NWU, Mokgwa wa go Laola Dilo

Mokgwa wa go Laola Dilo

Yunibesiti ya Aforika Borwa e e laolwang sentle go gaisa tsotlhe.

Dingwaga di le tlhano ka go latelana, YBB e ntse e lejwa e le yunibesiti ya aforika borwa e e laolwang sentle go gaisa tsotlhe. Ka 2007, Yunibesiti eno e ile ya ikgapela mmogo le nngwe, Awate ya Botsamaisi Jwa Kgwebo ya Thuto ya Maemo a a Kwa Godimo ya PricewaterhouseCoopers. Go tokafatsa rekoto eo, YBB e ile ya bidiwa mofenyi wa botlhe wa 2008. Kakgolo eno e rurifatsa ka fa YBB e atlegang ka gone fa e laola dilo le go etelelapele, e leng selo se se bakwang ke go dirisana sentle ga Lekgotla la YBB le setlhopha se se laolang le sa botsamaisi jaaka lefapha la khuduthamaga.

Lekgotla la YBB – le laola dilo ka tsela e e tswelang  botlhe molemo mo YBB

Lekgotla la YBB le tlhoma mekgele, mokgwa wa go dirwa ga dilo e bile le laola le go amogela semmuso dithulaganyo tsotlhe, dibajete, dipholisi le melao. Lekgola leno le na le maloko a le 30, a 18 ya one e leng baemedi ba bana-le-seabe ba ba kwa ntle mme ba le 12 ba bone e leng baemedi ba mafapha a a leng mo teng ga lone.