Lefelo la go phaka dikoloi kwa Yunibesiting ke la mahala mme go na le a mangwe a go phaka a a beetsweng fela baithuti le baeng. Go na le lefelo la go phaka dikoloi, dithuthutu le dibaesekele mme a tshwailwe sentle. Go bona mafelo a go phaka mo khamphaseng nngwe le nngwe, tsweetswee leba dimmepe tsa khamphase ya Mahikeng, ya Potchefstroom le ya Khutlotharo ya Lekwa.
Tsweetswee ela tlhoko gore YBB e rotloetsa baithuti ba ba nnang mo khamphaseng go se dirise dikoloi tsa bone fa ba ya diphaposing tsa go ithuta. Baithuti le baeng le bone ba kopiwa ka bopelonomi gore ba se ka ba phaka fa go phakang badiri ba YBB gone.
Fa o phaka kgotsa o kgweetsa mo YBB, tsweetswee gakologelwa go:
• ela tlhoko tekanyetsolobelo lwa go kgweetsa le disaene tsa pharakano.
• Phaka fela mo mafelong a a tshwailweng - e seng mo go sa phakweng gone, ditsela tsa ditirelo, fa go kgweediwang gone, fa botsenong jwa dikago kgotsa mo mafelong a a nang le tlhaga.
• Tlhagisa karataboitshupo ya gago fa o na le yone
Yunibesiti e na le tshwanelo ya go duedisa motho ope yo o tlolang dikaelo tseno tuediso-kotlhao.
Fa o etela Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa, gakologelwa gore e mo lefelong le le itsegeng thata le le nang le diphologolo tsa naga: kgweetsa ka iketlo mme o sireletsa diphologolo tsa rona tse ditlhaga.
Go tla ka diphologotswana tsa kwa gae ga go a letlelelwa.