a ngoka baithuti mogopolo

MAETOTHUTO MO MAFARATLHATLHENG

Tlwaelesego e ntšhwa ka nako ya leroborobo la Covid-19 e dirile gore dilo di dirwe ka mokgwa o sele.

Mop Neal Petersen le Mop Josef de Beer mo “phaposing e tala” ya setudio, ba bua ka tlhamalalo le baithuti ka nako ya maetothuto mo mafaratlhatlheng.

 

Tobetsa fano go buisa athikele eno yotlhe.

Tobetsa mo dikhutlong tse di mo tlase go buisa go feta ka ditirwana tsa Legoro

Mo maetong a ntlha a a dirwang gotlhelele ka mafaratlhatlha, baithuti ba le 2 500 ba ngwaga wa ntlha ba BEd ba Legoro la Thuto ba nnile le tšhono ya go dirisana mmogo le go tlhabolola dikgono tsa bone tsa tiro go ya pele gore ba nne batlhatlheledi ba ba mosola ka go tsaya karolo mo go lengwe la maetothuto a le 13 a a direlwang mo mafaratlhatlheng, ao lengwe le lengwe la one le tsayang malatsi a le mabedi.

 

Legoro la Disaense tsa Pholo le Legoro la tsa Molao le one a ne a simolola porojeke ya one ya tekeletso mo ngwageng ono, e mo go yone baithuti ba ngwaga wa ntlha ba le 300 go tswa mo go lengwe le lengwe la magoro ano ba neng ba tsaya karolo mo maetothutong a a direlwang mo mafaratlhatlheng.

 

Maetothuto mo mafaratlhatlheng a ne a dirwa go simolola ka di 16 Phatwe go fitlha ka di 28 Lwetse mme, go ya ka mongwe wa barulaganyi ba one, Mop Josef de Beer, a neng a atlegile fela thata.

 

“Ke dumela gore re atlegile fela thata mo go direng thulaganyo ya go ithuta ka go ikaela ka go dirisa mokgwa wa go ithuta mo mafaratlhatlheng le melaometheo ya tirisanommogo le ya go ithuta ka go rarabolola mathata,” go bolela jalo Josef, e leng moporofesa wa patlisiso mo Yuniting ya patlisiso ya Lefelo la Go Ithuta ka go Ikaela (Self-Directed Learning [SDL]) mo Legorong la Thuto.

Leba fela mokgwa o o sa tlwaelegang o YBB e o dirisang malebana le maetothuto a yone a a tumileng. Go tlhomamisa gore baithuti ga ba foswe ke sepe sa dilo tseno ka ntlha ya dithibelo tsa Covid-19, yunibesiti e tseisa baithuti maeto mo mafaratlhatlheng.