Akhaefe ya Dikitsiso 2019

Dikitsiso 2019

Thurifatso ya go nna teng ga tshoromo ya boboko ya megare mo Khamphaseng ya NWU

22 Diphalane 2019


Ka Mosupologo wa la 21 Diphalane 2019 moithuti wa ngwaga ya bone mo Khamphaseng ya Potchefstroom mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima o ile a isiwa sepetleleng sa mo gae mme ga tlhomamisiwa phakela ka la 22 Diphalane 2019, Labobedi, gore o tshwerwe ke bolwetse jwa tshoromo ya boboko ya megare.  

Moithuti ga a mo matlobonnong mme ditshupo ke gore ke tiragalo e e tlhaolegileng. 

Sepetlele le yunibesiti jaanong jaana e latela mme e tlhaeletsana le botlhe ba ba gaufi ba ba amaneng le moithuti. Fa e le gore wena o na le pelaelo, etela Senthara ya Tlhokomelo ya Pholo kwa Kagong ya E16 go amogela molemo ya thibelo mahala. Meento ya Tshoromo ya boboko e sa le teng ka tlhotlhwa kwa Kagong ya E16. 

“Ke ka rata go rotloetsa baithuti botlhe le badiri go se tshwenyege mme le dule le lebile ditlhatlhobo tse di mo tseleng. Yunibesiti e tsaya matsapa go dira ka maatla go tsaya dikgato tsa go sireletsa le go thibela le go laola seemo. Re tla tswelela go fa baithuti le badiri botlhe tshedimosetso jaaka e nna teng", ga bua Mop Daryl Balia, Mothusa motlatsa-mokanseliri wa ditiragatso tsa Khamphase ya Potchefstroom. 


Maikaelelo a Go baya ga Baithuti ka 2020 - Baithuti ba ngwaga ya ntlha mo matlobonnong a NWU

17 Lwetse 2019

Khansele ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e dumeletse mosolatogamaano o mošwa wa 2015 go 2025 ka Ngwanaitseele 2015. Mosolatogamaano o akaretsa dingwaelo, maikaelelo, ditshwetso tsa tsela ya makete, motlele wa katlego wa tsa ditšhelete wa mo teng le kwa ntle le gape maikaelelo a tekatekano. Motlele wa Katlego o akaretsa taelo:

“Tebego ya Batho (badirammogo le baithuti mo mofuteng o mongwe le o mongwe wa tiro): e tshwanetse go ela tlhoko motheo wa gore diyunibesiti tsa Aforikaborwa di tshwanetse go tshwana le baagi ka bophara, ka tlamelo ya dikgato tsa go baakanya tekatekano e e neng e se teng."

Tlamelo e e filwe taolelo ke hisetori ya rona le Molaotheo wa naga.

Maikaelelo a dipalo tsa tekatekano a dumeletswe ka khamphase mo baithuting ba kamano mo dikhamphaseng:

Mo Khamphaseng 2015 2020 2025
  MAF POTCH VAAL MAF POTCH VAAL MAF POTCH VAAL
Moaforika 96.7%  21.8% 76%    95%     30%      77.2%    93%   44%    81%
Mokhalate   0.9%   4.9% 1.4%      1% 7%     1.4%     1%     5.6%      1.4%
MoIndia 0.5%     1.5%   1.8%       0.6%        2%       1.4%     0.6% 1.4% 2%
Mosweu   1.8%  71.7%      20.6%    3.4% 61%        20%     5.4%     49%   15.6%
Se se latelang se, YBB le diyunibesiti tsotlhe tsa Aforikaborwa di ne di tshwanetse go tla ka maano, (go tsamaisana le mosolatogamaano) a maikaelelo a kwadiso ya 2020-2025. Maikaelelo a a buisanwa le Lefapha la Thuto-Godimo le Katiso (DHET) mme a nna konteraka magareng a yunibesiti le lefapha mme palo ya madi a mmuso go ya diyunibesiting a ikaegile le maikaelelo a. Khansele ya YBB e dumeletse leano le la kwadiso. Se se diragetse fela morago ga gore Khansele e tswe e kgotsofetse gore go buisanwe le batsayakarolo botlhe ba ba botlhokwa gammogo le Dithulaganyo tsa Baithuti. Go tshwanetswe gore go gatelelwe gore tlhomelo ya mosolatogamaano e  tshegediwa ke metheo ya tetlo ya go tsena ga baithuti le katlego ya bone le gape pharologano le kakaretso ya bone.

Go netefatsa mosolatogamaano le go laola leano la kwadiso, Komiti ya Bolaodi ya Yunibesiti e dumeletse maikaelelo a dipalo tsa matlobonno mme ba bopile setlhopha sa tiro ka 2018 go tlhomamisa gore go na le tlhamalalo ya ditirego gore mo bofelong re arabela maikaelelo a mosolatogamaano. Se se dirilwe ka ponelopele ya go isa pele taolo ya ditirego tsa go kopa le go letlelelwa ka 2020 mme go akareditswe le dikopo tsa matlobonno. Ditlhokego tsa go letlelelwa le tsa boleng mo magorong otlhe a rona le mo diporokerameng tsotlhe ga di fetoge gope. Matlobonno a rona mo dikhamphaseng ka boraro a tshwanetse go akaretsa maikaelelo a a ka re fang bokgoni jwa go fitlhelela maikaelelo a a beetsweng 2025, mme yunibesiti e tshwanetse go palama tsela ya go tlhomela maano le ditiro tse di tlhokegang jaanong.

Ka 2018, Lefapha la Matlobonno le palame tsela ya tirego ya go lolamisa le go tokafatsa dikopo tsa mo matlobonnong le tirego ya go baya ga baithuti. Tse dingwe tsa ditokafatso di ne di akaretsa tlhomelo ya tirego ya go dira kopo mo inthaneteng gammogo le dikgonego tsa tlhaeletsano ya tirego. Se se raya dikhamphase ka boraro mme se akaretsa ditsela tsa taolo tse di botoka tsa tirego ya go baya ga baithuti le go tlhamalatsa didipositi tsa tlhomamiso mo baithuting ba ngwaga ya ntlha (kgotsa kemo ya dikopo tsa dibasari) go tlhomamisa gore mo bofelong baithuti ba ikwadisa mo YBB.

Dikgala di le supa tse di latelang tsa tirego di boeleditswe mme di kopantshitswe:

(i)    tirego ya go kopa go ikwadisa;
(ii)    tsamaiso ya dikopo;
(iii)    go baya ga baithuti mo matlobonnong;
(iv)    go fana ka dinotlolo;
(v)    kemiso ya kopo ya diphaposi;
(vi)    lenane la maina a a emetseng kamogelo; le
(vii)    taolo ya kgwedi le kgwedi.

Maikaelelo a Tekatekano a dirisiwa a le maikaelelo a maikaelelo a minimamo a pharologano mme a dirisiwa go fitlhelela maikaelelo a tekatekano a a akaretsang gotlhe. Ntlha ya 50% ya baithuti ba bantsho (Maaforika, Makhalate le Maintia) ba ngwaga ya ntlha mo matlobonnong e a beiwa mo Khamphaseng ya Potchefstroom go tlhomamisa gore maikaelelo a tekatekano a fitlhelelwa gotlhe. Kwa Dikhamphaseng tsa Vaal ke 16% le Mahikeng 6% ya basweu. Botsamaisi gape ba tshwanetse go ela tlhoko topo ya baithuti botlhe ba bokamoso ba ba batlang go ithuta mo khamphaseng e e rileng le gape tlhokego ya gore popego ya morafe ya batho e bonagale mme go etswe tlhoko gore diyunibesiti tsa Aforikaborwa di tshwanetse go tshwana le baagi ka bophara, ka tlamelo ya dikgato tsa go baakanya tekatekano e e neng e se teng; ke ka lebaka le maikaelelo a dikhamphase a farologana. Re setse re na le tekanyetso ya palo ya mefutafuta ya baithuti mo matlobonnong a mantsi a rona mme tirego ya rona e ikaeletse go fitlhelela ntlha e kwa go ka kgonagalang teng.

Go tsaya palo ya 50/50 mo matlobonnong a mo Khamphaseng ya Potchefstroom go raya fela baithuti ba ngwaga ya ntlha fela ka 2020. Tirego ya go baya baithuti ba bagolo ke tirego e e tla tlhomelwang ka boiketlo mme ka 2020 maikaelelo a baithuti ba bagolo ba bantsho mo matlobonnong ke 30%.

Yunibesiti e tswelela go atlhola go amogela ga baithuti mo magorong le gore se se ama jang maikaelelo a matlobonno. Ngwaga e gape e bone tlhomelo ya komiti ya go baya baithuti mo matlobonnong e e tlhomaganeng ka tiro mo dikhamphaseng di le tharo.
 
Botsamaisi bo amogela tirisanommogo ya batsayakarolo botlhe ba ba botlhokwa go tlhomamisa gore re isa YBB kwa pele ka mokgwa wa boikarabelo, o o tsamaisanang le mosolatogamaano le maikaelelo a tekatekano a a dumetsweng ke Khansele ya rona.

Times Higher Education e baya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima mo maemong a botlhano mo Aforikaborwa

11 Lwetse 2019

Ke sa ntlha Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) e tsaya karolo mo tshekatshekong ya go tlhomamisa maemo e e dirilweng ke Times Higher Education (THE) ya Diyunibesiti tsa Lefatshe mme re bone maemo a botlhano mo Aforikaborwa. Ga lefatshe lotlhe re beilwe mo maemong a 501-600 mo diyunibesiting di le 1396 tse di ilweng tsa sekasekwa go beiwa maemo a 2020.

Maemo a Lefatshe a Diyunibesiti a THE ke mofuta o le nosi wa ditafole tsa tiro tsa lefatshepharephare, o o atlholang diyunibesiti tse di tsenelelang patlisiso mo ditirong tsotlhe tse di botlhokwa tsa tsone, jk. tsa go ruta, patlisiso, tshutiso ya kitso le pono ya boditšhabatšhaba. THE e dirisa ditshupo tsa tiro tse di lekantshitsweng ka kelotlhoko di le 13 go fana ka ditshwantshanyô tse di bophara tse di akaretsang gotlhe tse di lekalekanang, mme di tshepiwa ke baithuti, baakatemi le baeteledipele ba diyunibesiti, intaseteri le mebuso.

Ditshupo tsa tiro di tlhaoletswe mo ditlhopheng tse tlhano: Go ruta (tikologo ya go ruta); Patlisiso (bogolo, lotseno le tumo); Polelo ya go bonwa boleng (thotloetso ya patlisiso); Pono ya mo Boditšhabatšhabeng (badirimmogo, baithuti le patlisiso); le Lotseno mo Karolong ya Intaseteri (tshutiso ya kitso).

Karolo e e botlhokwa go feta ke karolo ya polelo ya go bonwa boleng mo re beilweng mo maemong a 375. Sesupo sa thotloetso ya patlisiso se lebelela tiro ya yunibesiti mo go phatlalatseng ga kitso le dikakanyo tse dišwa. Se atlhola thotloetso ya patlisiso ka go bala palo ya palogare e e bontshang gore ke gakae tiro ya patlisiso ya yunibesiti e e gatisitsweng e nopolwa ka barutegi mo lefatsheng lotlhe.

Dipolelo tsa go bonwa boleng di bontsha gore yunibesiti e nngwe le e nngwe e abela bokae mo kitsong ya botho botlhe.  Ka jalo ke sesupo sa gore patlisiso ya rona e a lemogiwa mme e dirisiwa ke morafe wa barutegi mo lefatsheng lotlhe.

Kitsiso e e tla fela kgwedi morago ga gore CWUR(Center for World University Rankings) e bontshe gore ke nnete gore NWU e tlhatlhogela kwa godimo mo llereng ya diyunibesiti tse di maemo tsa mo lefatsheng. NWU e bone tokafatso mo maemong a yone a CWUR maemo a a gaufi le 100 mme e sutile go tswa mo go 964 go 869, mme se se dira gore e nne mo palong ya 4,8% ya diyunibesiti tse di kwa godimo mo go di le 18 000 tse di atlhotsweng mo lefatsheng lotlhe. NWU e beilwe mo maemong a bosupa mo maemong a CWUR mo diyunibesiting tsa mo Aforikaborwa.

“Le fa maemo a se maikaelelo gore re a leleke, ntlha ya gore re tokafala mo maemong ke tlhomamiso gore re bontsha tswelelopele mo go fitlheleleng ga toro ya rona ya go nna yunibesiti e e lemogwang mo ditšhabatšhabeng mo Aforika, re tlhaotswe go dira sekolašipi se se tsayang karolo, se se arabelang ditlhokego tsa boago mme re na le mowa wa tlhokomelo" ga akgela Moporofesa Dan Kgwadi, Motlatsa-mokanseliri.

Motlatsa-mokanseliri o lebogile badirammogo botlhe ka dikabelo tsa bone tsa go tlhomamisa gore re phela mosola wa rona wa go golela pele ka go ruta le go ithuta ka poposešwa le ka patlisiso e e bogale e e tlisetsang setšhaba mosola.

 


GO TSHWARA LE GO DIRISA MOTEKWANE MO DIKHAMPHASENG TSA NWU GA GO LETLELELWE

16 Phatwe 2019
 
Yunibesiti e etse tlhoko katlholo ya Kgotlatshekelokgolo ya Molaotheo e e letlelelang tiriso le go tshwara le go lema ga motekwane ke batho ba bagolo ka sebele. Gape go etswe tlhoko gore Kgotlatshekelokgolo ya Molaotheo e file Palamente nako ya dikgwedi tse 24 go baakanya melao ya molaotheo e e dirileng gore go tshwara le go dirisa le go lema motekwane go nne tlolomolao.
 
Go sa tlhokomologwe se se mo godimo, katlholo e ganela mabaka a a latelang:
 
Go dirisa le go goga ga motekwane mo gare ga batho (mo pontsheng), mme
Go reka le go rekisa kgotsa go gwebisa ka motekwane.
 
Mo nakong ya sebakanyana (fa re santse re emetse Palamente go baakanya dikaelo tsa melao) Yunibesiti e ka rata go tlhalosa maemo a yone ka kgang e ka go tlisa ditaelo tse di latelang:
 
Ga go leloko la badirammogo lepe kgotsa moithuti ope yo a letlelelwang go goga, go aba, go reka, go rekisa kgotsa go tshwara motekwane fa a le mo mafelong a Yunibesiti kgotsa mo mafelong a a laolwang ke Yunibesiti kgotsa mo meletlong kampo ditirwaneng tsa yone tse di tshwarelwang mo lefelong le lengwe kgotsa mo maemong mo mongwe a emelang Yunibesiti kgotsa mo a ka bonwang a emetse Yunibesiti kgotsa mo a ka bonwang a le leloko la badirammogo kgotsa moithuti wa Yunibesiti;
 
Ga go letlelelwe tiriso epe ya motekwane gope gotlhelele ka mekgwa epe go itisa kgotsa ka mekgwa epe mo Yunibesiting kgotsa mo mafelong a a laolwang ke Yunibesiti;
 
Badirammogo le baithuti ba Yunibesiti ga ba letlelelwe go tshwara, go dirisa le go lema kgotsa go goga motekwane mo mafelong a Yunibesiti, mo matlobonnong a Yunibesiti kgotsa mo mafelong a a laolwang ke Yunibesiti;
 
Moithuti mongwe le mongwe yo a sa arabeleng se kgotsa a bonwa a tlodile ditaelo tse, kgotsa melawana e kgotsa melao e ya NWU o tla bonwa molato mme a ka tatofatswa mme a ka tsamaisiwa tsela ya mekgwa ya Yunibesiti ya Melawana ya Dikgato tsa kgalemo ya moithuti.
 
Leloko la Badirammogo le lengwe le le lengwe le le sa arabeleng se kgotsa le bonwa le tlodile ditaelo tse, kgotsa melawana e kgotsa melao e ya NWU le tla bonwa molato mme le ka tatofatswa mme le ka tsamaisiwa ka tsela ya Maikemisetso a Yunibesiti a Mokgwa wa go Itshwara.
 
Ke tiro ya modirammogo le moithuti mongwe le mongwe go itebagantsa le dikaelo le melawana le dikgato tsa Yunibesiti. Ka jalo, botlhokakitso le go sa arabele ga modirammogo kgotsa moithuti go itebagantsa le mabaka a a beiwang fatshe, ga go ketla go bonwa go tlisa tshwarelo ka nako ya go tlola melao le dikaelo.
 
Elmarie de Beer
Mokaedi Khuduthamaga: Ditšhelete le Dibebofatsi
 

Tlhaeletsano Go tswa Baokamedi ba NWU go ya go Baithuti ba ODL (jaaka e bonwe go tswa mo Tshwetsong ya NWU)

24 Seetebosigo 2019

Re itse ka dikgwetlho tse baithuti ba ODL ba nnileng le tsone mo Kgweditharong ya ntlha ya 2019 mme re dira ka maatla go rarabolola mathata a otlhe ka mowa wa bopotlako mme re ntse re tlhomamisa gore go se nne le moithuti ope wa ODL yo a amiwang ka mokgwa o o sa siamang.

Ka tlwaelo, maduo a gago a bofelo (Maduo a Mmojulu) a bopiwa ke Maduo a Go tsaya karolo gammogo le Maduo a Tlhatlhobo.  Ka lebaka la dikgwetlho tse di nnileng teng NWU e tsere tshwetso ya go re:

  • Maduo a Bofelo a tla nna a pampiri ya tlhatlhobo fela fa e le gore maduo a teng a kwa godimo ga 50%. 
  • Fa e le gore go na le tlhomamiso ya Maduo a Go tsaya karolo a a ka oketsang maduo a bofelo, a tla badiwa le maduo a bofelo. 
  • Fa go na le tiragalo ya gore Maduo a Go tsaya karolo a fokotsa Maduo a Bofelo, ga a tle go badiwa mmogo mme go tla dirisiwa fela Maduo a Tlhatlhobo (50%+) will be used. 

 

Tshwetso e ya NWU e raya fela ditlhatlhobo tsa Motsheganong-Seetebosigo tsa 2019. Mogala wa mahala wa sms wa 33139, kgotsa ya student@odl.mynwu.info di ka dirisiwa go tlisa dipotso tsa gago kgotsa maitemogelo a gago mo go rona.

 


Bitsang maina a bo-ntlhopheng ba dikhansele tsa baithuti tsa dikhamphase

4 Seetebosigo 2019

Kitsiso go baithuti botlhe ba dithuto tsa mo dikhamphaseng ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(NWU): Go bitsa maina le Tlhopho ya baithuti go tsena mo dikhanseleng tsa baithuti tse di farologaneng tsa Dikhamphase. (SCC - student campus councils)
Ke fela baithuti ba nako yotlhe ba ba tsenang dithuto mo dikhamphaseng ba nako yotlhe ba NWU ba ba ka bitsang maina a baithuti ba ba nonofileng go direla mo Di-SCC tse di farologanang.
Ka kopo ela tlhoko mabaka a a latelang jaaka a beilwe mo Molaong wa NWU le mo Molaotheong wa SRC (lenaneo 2, tsebe 10) ka kgang ya nonofo ya moemela ditlhopho go ka kgona go bidiwa leina:
Motho a ka bidiwa leina mme a tlhophiwa mo SCC fa e le gore ntlhopeng:

  1. o dumelwa go ka tlhopha ka nako ya ditlhopho;
  2. -ke moithuti to a kwadisitsweng go nna moithuti mo NWU le go dira porokerama e e isang kwa boruteging;
  3. o fetile 70% ya dimmojulu tse di beilweng ke kharikhulamo ya borutegi bo ntlhopheng a ikwadiseditseng yone mo semesetareng ya pele ga ditlhopho;
  4. o kwadiseditswe  60% ya dimmojulu tse di beilweng ke kharikhulamo ya borutegi e ntlhopeng a ikwadiseditseng tsone mo ngwageng ya jaanong jaana ya akatemi;
  5. ga a ka a kwadisiwa kgotsa a batla go ikwadisa nako e telele e e fetang makisimamo ya nako ya thuto e e beilweng;
  6. a diretse nako ya lebaka le le tletseng, kgotsa a direla lebaka la jaanong jaana, mo kemong ya boeteledipele mo morafeng wa baithuti ba mo yunibesiting, mme
  7. go na le nonofo ya go bidiwa leina le go tlhophiwa mo boemong jwa Modulasetulo wa SCC, ntlhopheng o tshwanetse a be a feditse lebaka le le tletseng a le leloko la SCC e e amegang.
  8. Go na le nonofo ya go bidiwa leina le go tlhophiwa mo maemong a Motlhankedi wa Baithuti ba kwa Kgakala, ntlhopeng o tshwanetse go nna teng go ka tsaya karolo mme a tsene dikopano le ditiro tsotlhe tsa SRC.

Motho o kobiwa mo go bidiweng ga leina le go tlhophiwa mo SCC fa:

  1. motho yo a ikwadiseditswe mo ngwageng ya ntlha ya porokerama ya basenadikerii;
  2. motho yo a setse a dirile mabaka a mabedi a a tletseng mo SCC;
  3. go ka na le thulano ya dikgatlhegelo fa a ka tlhophiwa;
  4. motho yo a bonwe molato go ya ka melawana ya dikgato tsa kgalemo tsa baithuti ba yunibesiti mme a fiwa le katlholo kwa ntle ga go fiwa tshono ya tuelo, kgotsa
  5. motho yo a na le rekoto ya bogodu.

Dipitso tsa maina di kopiwa mo foromong e e laelwang

Dipitso tsa maina le dikopo di batliwa mo foromong e e laelwang (Setswana, Sesotho) mme e tshwanetse go abelwa bogolo ka imeile pele kgotsa ka letlha la go tswala kwa diofising tse di farologaneng tsa Mokaedi wa Khamphase wa Maphelo a Baithuti:

Ela tlhoko gore diforomo tsa pitso ya maina le dikopo tse di tladitsweng di ka abelwa gape le ka dikhopi tse di gatisitsweng kwa diofising tsa bakaedi ba ba farologaneng.

  • Khamphase ya Mahikeng: Mna Jim Molautsi, Kago 1A, Ofisi ya 205
  • Khamphase ya Potchefstroom: Ng Corrie Rheeder Kago F1, Ofisi ya 135
  • Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa: Mna Jacob Simango. Kago 25, Ofisi ya G27

 

Laisolola dithulaganyo tsa go bitsa maina le tsa go tlhopha tsa dikhamphase ka boraro.

 


Water supply restored

 

 

18 May 2019

Please note that the municipal water supply is now restored.

Disruption in water supply: Status and measures

17 May 2019

The following measures will be introduced during the day/next days – please refer to this drawing to view the different areas:

AREA 1: We are disappointed with water saving in this area. Since 17:30 yesterday evening until 4:00 this morning, approximately 600 000 litres of water was consumed here. The Measures are as follows:

  • Temporary toilets will be provided in the proximity of Building F5 and the cafeteria (Lover’s Lane).
  • Water containers will be provided at buildings F5, E8, G20 and G1 to manually service the toilets on the ground floors of these buildings.

AREA 2: Temporary water containers will be placed at buildings to service the main toilets on the ground floors.

AREA 3: Temporary water containers will be placed at buildings to service the main toilets on the ground floors.  Residence Department to service toilets at Klawerhof and Oosterhof.

AREA 4: Current measures will remain in place.  (Temporary water will be supplied to the toilets of Buildings F20, and F21 - not suitable for drinking.) Users in this area are commended for using water sparingly.

AREA 5: The reservoir is now depleted; staff will be required to make use of toilet facilities in Building C1.

AREA 6: Current measures will remain in place. (Temporary water containers will be placed and serviced at residences - water not suitable for drinking.)

AREA 7: Current measures will remain in place. (Temporary water containers will be placed and serviced at residences - water not suitable for drinking.)

AREA 8: Current measures will remain in place. (Toilets in Building C1 will be operational - water not suitable for drinking.) Users in this area are commended for using water sparingly. 

AREA 9: The emergency water storage is now depleted.  Water containers will be placed at Minjonet to service toilets on the ground floor.  Toilets to be serviced by Residence department cleaning staff.  Water not suitable for drinking.

AREA 10: Current measures will remain in place (the toilets in Buildings C5, C6 and C2 will be operational - not suitable for drinking.) Residences in this area will be serviced by Residence Department staff.

AREA 11: Water containers will be placed on the ground floor of the building.  Toilets to be serviced by Residence Department cleaning contractors.

AREA 12: Current measures will remain in place. (The toilets in Building B14A will be operational - not suitable for drinking.) Staff in this area are commended for using water sparingly. 

AREA 13, 14, 15 AND 16: Current measures will remain in place:

  • (Area 13: Kom-en-Gaan - water not suitable for drinking or shower/bath.)
  • (Area 14 and 15: Temporary water containers will be placed and serviced at residences - water not suitable for drinking.)
  • (Area 16: VMN & WNB - water not suitable for drinking or shower/bath.)
AREA 17:
Current measures will remain in place. (Temporary water will be supplied to toilets at least one central building within this area - not suitable for drinking or shower/bath)
Staff in this area are commended for using water sparingly. 

 

General remarks

  1. There is currently no specific indication when the municipal water supply to the town will be restored.
  2. Although we retain a significant capacity of irrigation water on the campus, there are currently no plans to connect this system to the freshwater system due to possible health risks in this regard.
  3. The excessive after-hours water consumption (approximately 600 000 litres in Area 1) is alarming and will be investigated to limit emergency water supply after hours.

 


Water supply not yet restored 

17 May 2019

Due to the fact that the upgrading done by the municipality has not been finished yet, the interruption in the water supply will continue until further notice. You are urgently requested to use water extremely sparingly. The main part of the campus might be affected the most since water usage was higher than it should have been. All possible arrangements are being made to ensure that taps do not run dry. Please make sure that all taps are closed to avoid flooding when the water supply is restored. You will be informed of any new developments.

For any enquiries please contact:

Administrative and academic buildings:

  • Mark Greeff x99 2217
  • Marco van Rooyen x99 2736

Residences and kitchens:

  • Greg Roberts x99 1115
  • Martin Oosthuizen x99 2217
  • Wilma Lotriet x99 1128

 


Interruption in municipal water supply

16 May 2019

On Thursday 16 May 2019 there will be an interruption in municipal water supply from 08:00 until midnight, affecting all properties on the west side of the Mooi River.

This means that the campus will also be affected. Rest assured that we have put certain measures in place. Kindly refer to this drawing which indicate the measures that will be introduced on various areas of the campus:

Area 1 - The construction of a large reservoir servicing the central campus (marked as Section 1 on the drawing) has recently been completed. This will enable academic and other functions in this area to function without interruption. Students and staff are however requested to limit water use as far as possible. All toilet facilities located in this area will be available to students and staff working or residing in other areas.

Limited water storage capacity are available at the following buildings, enabling users to use toilet facilities and wash hand basins as usual:

- Area 2: Engineering Complex to the north of the railway line
- Area 5: Senrio Building
- Area 9: Minjonet Residence (water not suitable for drinking or shower/bath)
- Area 13: Kom-en-Gaan Residence (water not suitable for drinking or shower/bath)
- Area 16: VMN & WNB Residences (water not suitable for drinking or shower/bath)


The construction of a second reservoir that will service the southern side of the main campus is currently in progress. The following interim measures will be introduced to ensure that toilet facilities will be available within the following areas:

- Area 3: Student residents of Klawerhof to make use of toilets in adjacent Oosterhof
- Area 8: Toilets in Building C1 will be operational (water not suitable for drinking)
- Area 10: Toilets in Buildings C5, C6 and C2 will be operational (not suitable for drinking)
- Area 11: Student residents in Building C8 to make use of toilets in adjacent Residence C2 (not suitable for drinking or shower/bath)
- Area 12: Toilets in Building B14A will be operational (not suitable for drinking)


A large number of municipal water connections currently exist for buildings located in other areas of the campus, as well as off-campus academic and residence facilities:

- Area 4: Temporary water will be supplied to toilets of Buildings F20, and F21 (not suitable for drinking)
- Area 17: Temporary water will be supplied to toilets at at least one central building within this area (not suitable for drinking or shower/bath)
- Areas 6, 7, 14, 15: Temporary water containers will be placed and serviced at residences (water not suitable for drinking)


VERY IMPORTANT:

1) Please make sure that all taps are closed to avoid flooding when the water supply is restored.
2) Even though we have made provision for temporary water, we kindly request everyone to please use water sparingly. Once the temporary "bladders" that will be placed out are empty, there will be no way to refill them.

 

For any enquiries please contact:

Administrative and academic buildings:

  • Mark Greeff x99 2217
  • Marco van Rooyen x99 2736

Residences and kitchens:

  • Greg Roberts x99 1115
  • Martin Oosthuizen x99 2217
  • Wilma Lotriet x99 1128
 

NSFAS

A o na le mathata a  go ntshwafatsa tshedimosetso ya gago ya gore ba ikgolaganye le wena mo lefelong la wepe la myNSFAS?

Lebelela bidio e gore o itemogele mokgwa wa go ka ntshwafatsa tshedimosetso ya gago kwa #nsfasSquad

 

Mokgwa wa go itirela tshupatlotlo ya NSFAS

Kitsiso e e botlhokwa ya baithuti ba NSFAS e ba amogetseng

7 Mopitlwe

 Baithuti botlhe bao NSFAS e ba amogetseng ba setse ba amogetse tuelo ya bone ya pele ya R5 000 ya dibuka le R275 ya ditshenyegelo tsa bonno. Ka di 1 le di 2 tsa Mopitlwe go ne ga dirwa tuelo e nngwe gape ya R 1 000 ya go duelela ditshenyegelo tsa dijo le mosepele.

 Go romela ga ditumalano tsa khiro go tswaletswe mo dikhamphaseng tsotlhe mme jaanong re mo nakong ya go tlhaola baithuti ba ba tshwanelegelang go newa madi a ditshenyegelo tsa dijo le ba ba tshwanelegelang go newa a mosepele. Re tshwaragane le go baakanyetsa ka dituelo tsa nako e e setseng ya Tlhakole le Mopitlwe. Madi ao ke R1 605 ya ditshenyegelo tsa dijo tsa baithuti botlhe ba ba nnang mo dikagong tsa bonno le baithuti ba ba nnang kwa marobalong a poraefe. Baithuti ba ba tshwanelegelang ditshenyegelo tsa mosepele ba tla newa R725. Dituelo tseno di tla dirwa ka bonako jo go kgonegang ka jone.

Baithuti ba NSFAS ba ba letetseng ditlamorago tsa boikuelo jo bo dirilweng, ba sa ntse ba tla letlwa go romela ditumalano tsa khiro mme dituelo tsa go ba busetsa ditshenyegelo tsa bone di tla dirwa go ya ka fa go tshwanetseng ka gone. 

Madi a baithuti ba ba ikwadiseditseng ngwaga wa ntlha le Katiso, a dikgogo tsa madi a dijo, le a baithuti ba ba kwa pele ka dithuto tsa bone, ba madi a bone a fetileng madi a NSFAS e tlamelang ka one a tla siamisiwa mo dikgweding tse di setseng tsa Mopitlwe go fitlha ka Ngwanaitsele.

Kemo ya madi a itshetso a NSFAS

7 Thlakole 2019

Madi a itshetso a baithuti ba ba 12 548 ba ba kwadisitsweng ke NSFAS e setse e rometswe kwa Fundi go ka duelwa mme dituelo tsa ba le 9 385 di setse di duetswe kwa ditshupatlotlong tsa dibanka tsa baithuti, mme se ke palo ya tuelo e e setseng e dirilwe go ya baithuting ba ba kwadisitsweng ke NSFAS mme se ke dituelo tsa 75% Le fa go le jalo palo e e fetang baithuti ba le 3 000 ga ba ise ba gorose dinomoro le tshedimosetso ya bone ya dibanka.

Madi a itshetso ya palo ya 3 617 ya baithuti ba ba kwadisitsweng ke NSFAS e tla fetisiwa mme e duelwe gompieno kwa Fundi gore ba a duele.

Baithuti botlhe ba ba seng ba gorose dinomoro le tshedimosetso ya bone ya dibanka le lefelong la Fundi la wepe ba kopiwa ka potlako go letla gore tiro e fedisiwe.

Baithuti ba ba tlhokang thuso ba tshwanetse go ya kwa Diofising tsa Ditshupatlotlo tsa Baithuti le tsa Dibasari mo khamphaseng ya bone.

 

NSFAS e feditse tlhatlhobo ya dikopo tse di gannweng mme e ipaakanyetsa diikuelo

23 Firikgong 2019

NSFAS(National Student Financial Aid Scheme)e feditse ditlhatlhobo tsotlhe tsa dikopo tsa baithuti ba ba tsenang sa ntlha ka 2019. Mo dikopong di le 417 000 tse di amogetsweng, palo e e fetang 300 000 ya baithuti ba boleletswe gore ba amogetswe mme go emetswe fela kwadiso kwa ditheong tsa thuto tsa dithuto tse di dumelwang kemonokeng ya NSFAS. Buisa go feta.


NSFAS

18 Firikgong 2019

Tshedimosetso e e botlhokwa go baithuti ba NSFAS! Ka kopo, laisolola mme buisa tokomane e e maleba mo go wena:


Mokopi yo o rategang

8 Firikgong 2019

Ela tlhoko ka bopelontle gore Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e ka se tlhole e amogela bakopi ba bašwa ba ngwaga ya thuto ya 2019. Yunibesiti jaanong jaana e atlhola dikopo tse di amogetsweng mo teng ga nako e e neng e beetswe dikopo tsa 2019 ka ngwaga ya 2018. Bakopi ba dikopo tsa bone di dumeletsweng tsa ngwaga ya dithuto ya 2019 ba itsisitswe. Yunibesiti e na le tshwanelo le boikarabelo go baithuti ba ba kopileng mo teng ga nako e e neng e beetswe dikopo mme ba arabetse ditlhokego tsa akatemi tsa dikarolo tsa thuto tsa bone.

Mo tlase mo go na le dintlha tsa kamano tsa khamphase e nngwe le e nngwe. Ka kopo, na le kgololesego ya go ikgolaganya le Yunibesiti morago ga Labotlhano, ka la 25 Ferikgong 2019 go tlhomamisa gore ga go a bulega phatlha mo khamphaseng, legorong le sekolo tse di maleba mo wena o ka ratang go kopa kwadiso.

Re solofela gore o ka amogela pono e ya Yunibesiti ka ga kgang e.

Dintlha tsa go ka Ikgolaganya:

1. Khamphase ya Mahikeng

(018) 389 2821

2. Khamphase ya Potchefstroom

(018) 299 4055

3. Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

(016) 910 3154

 


Kanego ya Tona ya Thutogodimo le Katiso

8 Firikgong 2019

Kanego ya Tona ya Thutogodimo le Katiso ka ga kopo go phimola madi a kwadiso, le go rotloetsa go tsena fela go ikwadisa kwa diyunibesiting le go emisa thulaganyo ya diyunibesiti.  Buisa go feta ....


Akhaefe ya Dikitsiso

Akhaefe ya Dikitsiso 2018

Akhaefe ya Dikitsiso 2016/2017