshwanang le tsa baithuti ba mo dikhamphaseng fela tse di tla sutisiwang go tswa kwa 17 Ngwanaitseele go ya kwa 27 Diphalane. Dipampiri tse di sa tshwaneng le tsa baithuti ba mo dikhamphaseng di santse di tla kwadiwa ka 17 Ngwanaitseele. 


Kanego go tswa go motlatsa-mokanseliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ka ga mabaka a dikgato tsa kgalemo tsa baithuti.

18 Phukwi 2017

Lebaka le le ne la emisiwa pele gompieno mme le sasepenšene ya nakonyana ya moithuti yo amiwang e ne ya tlosiwa, gore moithuti a kgone go tswelela ka dithuto.

Morago ga go rerisana le maloko a setlhopha sa botsamaisi ba bagolo ba me, ba ba nneng ba le teng mathapama a gompieno, ke akantse gore kgetsi kgatlhanong le moithuti wa bobedi ga e ye go tswelela mme e tlaa gogelwa morago. Se se eme jalo ka gore bopaki jo bo tlisitsweng ga bo bontshe sentle go ka dumelela tswelelopele ya kgetsi kgotsa lebaka.

Setlhopha sa me le nna re ile ra dira ka maatla go aga setso sa go tsenyeletsa le go kopantsha botlhe le go amogela le go tlamparela pharologano ya morafe wa yunibesiti ya rona mme re ntse re eletse tlhoko tikologo ya hisetori ya rona. Ditiragalo tsa mofuta o di kgatlhanong le tsotlhe tse mme re tshwanetse go kopa tshwarelo mo badirammogong le mo baithuting ba YBB le gape mo baaging ka bophara. Go bonagala sentle gore re tshwanetse go dira go feta mo maikemisetsong a rona a go ruta baithuti go phela le go direla mo Aforikaborwa, ka mo moweng wa maikemisetso a rona le mo mekgweng ya rona le mo tlase ga molaotheo wa naga ya rona.

Taolobolaodi ya yunibesiti e ganela tiro e nngwe kapa e nngwe ya tlhophololo le go senya botso ka maemo a a maatla thata. Se se thulana gotlhelele le mekgwa ya rona ya YBB mme ditiro tse di kgatlhanong le matsapa a rona a go direla bosiamisi jwa boago. Re tla tswelela go dira ka maatla go aga setso se se tlaa kgatlhisang morafe wa yunibesiti le setšhaba sotlhe sa Aforikaborwa.

 

Fa o na le dipotso:  Mor Louis Jacobs (082 901 6435)

 


Molao o Mošwa wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima o gatisitswe mo Kaseteng ya Mmuso

28/03/2017

Molao o Mošwa wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o gatisitswe mo Kaseteng ya Mmuso ka letsatsi la 24 Mopitlwe 2017 ka Labotlhano mme le dumeletswe mme le tsentswe mo molaong jaanong.

Se se nnile tiro e kgolo ya dingwaga di le tharo e e nneng e eteletwe pele ke togamaano e ntšhwa e latetswe ke popego e e ntšhwa tse di amogetsweng ke Khansele Ya YBB. Tse di ne di le motheo wa Molao o Mošwa o o amogetsweng ke Tona ya Thutogodimo le Katiso, Ng Blade Nzimande. 

Molao o tlhalosa mme o laola gore YBB e busiwa jang, le gore batlatsadiofisi ke mang le gore badiri ba thapiwa jang, ba duelwa jang le gore ba laolwa jang, tiro ya diyuniene, merero ya baithuti le gore go abelwa jang didikerii tsa tlotlo le dikabelo.

Kgatiso le Kamogelo ya Molao o re fa tetlelo ya go tlhomela le go dirisa popego e e ntšhwa e e amogetsweng.

Lebelela molaetsa wa ga Mop Dan Kgwadi ka ga tsela ya go ya pele.
Tobetsa fa go bona Molao o Molao o Mošwa wa YBB.

 


Tswelelopele ka dikopo tsa NSFAS

1 Tlhakole 2017

Kopano e go ne go tsene maloko a di-EXCO tsa Universities South Africa (USAf), le modulasetulo wa Boto ya NSFAS le baemedi ba Lefapha la Thutogodimo le Katiso (DHET) e ne ya tshwarwa ka Lamatlhatso ka 28 Firikgong 2017 go bua ka ga mokgwa o tiro go tsamaisa dikopo tsa thuso ya madi e setseng kwa morago mo bakoping ba nako ya ntlha le mo baithuting ba ba boelang dithutong. Go ntshitswe ngongorego e kgolo ka ga ntlha ya gore baithuti ba ba maemo a a kwa godimo a akatemi ba ba emetseng dikarabo tsa NSFAS ba tloga ba latlhegelwa ke mafelo a bone mo diporokerameng tsa akatemi kampo ba ka latlhegelwa ke mafelo mo Matlobonnong mme a tsewa ke baithuti ba ba duelang.

NSFAS le fa go le jalo e na le boikanyo ba gore ba ka kgona go fetsa kabo ya thuso ya madi mo bakoping ba nako ya ntlha mo teng ga malatsi a le 6 mme se se raya gore ba tla fetsa ka Labotlhano le le tlang ka la 3 Firikgong 2017.

Baithuti ba ba boelang dithutong ba pele ba ne ba thusitswe ke NSFAS mme ba arabela mabaka a go ka bona matlole gape kwa NSFAS ba ka tswelela ka kwadiso.

O fiwa tshepiso gape gore YBB (Yunibesiti ya Bokone-Bophirima) e dula e buisana le NSFAS nako yotlhe mme e ikemiseditse go tlhomamisa gore palo e kgolo e e ka kgonwang ya baithuti e ka thusiwa go ikwadisa. Universities South Africa (USAf) le yone e buisana thata ka mabaka a a seng a arabiwe ke NSFAS mme e buela diyunibesiti tsotlhe mo SA.

Le fa YBB e tshwanetse go tsamaya mo teng ga palo ya yone e e filweng ke NSFAS, e dula e ikemiseditse go thusa baithuti ba ba maemo a a kwa godimo le ba ba bokgoni mo akateming gore ba thusiwe.

O tla dula o itsisiwa ka tshedimosetso le tlhabololo e e ntšha go tswa kwa NSFAS.


Temogo – Phatlalatso ya maaka le tiriso ya media ya boago

31 Ferikgong 2017

Kgololosego ya Media le tshwanelo ya batho ya kgololosego ya puo ke dipinagare tsa temokerasi ya rona. Dikanale tsa media tsa mo inthaneteng, segolobogolo, di re fa ditšhono tsa go tlhaeletsana le go fetisetsa tshedimosetso kwa batsayakarolong ba rona le kwa bathong botlhe. Intaseteri ya media go kgabaganya lefatshe e itemogela go tlala ka mafelo a diwepe tse e seng tsa nnete le mafelo a Media ya Boago tse di nnang le maikaelelo a go phatlalatsa maaka le go senya leina la ditheo le tsa batho. Re tswelela go tlhokomela lenaga la media le tshedimosetso ka ga Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) go kgabaganya dikanale tsotlhe. Re dumela gore re ipaakantse go lemoga ka pele fa go na le mafelo a wepe a maaka le a a seng a nnete a a reng a emela YBB kgotsa go nna rona. Re kopa badirammogo le baithuti botlhe go re itsisa ka ga mafelo a dikgang tsa maaka kgotsa mafelo a maaka a wepe kwa go Morena Louis Jacobs, Mokaedi: Tlhaeletsano ya Korporatifi kwa louis.jacobs@nwu.ac.za kgotsa kwa 018 299 4918.

YBB e dumeletse mafelo a a farologaneng a mefutafuta ya media a a direlang tshedimosetso le go phatlalatsa kitso mo badirammogong le mo baithuting. Bontsi jwa tlhotlheletsano le dikakanyo tse di tlhaeletsanwang mo mafelong a a mo inthaneteng ya YBB ke tse di agang tse di tsamaisanang le melao ya yunibesiti le melawana ya boitsholo. Le fa go le jalo go santse go na le palo ya batho, mo teng ga le kwa ntle ga yunibesiti, ba nako yotlhe ba tswelelang go phatlalatsa maaka ka ga YBB mo medieng ya boago. Yunibesiti e tla tsaya dikgato tsa molao go tshwarisa batho ba go tlhomamisa gore ba se bone katlego go senya leina le kemo ya YBB. Re dula re eme ka maatla go tlhomamisa gore YBB e dula e le e nngwe ya ditheo tsa thutogodimo e baithuti le baalogi ba yone ba lebiwang ka tlotlo mo SA le mo lefatsheng.

Le fa YBB e tlhotlheletsa dipuisano le dikganetsano tse di tseneletseng mo baithuting le mo badirammogong ka mabaka a amang morafe otlhe wa yunibesiti. Tlhagisomaikutlo le dikakanyo ga di a tshwanela go buelela kgotsa go tlhotlheletsa thubakanyo kgotsa go tlisa kotsi mo malokong a mangwe a morafe wa YBB. Baithuti le badirammogo ba tshwanetse go itaola go se tsweletse kgotsa go ema nokeng dikakanyo le dipolelo tse di ikaeletseng go tsosa kilo mo ditlhopheng tse dingwe tsa batho go lebilwe morafe, botso, kakanyo ya bong le tumelo.

Kwa ntle ga dikanale tse dingwe tse di kgatlhisang, badirammogo le baithuti ba tlhotlheletswa go dirisa serala sa media ya boago ya semmuso, go ka bona tshedimosetso e e nepagetseng.

Ke ka mo kgatlhegong ya gago go ikitsisa le go ithuta ka polisi e e dumeletsweng semmuso ya media le ya media ya boago.


Kemo ya dikopo tsa NSFAS 2017

25 Ferikgong 2017

Ngwaga ya akatemi e simolotse sentle mme baithuti ba ikwadisa ka phisego mo dikhamphaseng di le tharo tsa YBB. Ka letlha la 25 Ferikgong go ne go setse go ikwadisitse baithuti ba ba fetang 6000 ba ngwaga ya ntlha mme karolo ya baithuti ba le 12000 ba YBB botlhe ba ba setseng ba ikwadisitse go fitlhela jaanong jaana. Palo e e beetsweng baithuti ba ngwaga ya ntlha ba YBB ka 2017 ke 8 894.

YBB nako yotlhe e buisana le NSFAS mme e ikemiseditse go tlhomamisa gore palo e kgolo ya baithuti jaaka go ka kgonagala ba ka thusiwa go ikwadisa.

Mmotlele o mošwa wa NSFAS o tlhometswe ka Ferikgong 2017, go lebagana le tlamego ya Tona ya Thutogodimo le Katiso go ntsha thuso ya madi mo baithuting ba ba tlhokang le ba ba timetseng mo gare. Ka 2017 NSFAS beetse thoko YBB  R270 871 000, go sa akaretswa le thuso ya baithuti ba ngwaga ya bofelo.

Dikopo tsotlhe di dirilwe mo inthaneteng go ya kwa NSFAS mme NSFAS e ne e na le boikarabelo jwa go tlhaola le go dumelela baithuti ba bašwa.

Go ya ka direpoto tse di tswang go amogelwa jaanong ka la 12 Ferikgong 2017 go tswa kwa NSFAS, palo ya 8 699 ya baithuti ba ba ikaeletseng go ithuta mo YBB ba kopile ka seeleketeroniki kampo ka go abela difomo tsa dipampiri. Se se akaretsa baithuti botlhe ba kgonego go nna ba ngwaga ya ntlha le baithuti ba kgale ba ba sa amogelang letlole la NSFAS ka 2016. Baithuti ba ba amogetseng Letlole la NSFAS ka 2016 ba ka amogela letlole ka 2017 fa e le gore ba fitlheletse maemokatlhodi a akatemi (fetile 50% ya dimmojulu) mme ba mo molaong wa ngwaga ya go ithuta wa N+2.

Palogotlhe ya  5 209 ya baithuti ngwaga ya ntlha ba ba emiwang nokeng ke NSFAS go ithuta mo YBB. Mo go bone go amogetswe ba le 3 044 mme go na le palo ya 2700 ya ba bagolo ba kgale ba ba dumeletsweng morago ga go kopa.

Go thusa bontsikgonego ya baithuti ba ba tlhokang ke setlapele le maikaelelo. Se se setse se bonwa ka 2016. Ka ntlha ya tlhagiso ya Letlole la First Time Entrant (FTE) ka 2016, palo gape ya 1 794 ya baithuti ba bašwa ba thusitswe ka 2016. Se se dirile gore go nne le baithuti ba bantsi go feta ba bagolo ba kgale mo thulaganyong ya letlole ka 2017. Mo nakong e e fetileng YBB e tlhaotse matlole ka 70/30 mme a 70% a nneng a fiwa baithuti ba kgale mme 30% a fiwa ba ngwaga ya ntlha. E rile NSFAS e tlhaola mme e dumelela ngwaga e ya 2017, ba dirisitse tlhaolo ya 80/20. Palo e kgolo ya baithuti ba FTE mo thulaganyong e gateletse YBB gore le yone e dirise tlhaolo ya 80/20, mme se se raya gore NSFAS e ntshitse madi a a fokotsegileng mo baithuting ba ngwaga ya ntlha ka 2017.

Mo teng ga lenane la baithuti ba ba setseng ba amogetswe ke 99 ya baithuti ba kgale ba bagolo ba ba seng ba amogele matlole a NSFAS mo dingwageng tsa pele. Mo go ba ba 99 re lemogile baithuti ba le 34 ba ba nnang le melato le dikoloto mme re kopile NSFAS go batla motswedi o mongwe wa go ka thusa baithuti ba. Re sa emetse karabo ya bofelo ya bone ka ga kgang e.

Re abetse diphetho tsa maduo tsa baithuti ba kgale kwa NSFAS mme re sa emetse lenane la bofelo la ba ba amogetsweng mo baithuting ba kgale.

Gape go na le tsela ya baithuti ba ba dirileng sentle ba ba sa amogelang matlole a NSFAS mme ba sa kgone go duela palotlase ya madi a a tlhokegang go ikwadisa.  Dikgetsi tsa bone di tsamaisiwa ka meriti ke dikomiti tsa ditšhelete tsa kwadiso mo khamphaseng e nngwe le e nngwe ya YBB di le tharo. Dikomiti di na le maikaelelo a go thusa baithuti go ikwadisa, fela ba tshwanetse go kgona go dira dithulaganyo tsa go duela madi a ikwadiso ka pele jaaka go kgonagala.

Re leboga baithuti le badirimmogo botlhe ba rona go nna bopelotelele le go thusa go tlhomamisa tiro ya go ikwadisa ka katlego. Re tla dula re le fetisetsa tshedimosetso e nngwe le e nngwe ka ditlhabololo go tswa kwa NSFAS.

Go bona tshedimosetso e ntšhwa go tswa kwa NSFAS, tobetsa fa.


Paakanyo ya tuelo mo baithuting ba ba ka mo gare ba ba tlhaelang

24 Ferikgong 2017

Tshedimosetso e nngwe


THUSO YA PAAKANYO YA TUELO YA LEFAPHA LA THUTOGODIMO LE KATISO - 2017

11 Ferikgong 2017

Ka go latela tlhaeletsano ya pele ya koketso ya dituelo tsa dithuto tsa 2017, tlhaeletsano e e sedifatsa tiro ya go kopa thuso ya paakanyo ya tuelo mo baithuting ba ba ka mo gare ba ba tlhaelang.

Mmuso o tla duela koketso ya dituelo go se fete koketso ya 8% mo baithuting botlhe ba ba kwadisitsweng ka lotseno la lelapa le le kopantshitsweng la korose go fitlhela R600 000 ka ngwaga ka 2017. Se ke thuso e e sa tlhokeng go busiwa le go duelwa ke baithuti ba ba dumelelwang. Thuso e ke ya go thusa ka madi a dithuto le bonno tse di leng tsa yunibesiti fela.

Ke bo mang ba ba ka dumelelwang?

  • Ke baagi ba SA fela le baagi ba ba nnang le tumelelo ya matlobonno mo SA ya leruri, ba ba ithutelang thuto ya pele kampo morago ga kalogo ka 2017.
  • Mokopi le balosika ba ba gaufi (mme, rre, mogatsa kampo motlhokomedi wa mo molaong) yo o nnang le lotseno le le kopaneng la balosika la korose la R600 000 kampo go ya kwa tlase ka ngwaga pele ga tloso ya lekgetho.

Ke mang yo o dumelelwang mme a sa tlhoke go kopa go amogela thuso?

Baithuti ba ba latelang ba ka se tlhoke go kopa thuso ka gore bone ba tla amogelwa ka go itirisa:

  • Bakopi ba ba kopileng matlole a NSFAS.
  • Baithuti botlhe ba ba tseneng dikolo tsa Quintile 1, 2 le 3 ka Gerata ya 12.

Ke mang ba ba sa letlelelweng go kopa thuso e?

Baithuti ba ba amogetseng dibasari le disekolašipi tse di duelang madi a dithuto le a bonno ga ba letlelelwe go kopa thuso ka gore dibasari le disekolašipi di tshwanetse go akaretsa tlhatloso yotlhe ya madi a dituelo.

Baithuti ba bangwe botlhe ba tla tshwanelwa gore ba kope thuso ya paakanyo ya dituelo.  

Motho o dira kopo jang?

  • Dikopo tsotlhe di tla tshwanelwa gore di abelwe mo foromong e e maleba ya kopo e e ka bonwang mo lefelong la wepe la YBB kwa (linki) kgotsa kwa diofising tsa kemonokeng ya madi mo dikhamphaseng tse di farologaneng. Dikopo di setse di buletswe mme letlha la go tswala ke ka 28 Tlhakole 2017 mo semesetareng ya ntlha le ka 30 Phatwe 2017 mo baithuting ba ba tshwanetseng go ikwadisetsa semesetara ya bobedi.
  • Dikopo di ka diriwa ka mokgwa wa seeleketeroniki kwa atereseng e e latelang ya eposo:

Khamphase ya Mahikeng: mcmissingmiddle@nwu.ac.za
Khamphase ya Potchefstroom: pcmissingmiddle@nwu.ac.za
Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa: vcmissingmiddle@nwu.ac.za

  • Thuso e tla bonwa mo tshupatlotlong ya moithuti morago gore moithuti a itsisiwe gore o dumeletswe go nna moamogedi wa thuso. Karabo ya kopo e tla itsisiwa mo teng ga kotara ya ntlha ya 2017.
    • Dikopo tsotlhe di tshwanetse go akaretsa dikhopi tse di netefaditsweng tsa di-ID tsa batsadi / mogatsa mme / le motlhokomedi wa mo molaong le gape tsa moithuti. Dikopo tse di sa felelang ga di kitla di akanyediwa.
    • Batsadi, bagatsa le batlhokomedi ba mo molaong ba tla kopiwa go dumelela gore ba tlhaloganya gore go tla kopiwa tshedimosetso ya sebele mme e tla fiwa batho ba bangwe ba ba tla thusang yunibesiti go netefatsa lotseno le gore mosaeno wa bone mo kopong e raya tumelelo ya ka pele.
    • Batho botlhe (mme / rre / mogatsa / motlhokomedi wa mo molaong / moithuti) ba tshwanetse go saena kopo.
    • Baithuti ba dikopo tsa bone di sa dumelelweng ba ka dira boikuelo mo teng ga malatsi a le 14 morago ga karabo ya tshwetso ka go tlatsa foromo ya boikuelo e e ka nnang teng mo lefelong la wepe la yunibesiti.

 

MELATO YA BAITHUTI

  • Tswelelopele ya diyunibesiti ya tsa ditšhelete e mo tekeletsong fa baithuti ba sa duele melato ya bone le dituelo tsa bone tse di leng kwa morago.
  • Jaaka mo nakong e e fetileng, baithuti botlhe ba tlhoka go duela madi a go ikwadisa le madi a a palotlase a a ntseng a tshwanetswe go duelwa ka nako ya kwadiso. Ke baithuti ba ba dumeletsweng fela ba NSFAS le ba ba duelelwang ke baemeladitshenyegelo ba bangwe ba ba dumeletsweng fela ba ba gololwang mo dituelong tse. Bopaki jwa ditokomane tse di tshwanetsweng bo tshwanetse go abelwa.
  • Baithuti ba maemo a a itumedisang mo akateming ba ba palelwang ke go duela madi a kwadiso le / kgotsa melato ba tshwanetse go ikopantsha le Ofisi ya tsa Ditšhelete gore go dumelelwe leano la go duela melato. Ka nako ya ditiro tsa kwadiso thuso e tla nna teng mo dikhamphaseng.
  • Diyunibesiti di kopilwe gore di tsamaise melato ya baithuti ka mekgwa e e isegeng e e bonagalang sentle le ka maikemisetso a tsamaiso le ditiro tse di siameng go tlhomamisa gore melato yotlhe ya baithuti e e leng kwa morago e kgone go duelwa mo nakong e e siameng e e amogelesegang.

 

Dipotso, ka kopo, di ka romelwa mo mafelong a a latelang:

KHAMPHASE YA MAFIKENG:
018 389 2330 / 2372


KHAMPHASE YA POTCHEFSTROOM:
018 299 2052 / 2046 / 2045


KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA:
016 910 3157


Madi a Dithuto le a go Ikwadisa a 2017

Ka kopano ya Khansele ya 17 Ngwanaitseele 2016, tekanyetso e e tshitshinngwang ya yunibesiti ya 2017 e dumetswe morago ga go lokolola le go buisana kemo ya yunibesiti ya tsa ditšhelete ka go tsenelela thata. Karolo ya tekanyetso ke tlhatloso ya 8% ya madi a dithuto le matlobonno e e dumeletsweng.

Motheo wa se go raya gore baithuti botlhe ba ba dumelwang go ka amogela NSFAS le ba ba "mo gare ba ba timelang" (ke baithuti ba malapa a bone a amogelang kwa godimo ga kopo ya NSFAS mme ba le kwa tlase ga lotseno la R600 000) ga ba ketla ba bona koketso ya madi ka 2017.

Koketso e e dumeletsweng e tlaa duelwa yunibesiti ke mmuso ka mokgwa wa kabelo (e bidiwa "gap funding"),mme e tla bonwa e tlhagelela mo ditshupatlotlong tsa baithuti ba e le keretiti. Baithuti ba ba nnang le dibasari tse di tletseng le baithuti ba lotseno la malapa lo lo fetang R600 000 ga ba ketla ba dumelwa go ka amogela matlole a a go tlatsa phatlha.

Jaaka mo nako e e fetileng, baithuti botlhe ba tlhoka go duela madi a go ikwadisa le madi a a palotlase a a ntseng a tshwanetswe go duelwa ka nako ya kwadiso. Ke fela baithuti ba ba dumeletsweng ba NSFAS le ba ba nnang le baemeladitshenyegelo ba ba dumetsweng ba tlaa rebolwa mo dituelong tse, mme ba tshwanetse go bontsha bopaki jwa ditokomane tse di tlhokegang ka nako ya kwadiso.

 

1.    Thuso ka nako ya tirego ya kwadiso:

 

1.1 Baithuti ka dibasari (ba bangwe ba e seng ba ba dumeletsweng ke NSFAS)

Baithuti ba ba abetsweng dibasari (ba bangwe ba e seng ba ba dumeletsweng ke NSFAS ka tirego ya go kopa kwadiso ya botlhe) ba tshwanetse go go abela ditokomane tsa bopaki tsa basari e e rileng ka nako ya kwadiso. Mo go nnang le madi a a leng kwa morago a ngwaga ya pele, baithuti ba tlaa letlelelwa go ikwadisa fa e le gore baabedi ba dibasari ba dumeletse ka go kwala gore ba tlaa duela madi a a santseng a le kwa morago le one.

 

1.2 Baithuti ka dikadimo tsa dibanka le ba Eduloan (Fundi)

Ditokomane tsa bopaki tsa dikadimo di tshwanetswe go abelwa ka nako ya kwadiso. Mo go nnang le tuelo ya tshalelo e e tshwanetseng go duelwa ya ngwaga ya pele, moithuti a ka letlelelwa go ikwadisa fa e le gore kadimo e dumelela go duela le palo ya madi e e sa leng kwa morago le yone.


1.3 Dikgetsi go ya ka baithuti ka nosi

Jaaka mo dinakong tsa pele go ka na le dithulaganyo tsa semmuso, jaaka komiti ya kwadiso (e mo go yone go nnang le baemedi ba CSRC) mo go e nngwe le e nngwe ya dikhamphase tsa YBB, ba ba tlaa swetsang ka dikgetsi tse tsa baithuti ka nosi. Kgetsi e nngwe le e nngwe e tla lebelelwa ka mabaka go tsamaisana le go nna teng ga matlole. Ke baithuti fela ba ba sa kgonang go ikwadisa ka mabaka a mangwe kampo a mangwe a tsa ditšhelete ba ba tlaa supiwang kwa dithulaganyong tse. Maikaelelo ke go fa palo e ntsi ya baithuti ba ba itekang ka maatla, le ba ba tlhokang, tšhono ya go ka ikwadisa ka 2017.

Tlhatlhobo ya dikgetsi tse tsa baithuti ka nosi e tlaa diriwa le ka mokgwa wa go lebelela tswelelopele ya moithuti ka akatemi le gape fa go lebelelwa gore go santse go tlhokega fela palo e nnye ya dimmojulu tse di tlhokegang go ka kgona go fetsa dithuto kgotsa borutegi.

Fa e le gore moithuti o dumelelwa go amogela basari ya meriti ya palo e e rileng ya madi a a ka duelang e ka nna tuelo ya ntlha, o tlaa letlelelwa gore a ikwadise.

Karolotuelo ya "Realpay" ya go ka duela e ka nna teng gape mme e le mokgwa o mongwe wa go duela madi ka go saena taelo ya tebiti ya nako e e beiwang ya go duela mo teng ga nako. Madi a go ikwadisa, le fa go le jalo, a santse a tshwanetse go duelwa. Ela tlhoko gore Mabaka le Maemo a santse a le maleba.

 

2.         Melato e e leng kwa morago.

YBB e kopa thata ka tlhoafalo mo batsading le mo baithuting go dira dithulaganyo go ka duela madi otlhe a a leng kwa morago. Se ke se se ka tlhomamisang gore baithuti ba kgone go tswelela ka dithuto tsa bone mme ba kgone le go amogela didikerii tsa bone fa ba fetsa dithuto tsa bone.

Go ka se kgonagale gore baithuti botlhe ba kgone go ikwadisa le fa go lebeletswe mabaka otlhe jaaka metswedi le ditirego tsotlhe tse di fa godimo. Baithuti ba bangwe - le fa go tseilwe matsapa otlhe go rarabolola mathata a bone - mme ba feta mo ditiregong tsotlhe kwa ntle ga go bona tharabololo, gongwe ba santse ba ka se kgone go ikwadisa.

 

3.         Baithuti ba “Missing middle”

baithuti ba malapa a bone a amogelang tuelo e e kwa godimo ga kopo ya NSFAS mme ba amogela palo e e kwa tlase ga R600 000 ka ngwaga, ba tlaa tlhoka go dira dikopo tsa matlole a go tlatsa phatlha ("gap funding"), go kgona go duela fela koketso ya madi a dithuto) ka go latela tsela ya kopo ya semmuso mo YBB.

Tsamaiso ya tirego e ya go kopa ya baithuti ba ba mo gare e tla tlhaeletsanwa mo malatsing a a tlang ka tlhaeletsano e nngwe. Mo nakong e e sa leng teng go fitlhela nako ya kopo, ditokomane tse di latelang di tshwanetse go tlisiwa e le bopaki jwa gore lotseno la kwa lapeng ke bokae ka nako ya kopo. Go batliwa tshupo ya lotseno la batsadi/batlhokomedi, dikhopi tse di netefaditsweng tsa di-ID tsa bone, foromo ya tumelelo ya gore yunibesiti e ka dira katlholo ya melato, fa go ka tlhokega.

 

4.         Baithuti ba boditšhabatšhaba

Baithuti ba boditšhabatšhaba, go akaretsa le ba SADC, ba ka se letlelelwe go amogela dikabelo tsa thuso ya tuelo ya koketso.

Re tlhaloganya ditshwenyego tsa baithuti ba rona ka madi a dithuto a a sa kgonweng go duelwa mme YBB jaaka ditheo tse dingwe tsa thutogodimo, re tshwanetse go dula re na le bokgoni jwa go tswelela ka tsa ditšhelete le go ka tswelela ka tiro ya rona ya kgwebo le go tswelela go na thoto ya setšhaba. Tiro e kgolo ya rona ke go tswelela go fana ka patlisiso e e bulang ditsela le go fana ka thuto ya boleng - re ntse re tswelela le go aga maphelo a baithuti ba rona - go ka kgona go ruta le go abela lefatshe la rona ka baithuti ba ba rutegileng le ba ba kgonang se se batliwang mo baruteging.

YBB e dumelela mme e amogela matsapa a a tseilweng ke mmuso go thusa ka koketso ya madi mo go ba ba tlhokang le mo go ba ba mo gare ka 2017 mme YBB e ema nokeng matsapa a go thusa gore thutogodimo e kgone go ka fitlhelwa mme e duelwe ke botlhe mo dinakong tse di tlang.

Gape mo thoko ga tse tsotlhe, taololbolaodi e dula e ikemiseditse go thusa baithuti mme e rata go tlhotlheletsa baithuti le batsadi ba bone go bua le go itlisa mo go bone go tlhomamisa gore go lebeletswe ditsela tsotlhe gore ba ikwadise mme ba tswelele ka dithuto tsa bone mme ba fetse.

Baeteledipele ba yunibesiti ba lakaletsa batsayakarolo botlhe masego ka nako ya boikhutso le ka mekete le ka ngwaga o mošwa wa 2017.