Test-TSW

Kamogelo mo NWU

NWU e ikaeletse go dira e le seoposengwe, e le yunibesiti ya dikhamphase tse di kopaneng e e tla tlisang tekatekano, go baakanya diphoso tsa nako e e fetileng le go gaisana le ditheo tse dingwe mo lefatsheng lotlhe ka go ruta le go dira patlisiso mo dikhamphaseng tsotlhe. Ditiro tsa rona tsa konokono, go ruta le go ithuta le go dira patlisiso, di dirwa mmogo le tiro ya go nna le seabe mo baaging le tlhamosešwa mo magorong a rona a a robedi, a bontsi jwa one e leng a baithuti ba ba ithutang ba le kgakala le setheo sa thuto kgotsa ba ba ithutelang mo setheong sa thuto. Read more

Covid-19

covid

 

 

Baithuti

Mo NWU maitemogelo a gago a go nna moithuti a botlhokwa. Mo ga rona, boitekanelo jwa mmele le mowa wa gago bo botlhokwa mo go rona jaaka bo le botlhokwa mo go wena. Re dumela mo baeteledipeleng ba ba bopelokgale ba ba etelelang pele ka sekao. Re batla go go tlamelela bokamoso jwa gago jo o bo tlhophang mme re bona botlhokwa jwa tirisano le go tsaya ga karolo. Re ineetse go go fa kemonokeng ya sethekeniki e o ka e tlhokang go dira ditiro tsa mo akateming mme re ineetse gape le go nonotsha tikologo ya gago ya go ithuta. Mo NWU wena o botlhokwa.

Dikhoso tse di Khutshwane

Maeto a rona ga a nke a fela, go fela ditselana tse re di tsayang. Mo NWU re dumela gore ke boitseanape jo bo re rotloetsang go ya pele, ke bokgoni jwa rona jo bo re tlhogonolofatsang mme ke bokgoni jwa rona bo dirang gore re gole. Ka go tswelela go ineela go itokafatsa, re ka se tokafatse fela maphelo a ba re phelang le bone mme re tokafatsa setšhaba sotlhe. 

Digoke tsa ka pele

Media ya Loago

eFundi

shop

Donate