NWU, Go leba YBB

Go leba YBB

Kwa re leng gone
- Re teng mo diporofenseng tse pedi

YBB ke setheo sa dikhamphase tse di farologaneng e e leng mo diporofenseng tse pedi. Khamphase ya Mahikeng le ya Potchefstroom di kwa Porofenseng ya Bokone-Bophirima mme Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa e kwa Gauteng. Katoro-Kgolo, e e bidiwang Ofisi ya Setheo e kwa Potchefstroom gaufi thata le Khampase ya Potchefstroom.

Re bo mang
- Yunibesiti e e rotloetsang mokgwa o moswa wa go dira dilo ka dipharologano

Moano wa YBB ke “Mokgwa o moswa wa go dira dilo ka dipharologano“ mme o tlhalosa Yunibesiti sentle fela thata. YBB e nnile gone ka 1 January 2004 ka go kopanya diyunibesiti tse pedi tse di nang le hisitori e e farologaneng fela thata, batho ba botho jo bo sa tshwaneng le ditso: Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete le Yunibesiti ya Bokone-Bophirima. Go ne ga tsenngwa le badiri le baithuti ba Khampase ya Yunibesiti ya Vista ya kwa Sebokeng, mme seno sa oketsa boswa jo re neng le jone.

Gompieno, YBB e itsiwe e le nngwe ya diyunibesiti tse di laolwang sentle go di gaisa mo Aforika Borwa. Jaaka fa moano wa rona o bontsha, o o reng Mokgwa o moswa wa go dira dilo ka dipharologano, re tswelela pele re ipelela le go rotloetsa ditso tse di farologaneng, tiriso ya dipuo tse di farologaneng le batho ba ditshaba tse di farologaneng.

Tlhaloso ya Setlamo ka Bokhutshwane
Lefoko le le lengwe le le tlhalosa moya o Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e nang le one ke “mokgwa o moswa”. Mokgwa ono o bonala mo ditirong tsotlhe tsa rona, go simolola ka patlisiso e re e dirang mo dithutong tse re di rutang, mokgwa wa botsamaisi, thulaganyo ya khamphase, setlhopha sa baithuti, go nna le seabe ga baagi le diphitlhelelelo mo metshamekong.

Kgatiso e e bidiwang “Tlhalosokhutshwane ya Setlamo” e bontsha mokgwa o moswa wa go dira dilo le botsamaisi jwa maemo a a kwa godimo mo YBB.


Leinakgwebo la YBB
- Le farologana le a mangwe, le dirilwe ka mokgwa o moswa e bile le itsiwe mo lefatsheng lotlhe

YBB  e na le leinakgwebo le le nonofileng le le bontshang lefatshe lotlhe botho le mekgele ya rona. Bokao jwa leinakgwebo leno ke gore re yunibesiti e e di gogang kwa pele mo go ruteng le mo go ithuteng le mo go direng patlisiso e e rotloetsang dipharologano le go latelela mokgwa o moswa wa go dira dilo go tswela Aforika Borwa le lefatshe lotlhe molemo.

Leinakgwebo leno le na le dikarolo di le tharo tsa konokono: Letshwaina le YBB, leina le moano:

Letshwaina la rona: Dikeetane tse tharo tse di gokaganang di tshwantshetsa kutlwano ya Yunibesiti e bile tebego ya lone e tlhalosa boikemisetso le tirisanommogo mo teng ga yone. Mebala e meraro e tshwantshetsa dipharologano tsa dikhamphase tse tharo le go ruta dithuto tse di farologaneng mo setheong gore re tlatseletse mo go tokafatseng boemo jwa batho le kamano fa gare ga batho.

Leina la rona: mafoko-tshwao a a reng Yunibesiti ya Bokone-Bophirima a tlhaola dithuto tsotlhe tsa go ruta, go ithuta le patlisiso kgotsa mainakgwebo-potlana.

Moano wa rona:  Ditalente tse di tlhomologileng, bokgoni le boleng jwa batho ba ba farolganeng bo dira gore re nne le dikgopolo tse dintshwa tsa mokgwa o moswa wa go dira dilo mme kgopolo eno e bonala mo maonong wa YBB, e leng Mokgwa o moswa wa go dira dilo ka dipharologano.


Go tlhopha dithuto
- Go godisa dikgono le kitso tse di bakang kgolo

YBB e na le dithuto tse di farologanang fela thata tse baithuti ba pele ga lekwalo la boalogane le ba morago ga lekwalo la boalogane ba ka tlhophang mo go tsone. Dithuto tse re nang le tsone ke tsa borutegi, tsa temothuo le diate go fitlha ka tsa kgwebo, boenjenere, thuto, boitekanelo, molao, disaense tsa tlhago le thutabomodimo.

Le mororo YBB e naya baithuti bontsi jono jwa tsone gore ba tlhophe, e rotloetsa fela thata gore ba ikwadisetse go ithuta boenjenere, kgwebo le disaense tsa tlhago.  Go na le ditiro tse go tlhaelang bokgoni fela thata mo go tsone mo Aforika Borwa.

Mananeo a Thuto
Khamphase nngwe le nngwe e na le fa e nang le bokgoni gone.

Mo dithutong, khamphase nngwe le nngwe ya YBB e na le sengwe se se kgethegileng se e se rutang. Ka sekai, ga go na khamphase e e gaisang Khamphase ya Mahikeng mo tseleng ya yone ya go dirirsa le boitekanelo jwa diphologolo le disaense tsa temothuo, mme Khamphase ya Potchefstroom yone e dira sentle tota mo go tsa boejenere jwa nyutlelia fa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa yone e itsege ka disaense tsa ikonomi le thekenoloji ya tshedimosetso.

Mo Khamphaseng  e nngwe le nngwe, YBB e na le magoro a a latelang a thuto:

Khamphase ya Mahikeng:
- Temothuo, Saense le Thekenoloji
- Kgwebo le Botsamaisi
- Tsa dithuto
- Disaense tsa Batho le tsa Loago
- Tsa molao

Khamphase ya Potchefstroom:
- Diate
- Disaense Tsa Ikonomi le Botsamaisi
- Disaense tsa Thuto
- Boenjeneri
- Disaense Tsa Boitekanelo
- Molao
- Disaense tsa Tlhago
- Thutabomodimo

Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa
- Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso
- Dirutwa Tsa Mekgwa ya Batho

Patlisiso
- Go tlamela ka ditharabololo tsa mekgwa e e farologaneng ya go dira dilo ka patlisiso ya boleng jo bo kwa godimo, e e maleba, le e e tlhaloganyesegang sentle.

YBB e na le maikemisetso a a tlhaloganyesegang sentle le mokgwa o moswa wa go dira dilo. Seno ke gore dira gore e se ka ya nna fela yunibesiti ya thuto e e dirang dipatlisiso mme e nne yunibesiti ya patlisiso e e nang le matswela a a molemo, ya go ruta le go ithuta. Jaaka fa dipalopalo tse di latelang di bontsha, YBB e dira kgatelopele ka bonako go ya go fitlhelela maikemisetso a yone:
• Ga jaanong jaana, YBB e balelelwa fa gare ga diyunibesiti di le supa tse di kwa setlhoweng mo Aforika Borwa tsa patlisiso le fa gare ga tse pedi tse di kwa setlhoweng tsa mokgwa o moswa wa go dira dilo.
• Ka 2008, mo gare ga diyunibesiti tsotlhe tsa Aforika Borwa, YBB e ne ya dira madi a le mantsi mo gotsa Thekenoloji le mo Mananeong a Mafapha a Tsa Badiri (THRIP), mme e ne e dirisana mmogo le tsa dikgwebo mo mokgweng o moswa wa go dira dilo le go dira patlisiso e e maleba.
• YBB e na le babatlisisi ba le 103 ba ba nang le maduo a a simololang ka a Mokgatlho wa Bosetshaba wa Patlisiso (NRF). Seno se raya gore go feta 10% ya badiri ba rona ba mo yunibesiting ka babatlisisi ba ba neilweng a maduo go ya ka a NRF Maduo a kalogo ya bongaka kwa YBB ke a bone a a molemo go a gaisa otlhe mo Aforika Borwa mme maduo a kalogo ya Masetase one ke a boraro.
• Babatlisisi ba Yunibesiti ba ikgapetse diawate di le mmalwa tsa bosetshaba le tsa boditshabatshaba mo tirong ya bone. Mo sekaing se le sengwe fela, setlhopha sa babatlisisi ba YBB e ne e le karolo ya setlhopha sa boditshabatshaba se se neng sa kgapela Moputso wa 2006 wa European Union Descartes Science.

Mmotlolo wa Ditlamo Tsa Patlisiso
Go akofisa go tokafadiwa ga dipholo tsa patlisiso

Go akofisa tiro ya go nna yunibesiti ya patlisiso e e nang le matswela a a molemo, ya go ruta le go ithuta, YBB e tsentse Mmotlolo o moswa wa Ditlamo Tsa Patlisiso.  Mmotlolo ono o diretswe go godisa dipholo tsa patlisiso, boleng jo bo kwa godimo jwa go dira tiro ka go rotloetsa go dirwa ga ditlhopha tse di oketsegileng tse di simololang go dira patlisiso le go baakanyetsa go gola ga ditlhopha tseno tsa patlisiso.

Go na le maemo a le mane a ditlamo tsa patlisiso, go simolola ka setlamo sa “magorogo-maswa”, dilo tse di kgethegileng tse go dirwang patlisiso ka tsone, lefapha mme kwa bofelong tikatikwe ya boleng jo bo kwa godimo.
Ga jaanong jaana YBB e na le dilo di le supa tse di kgethegileng tse go dirwang patlisiso ka tsone:
• Baagi le Boitekanelo
• Diate Tsa Mmino mo Aforika Borwa: Ditsompelo le Tshedimosetso
• Tiriso ya Melemo ya Kalafi mo Aforika Borwa.
• Ditlamorago tsa bojanala mo loagong le mo ikonoming
• Hypertension in Africa Research Team (HART)
• Tiro ya go Itshidila Mmele, Motshameko le Boitapoloso
• Thekenoloji ya Thuto ya Tsela e e Nang le Matswela ya Go Ruta, Go Ithuta le go Tlhofofatsa Dilo

Mo godimo ga moo, go na le dilo di le tharo tse go dirwang patlisiso ka tsone:
• Tlhabololo ya Loago e e Kgonang go Itsetsepela
• Go Aroganya Ditsompelo Tsa Khemikale
• Mekgatlho ya Go Ruta le go Ithuta

Go na le mafapha a le 11 a patlisiso kwa YBB:
• Lefapha la Mmetshe wa Kgwebo le Ditharabololo Tsa Kgwebo
• Lefapha la Tlhabololo ya Boemo Jwa Molaotheo wa Aforika Borwa
• Lefapha la Patlisiso ka Diokobatsi le go di Dira
• Lefapha la Disaense Tsa Tikologole Botsamaisi
• Lefapha la Dipuo le Puisokwalo mo Aforika Borwa
• African Unit for Transdisciplinary Health Research (AUTHeR)
• Lefapha la ditsamaiso Tsa Eneji
• Lefapha la Thutabomodimo e e Tlhabolotsweng le Tlhabololo ya Mokgatlho wa Aforika Borwa
• Lefapha la Fisikisi ya Sebaka
• Workwell: Lefapha la Patlisiso la Batho, Pholisi le Go Nna le Seabe
• Thinkwell Boleng jwa ikonomi jwa patlisiso ya botsogo jo bo siameng

YBB e na le tikatikwe e le nngwe e e di gogang kwa pele:
• Tikatikwe e e di Gogang Kwa Pele ka Dikotla (CEN)