ES-Ka ga rona

(Ka ga rona)

 

Ditirelo tsa Motlakase le tsa Eleketeroniki

Go amogelwa ga Tlhogo ya Lefapha

 

O a Amogelwa mo Lefapheng la Ditirelo tsa Motlakase le tsa Eleketeroniki. Leina la me ke Daniel Stoop

EES e tlamela mo e ka nnang motho mongwe le mongwe ka ditirelo ka go dirisa mafelo a YBB a Potchefstroom kwantle ga gore ope a lemoge.

Ditirelo tsa rona di tsamaya le wena – moithuti, modiri kgotsa moeng – go simolola ka nako e o tsenang ka yone ka dikgoro tsa rona tsa botlhe. Ditirelo tsa rona di a tswelela fa o tsena mo kagong ya gago ya bonno o dirisa karata ya gago ya go tsena, fa o ntse mo holong ya botlhatlhelelo o reeditse puo ya botlhatlheledi ka tlhamalalo, ka inthanete kgotsa fa e gatisitswe ka segatisa-mantswe, fa o dira tiro ya gago mo laboratoring, fa o nna mo kagong ya bonno kgotsa fa o dirisa nngwe ya dikhafeteria tsa rona kgotsa diholo tsa bojelo, fa o reeditse PukFm kgotsa fa o nyerolosa le go kopanya dimmetale tsa botonyana e e tsamaisang motlakase e e gabilweng ditlhaka, e e tlhamilweng ke rona.

Tshireletsego ya gago e okediwa ke di CCTV, dibatlelara tsa dialamo le dialamo tsa molelo tse re dirang le go di baakanya. Tota le fa o bega gore go na le lebone le le sa tshubeng, o dirisa ditirelo tsa rona tsa tlhokomelo ya motlakase. Gape re duela tshupasekoloto ya kgwedi le kgwedi ya motlakase ya dikago tsa YBB tse di mo Potchefstroom.

Fa e sa le ka 2014 re na le Lefelo la go bona thuso ka mogala la go dira dipaakanyo tsa maemo a tshoganyetso mo dikagong tsa akatemi.

Re hirisa didirisiwa tsa motlakase le tsa eleketeroniki fa di tlhokwa ka lobaka lo lo khutshwane.

EES dira tiro e go dirwang ka natla mo go yone e go tlhagang thekenoloji e ntšha mo go yone letsatsi le letsatsi le go nyelela ga yone ka bonako-nako ka dinako tse dingwe!  Mo lefatsheng le dilo di fetogang ka bofefo jalo mo go lone, go botlhokwa thata go tlhomamisa gore re na le mokgwa wa go dira o o tlhomameng o o tla kgonang go tlamela ka tirelo dingwaga di le dintsi, gantsi ka lobaka lo lo fetang dingwaga di le lesome. EES e feditse dingwaga di le dintsi e dira tiro eno ka katlego.

Re motlotlo go bo re kgona go dira tiro ya go baakanya dilo e re e rulagantseng le e re e dirang ka go tsibogela kopo le go dira diporojeke tse di simololang e le dikgopolo fela go fitlha di nna tiro e e dirilweng ka botlalo le go tlhokomelwa – botshelo jotlhe jwa rona.

Re setlhopha se se dirang ka natla se se ikemiseditseng go thusa batho ba ba re dikologileng ka dilo tsa motlakase le tsa eleketeroniki gore re solegele Yunibesiti molemo.  

Ikutlwe o gololesegile go ka ikgolaganya le rona mo nomoreng ya  018 299 4111 ka se o se tlhokang.