NWU, Batsadi

Tsela e ntha ya go ithuta

Malebana le maduo a phalolo a baithuti, YBB e itiretse leina le lentle tota. Ka 2008, maduo a go falola ditlhatlhobo a baithuti ba rona ba ngwaga wa ntlha a ne a le fela ka fa godimo ga 81%, e leng one fela a setlhowa se re se fitlheletseng go tla go fitlha ga jaanong. Mo go one ngwaga oo, re ile ra nna le palo e e di gaisang tsotlhe ya di dikirii le di dipoloma di le 12 337. Mangwe a mabaka a go bo tiro e dirilwe bontle jaana ke a gore re na le mokgwa wa maemo a a kwa godimo wa go ithuta le go ruta, badiri ba rona ba ba tshwanelegang sentle mo go tsa thuto le thulaganyo e re nang le yone ya go ema baithuti ba rona nokeng, jaaka ya Dithuto tsa Tlaleletso.

Thuto ya tlaleletso ke tsamaiso ya go ema baithuti nokeng e e dirisiwang mo diyunibesiting lefatshe ka bophara. E akaretsa go katisa baithuti ba ba dirang sentle mo dithutong dingwe gore e nne batlhatlheledi ba ditlhopha tse dinnye gore ba thuse baithuti ba bangwe go kgona dithuto tseo. Thuto ya tlaleletso e dirisiwa ka katlego mo dikhampaseng tsotlhe tsa rona tse tharo mme e ile ya nna ya tokafatsa sentle ka iketlo maduo a phalolo ya ditlhatlhobo a baithuti ba ba simolotseng dithuto tsa yunibesiti fa e sa le ka 2004.

Tsela e nngwe gape ya go ema baithuti nokeng ke go thusa baithuti ba ngwaga wa ntlha mo yunibesiting go tlwaologa tikologo ya sekolo le go tlwaela tikologo ya yunibesiti.