NWU, Ditirelo tsa Kemonokeng

Ka Rona

Go dira gore dithulaganyo tsa botshelo jwa baithuti, jwa badiri le jwa baeng e nne tse di senang matsapa ape, go na le mafapha a ditirelo tsa kemonokeng a a nang le moya o montle wa tirisanommogo ao a tshwereng phage ka mangana mo sephiring.

Mafapha mangwe a ditirelo tsa kemonokeng a theilwe kwa Setheong sa Ofisi kwa Potchefstroom e re ka e le a a dirisiwang ke batho botlhe ba ba leng mo yunibesiting. Dikai tsa one ke Tikatikwe ya Mekgele ya Tiro, Lefapha la Tsa Badiri le Merero ya Dipuo.

E re ka re batla go bona baithuti ba rona ba atlega, dingwe tsa ditirelo tse dingwe tse re ba emang nokeng ka tsone ke tsa go tlhomamisa gore ba newa kemonokeng ka tsa thuto, dilaeborari, dikhomphiuta, thuso ka dibasari, ditirelo tsa boitekanelo le botsogo jo bo siameng. Go dira gore ditirelo tseno di tlisiwe gaufi le baithuti ka moo go ka kgonegang ka gone, mafapha a a ba tlamelang ka tsone gantsi ke a a leng mo diKhamphaseng.