NWU, Dikgolagano ts ybb

Fotim
HESA
ACU
CHE
HEQC
AAU
 

Fotim (Mokgatlho wa Ditheo Tsa Theiari tsa Dikgaolo Tse di Ka fa Bokone)

Mokgatlho wa Ditheo Tsa Theiari tsa Dikgaolo Tse di Ka fa Bokone
Fotim eno e e tlhomilweng ka 1995, ke tlhotlheletso e e molemo ya gore go nne le tirisanommogo fa gare ga diyunibesiti di le robonngwe mo dikarolong tsa bokone jwa Aforika Borwa.

Seabe se YBB e nang le sone
Fa dingwaga di ntse di kgabaganya, baemedi ba le mmalwa ba YBB ba ile ba tlhomiwa go nna maloko a Komiti-Khuduthamaga.  Boeng jaana, ka 2008 le ka 2009, Porofesa Thembi Mosia, Mokwadisi mo Setheong wa YBB, o ne a le mo maemong a Motshwarwa-Matlotlo.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba Setsha sa inthanete sa Fotim
 

HESA

Mokgatlho wa Thuto e e Kwa Godimo mo Aforika Borwa
Diyunibesiti tsotlhe di le 23 tsa Aforika Borwa tsa puso ke tsa Hesa, e e tlamelang ka thono ya gore go rarabololwe mathata mangwe a a masisi ka kutlwano a a amang thuto e e kwa godimo.
 

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba Setsha sa inthanete sa Hesa.
 

ACU

Mokgatlho wa Diyunibesiti Tsa Kgwereanodithaba
ACU e maloko a yone e leng ditheo di ka nna 500 mo dinageng tsa kgwereanodithaba, e tsweledisetsa pele tirisanommogo ya bodithabathaba le kutlwano mo ditheong tsa thuto e e kwa godimo.

Go nna le seabe ga YBB: 
Motlatsa-Mothanselara wa YBB,  e leng Ngaka Theuns Eloff, ke Modulasetulo wa ga jaanong wa ACU. O ne a tlhomiwa kwantle ga dikganetsano dipe ka Phukwi 2009 morago ga go fetsa dingwaga di le pedi tse di fetileng e le Motlatsa-Mothanselara wa ACU. Ngaka Eloff o tla nna Modulasetulo go fitlha ka Phukwi 2011.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba Setsha sa inthanete sa ACU.
 

CHE

Lekgotla la Tsa Thuto e e Kwa Godimo
CHE ke setlamo se se ikemetseng ka nosi sa semolao se se nayang Tona ya Thuto dikgakololo ka tsa pholisi ya thuto e e kwa godimo e bile le na le maikarabelo a go bona gore thuto e dirwa ka tsela e e nang le boleng le go amogelwa semmuso ga lenaneo la thuto mo setheong.

Go nna le seabe ga YBB:
YBB e dira le CHE mo go amogelweng semmuso ga mananeo a yone a thuto e bile e ela tlhoko gore tiro ya yone ke ya boleng jo bo batlwang ke yone.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng leba Setsha sa inthanete sa CHE.
 

HEQC

Komiti ya Boleng Jwa Thuto e e Kwa Godimo
HEQC ke komiti ya leruri ya Lekgotla la tsa Thuto e e Kwa Godimo. E rotloetsa gore thuto e e kwa godimo mo Aforika Borwa e nne ya boleng jo bo kwa godimo e bile e amogela semmuso mananeo otlhe a thuto e e kwa godimo.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng leba  Setsha sa inthanete sa HEQC.
 

AAU

Mokgatlho wa Diyunbesiti Tsa Aforika
AAU ke kokoano ya batho go tswa mo kontinenteng yotlhe e e leng ka ga thuto e e kwa godimo mo Aforika, mme maloko a yone ke ditheo di le 215 go tswa kwa dinageng di le 44 tsa Aforika.

Go nna le seabe ga YBB:
Yunibesiti ya rona ke nngwe ya diyunibesiti tsa puso di le 17 tsa Aforika Borwa tse e leng maloko a AAU, e mokgele wa yone e leng go ema nokeng diyunibesiti tsa Aforika mo ditirong tsa tsone tsa go ruta le go ithuta, go dira patlisiso le tirelo sethaba.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng leba Setsha sa inthanete sa AAU.